bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Isaiah 24
Isaiah 24
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 25 →
1
Bonang, Jehofa o dira lefatshe gore le nne lolea fela, o a le swafatsa, o a le ribegetsa, mme o falatsa banni ba lone.
2
E tlaa nna go re jaaka go ntse le batho go nne jalo le moperesiti; jaaka go ntse le motlhanka, go nne jalo le mong wa gagwe; jaaka go ntse le lelata, go nne jalo le mohumagadi wa lone; jaaka go ntse le moreki, go nne jalo le morekisi; jaaka go ntse le moadingwi, go nne jalo le moadimi; jaaka go ntse le motsaya koketso ya madi, go nne jalo le montsha koketso.
3
Lefatshe le tlaa leafalela ruri, le tlaa thopelelwa ruri; gonne Jehofa o buile lefoko le.
4
Lefatshe le a hutsafala le a ngoselela; lefatshe le a topetega le a ngoselela; batho ba ba ipegileng ba lefatshe ba a topetega.
5
Lefatshe le bile le tsenye leswe tlase ga banni ba lone; ka ba tlodile melao, ba fetotse ditao, ba robile kgolagano ya bosakhutleng.
6
Ke gone ka moo phutso e supuditseng lefatshe, le ba ba agileng mo go yone ba bonywe molato; ke gone ka moo banni ba lefatshe ba fisitsweng, mme ba setse ba le banye.
7
Bojalwa jo boša jwa mofine bo a hutsafala, mofine o a swaba, botlhe ba ba pelo di tamutamu ba a fegelwa.
8
Letleputlepu la meropana le a khutla, modumo wa ba ba ipelang o a fela, boitumelo jwa harepe bo a khutla.
9
Ga ba ketla ba nwa bojalwa jwa mofine ka kopelo; senoo se se bogale se tlaa nna bokgengwe mo go ba ba se nwang.
10
Motse o o mapetepete o thubagantswe; ntlo nngawe le nngwe e paketswe, gore motho ope a se ka a tsena.
11
Go selelo mo mebileng ka ntlha ya bojalwa jwa mofine; boitumelo jotlhe bo fifetse, letleputlepu la lefatshe le ile.
12
Mo motseng go setse tshwafalo fela; kgoro e itaakilwe ka tshenyo.
13
Gonne go tlaa nna jalo mo gare ga lefatshe mo ditšhabeng, jaaka go udubadiwa ga motlhware, jaaka mabudutso a mafine fa phulo e sweditswe.
14
Bao ba tlaa tsholetsa lentswe la bone, ba tlaa goa; ba tlaa goa ka thata, ba goela borena jwa ga Jehofa ba le kwa lewatleng.
15
Ke gone ka moo, lo galaletseng Jehofa ntlheng ya botlhabatsatsi, e bong leina la ga Jehofa Modimo wa Iseraele, mo ditlhakeng tsa lewatle.
16
Re utlwile dikopelo di tswa bokhutlong jwa lefatshe, tsa re: “Kgalalelo e nne go basiami.” Mme nna ke rile: “Ke jega pelo, ke jega pelo, ija nna we! Baoki ba dira ka mooko; ee, baoki ba dirile ka mooko o mogolo.”
17
Poifo e mo go wena, le gopo, le mutlwane, wena monni wa lefatshe.
18
Go tlaa dirala go re, yo o tlaa tshabang mosito wa poifo o tlaa wela mo gopong; mme yo o tlhatlogang mo teng ga gopo o tlaa tshwarwa ke mutlwane; gonne dithoba tsa legodimo di bulegile, le metheo ya lefatshe e a reketla.
19
Lefatshe le thubagantswe ruri, lefatshe le tlhapologile mo gogolo, lefatshe le tshikinyegile mo go feteletseng.
20
Lefatshe le tlaa theekela jaaka motho yo o tagilweng, mme le tlaa ibilega jaaka mogope; tlolo ya lone e tlaa nna boima mo go lone, mme le tlaa wa, le se ke le ba le tsoga.
21
Go tlaa dirala mo letsatsing leo go re, Jehofa o tlaa betsa lesomo la ba ba ipegileng kwa godimo, le dikgosi tsa lefatshe mo lefatsheng.
22
Ba tlaa phuthelwa mmogo jaaka bagolegwi ba tle ba phuthelwe mo moleteng wa kgolegelo; ba tlaa tswalelwa mo ntlong ya kgolegelo, morago ga malatsi a le mantsi ba tlaa bediwa.
23
Foo kgwedi e tlaa sosobaganngwa, le letsatsi le tlaa tlhajwa ke ditlhong; gonne Jehofa wa masomosomo o tlaa busa mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema, le fa pele ga bagolwane ba gagwe ka kgalalelo.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
53
54
55
56
57
58
59
60
61
62
63
64
65
66