bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 4
Exodus 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 5 →
1
Moše a fetola a re: “Bona, ga ba ketla ba ntumela le fa e le go reetsa lentswe la me; gonne ba tlaa re: ‘Jehofa ga a a go bonalela.’ ”
2
Jehofa a mo raya a re: “Ke eng se se mo seatleng sa gago?” A re: “Ke thobane.”
3
Mme a re: “E latlhele fa fatshe.” A e latlhela fa fatshe, ya fetoga noga; Moše a e tshaba.
4
Jehofa a raya Moše a re: “Ntsha letsogo la gago o e tshware ka mogatla.” A ntsha letsogo a e tshwara, mme ya fetoga thobane mo seatleng sa gagwe.
5
“Gore ba dumele fa Jehofa, Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o go bonaletse.”
6
Gape Jehofa a fela a mo raya a re: “Tsenya seatla sa gago mo sehubeng sa gago.” A tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe; a re a se ntsha, bonang seatla sa gagwe sa bo se le lepero, se le sesweu jaaka kapoko.
7
A re: “Tsenya seatla sa gago gape mo sehubeng sa gago.” Mme a tsenya seatla sa gagwe mo sehubeng sa gagwe gape; a re a se ntsha sa bo se fetogile gape, se ntse jaaka nama ya gagwe e nngwe.
8
“E tlaa re fa ba sa go dumele le fa e le go reetsa lentswe la sesupo sa ntlha, ba tlaa dumela lentswe la sesupo sa morago.
9
Fa ba sa dumele le fa e le ditshupo tse pedi, le fa e le go reetsa lentswe la gago, o tlaa tsaya metsi a noka, o a thele mo mmung o o omeletseng; metsi a o a tsayang mo nokeng a tlaa fetoga madi mo mmung o o omeletseng.”
10
Moše a raya Jehofa a re: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle, le fa e le gale, le fa e le o sena go bua le motlhanka wa gago, gonne ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.”
11
Jehofa a mo raya a re: “E mang yo o dirileng molomo wa motho? Kgotsa e mang yo o dirang motho gore a nne semumu, gongwe a nne susu, gongwe a nne yo o bonang, kgotsa a nne sefofu? A ga se nna Jehofa?
12
Jaanong ka re tsamaya, ke tlaa nna le molomo wa gago ke go ruta se o tlaa se buang.”
13
Mme a re: “Ao, Jehofa, a ko o rome ka yo o ka mo romang.”
14
Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Moše, foo a re: “A mogoloo Arone, Molefi, a ga a gone? Ke a itse fa ene a ka bua sentle. Le gone, bona, o e tla, o tla go go kgatlhantsha, o tlaa re a go bona a itumele mo pelong ya gagwe.
15
O tlaa bua nae, o tsenya one mafoko mo molomong wa gagwe; ke tlaa nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta se lo tlaa se dirang.
16
Ene o tlaa nna mmueledi wa gago mo bathong: go tlaa diragala gore ene a nne molomo wa gago, wena o nne jaaka Modimo mo go ene.
17
Thobane e, e o tlaa dirang ditshupo ka yone, o e tshole ka seatla sa gago.”
18
Moše a tsamaya a boela kwa go Jethero mogwagadie, a mo raya a re: “A ko o mme ke tsamaye ke boele kwa go bagaetsho ba ba kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba tshedile.” Jethero a raya Moše a re: “Tsamaya ka kagiso.”
19
Moše a re a le mo Midiane Modimo wa mo raya wa re: “Tsamaya o boele kwa Egepeto; gonne banna botlhe ba ba neng ba ba batla go go bolaya ba sule.”
20
Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa mo eseleng, a boela kwa lefatsheng la Egepeto; Moše a tshola thobane ya Modimo mo seatleng sa gagwe.
21
Jehofa a raya Moše a re: “E tlaa re o boela kwa Egepeto, o bone gore o dire fa pele ga Faro dikgakgamatso tse ke di go tsentseng mo seatleng; ke tlaa thatafatsa pelo ya gagwe, ga a ketla a leseletsa batho ba tsamaya.
22
Mme o reye Faro o re: Jehofa o bua jaana a re: ‘Iseraele ke morwaake, ngwana wa ntlha wa me.
23
Ke go reile ka re: Mma morwaake a tsamaye, gore a ye go ntirela; mme o ganne go mo lesa: bona, ke tlaa bolaya morwao, ngwana wa ntlha wa gago.’ ”
24
Ga diragala ya re mo tseleng kwa go lalwang gone, Jehofa a mo kgatlhantsha, mme a batla go mmolaya.
25
Foo Sipora a tsaya lekgethu, a rupisa morwawe, a go latlhela fa dinaong tsa gagwe; a re: “Ruri o monna wa madi mo go nna.”
26
Jalo Jehofa a mo lesa. Foo mosadi a re: “O monna wa madi,” ka thupiso.
27
Jehofa a raya Arone a re: “Ya kwa nageng, o ye go kgatlhantsha Moše.” Jalo a ya a kopanela nae mo thabeng ya Modimo, mme a mo atla.
28
Moše a bolelela Arone mafoko otlhe a Jehofa o a mo romileng, le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng.
29
Moše le Arone ba ya ba phutha bagolwane botlhe ba bana ba Iseraele.
30
Mme Arone a bua mafoko otlhe a Jehofa o a buileng le Moše, a ba a dira ditshupo mo ponong ya batho.
31
Batho ba dumela; e rile ba utlwa fa Jehofa a lekotse bana ba Iseraele, a bile a bonye patikego ya bone, foo ba ikoba ditlhogo, ba obama.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40