bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Exodus 5
Exodus 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 6 →
1
Morago ga mo Moše le Arone ba tla ba raya Faro ba re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana wa re: ‘Lesa batho ba me ba tsamaye ba ye go ntirela modiro kwa nageng.’ ”
2
Faro a re: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe ka lesa Baiseraele ba tsamaya? Ga ke itse Jehofa, gape ga nketla ke lesa Baiseraele ba tsamaya.”
3
Ba re: “Modimo wa Bahebere o kopanye le rona; re a go rapela, a ko o mme re ye loeto lwa malatsi a le mararo kwa nageng, re ye go isetsa Jehofa Modimo wa rona tlhabelo, e se re gongwe a re wela ka kgogodi le fa e le ka tšhaka.”
4
Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Ana lona Moše le Arone lo repisetsang batho mo ditirong tsa bone? Tlogang lo ye kwa merwalong ya lona.”
5
Faro a re: “Bonang, jaanong batho ba lefatshe ba bantsi, mme lona lo ba diela merwalo ya bone.”
6
Faro a laola bagobagobetsi ba batho ka tsatsi leo, le maotlana a bone a re:
7
“Lo se ka lwa tlhola lo naya batho lotlhaka jaaka gale go dira setene; a ba ye go ipatlela lotlhaka.
8
Palo ya setene e ba ntseng ba e dira gale lo tlaa nna lo e lopa mo go bone fela; lo se ka lwa e ngotla gope; gonne ba bodufetse; ke gone ba goang ba re: ‘Re lese re ye go isetsa Modimo wa rona tlhabelo.’
9
A tiro e ketefalediwe banna bao gore ba dire mo go yone, mme ba se tlhokomele mafoko a maaka.”
10
Bagobagobetsi ba batho ba tswa le maotlana a bone, mme ba bua le batho ba re: “Faro o bua jaana a re: ‘Ga nketla ke lo naya lotlhaka.
11
A go tsamayeng lona lo ye go tsaya lotlhaka kwa lo ka lo bonang gone; fela tiro ya lona ga e ketla e fokodiwa gope.’ ”
12
Jalo batho ba phatlalala le lefatshe lotlhe la Egepeto ba kokoanya dirite mo boemong jwa lotlhaka.
13
Bagobagobetsi ba bo ba ba potlakisa ba re: “Dirang ditiro tsa lona tse di tletseng, e bong tsa selekanyo sa letsatsi le letsatsi jaaka gale lotlhaka lo sa ntse lo le gone.”
14
Maotlana a bana ba Iseraele a bagobagobetsi ba ga Faro ba a tlhomileng mo go bone a bediwa, a rewa ga twe: “Ana go ntse jang ka lo sa dira tiro e e tletseng maabane le gompieno, ka go dira setene jaaka gale?”
15
Foo maotlana a bana ba Iseraele a tla ka selelo kwa go Faro a re: “O direlelang batlhanka ba gago jalo?
16
Ga go na lotlhaka lo lo newang batlhanka ba gago, mme ba re raya ba re: ‘Dirang setene;’ mme batlhanka ba gago re a bediwa le fa ntswa molato one o le mo bathong ba gago.”
17
Mme ene a re: “Lo bobodu, lo bobodu! Ke gone ka mo lo reng: ‘Re lese re ye go isetsa Jehofa tlhabelo.’
18
Ke gone yang, lo dire jaanong jaana; gonne ga lo ketla lo newa lotlhaka lope, le fa go ntse jalo, palo ya setene lo tlaa e ntsha fela.”
19
Maotlana a bana ba Iseraele a ne a bona fa go le bosula mo go bone, ka go tulwe: “Lo se ka lwa fokotsa sepe mo seteneng mo tirong ya letsatsi le letsatsi.”
20
A kopana le Moše le Arone ba eme fa tseleng, a tswa kwa go Faro:
21
A ba raya a re: “A Jehofa a lo lebe, a atlhole, ka gobo lo dirile gore lonko lwa rona lo nkge sebodu mo matlhong a ga Faro le mo matlhong a batlhanka ba gagwe, go tla lo ba tsenya tšhaka mo seatleng go re bolaya.”
22
Moše a boela kwa go Jehofa a re: “Morena, o direletseng batho ba bosula? O no o nthomelang?
23
Gonne e sa le jaaka ke tla mo go Faro go bua ka leina la gago, o ntse a direla batho ba bosula fela; le gone ga o a golola batho ba gago gope.”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40