bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Isaiah 54
Isaiah 54
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 53
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 55 →
1
“Opela wena moopa, wena yo o iseng o bone ngwana; ponyega ka sefela, o goe thata, wena yo o iseng o nne mo pelegong; gonne go bantsi bana ba yo o lore, go feta ba mosadi yo o nyetsweng;” go bua Jehofa.
2
“Katolosa bonno jwa mogope wa gago; a ba ngamole meraro ya manno a gago; se rekegele; lelefatsa megala ya gago, o thatafatse dimapo tsa gago.
3
Gonne o tlaa anamelela ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, le ka fa go la molema; mme losika lwa gago lo tlaa rua merafe; lo tlaa agisa batho mo metseng e e ropafetseng.
4
O se ka wa boifa; gonne ga o ketla o tlhajwa ke ditlhong; le gone o se ka wa sosobagana, gonne ga o ketla o tlhabisiwa ditlhong; gonne o tlaa lebala ditlhong tsa borweetsana jwa gago, le go kgojwa ga botlholagadi jwa gago ga o ketla o tlhola o go gakologelwa gope.
5
Gonne Modiri wa gago ke ene monna wa gago; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe; le Moitshepi wa Iseraele ke ene Morekolodi wa gago; o tlaa bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe.
6
Gonne Jehofa o go biditse jaaka mosadi yo o tlhadilweng a tlhokofetse mo moweng, e bong mosadi wa moroba fa a latlhilwe,” go bua Modimo wa gago.
7
“Ke go tlhadile ka lobakanyana fela; mme ke tlaa go phutha ka mautlwelobotlhoko a magolo.
8
Ka go subela sefatlhogo sa me ka lobakanyana fela, ka kgalefo e e belologang; mme ke tlaa go utlwela botlhoko ka pelonomi e e sa khutleng,” go bua Jehofa Morekolodi wa gago.
9
“Gonne selo se, se ntse jaaka metsi a ga Noa mo go nna; gonne jaaka ke ikanne fa metsi a ga Noa a se ketla a tlhola a hupetsa lefatshe, ke ikanne jalo fa ke se ketla ke go galefela le fa e le go go kgalemela.
10
Gonne dithaba di ka tloga le makhubu a katosiwa; mme pelonomi ya me ga e ketla e tloga mo go wena, le fa e le kgolagano ya me ya kagiso go katoga mo go wena,” go bua Jehofa yo o go utlwelang botlhoko.
11
“Ao! Wena mmogisiwa yo o petupetugisiwang ke matsubutsubu a phefo, mme o sa gomodiwe; bona ke tlaa rulaganya maje a gago ka mebala e mentle, ke tlaa thaya metheo ya gago ka maje a sedumedi, (safire.)
12
Ke tlaa dira mejakwana ya diiponi ka majana a mahibitswana, (rube,) le mejako ya gago ya majana a mahibidu, (karebunekele,) le molelwane otlhe wa gago ka maje a mantle.
13
Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.
14
O tlaa tlhomamisiwa mo tshiamong; o tlaa nna kgakala le patiko, gonne ga o ketla o boifa; o tlaa nna kgakala le therego, gonne ga e ketla e go atamela.
15
Bona, ba ka phuthega, mme e seng ka nna; le fa e le bomang ba ba tlaa go phuthegelang ba tlaa wa ka ntlha ya gago.
16
Bona, ke nna ke tlhodileng mothudi, yo o ubelang molelo wa magala, a ntshe sebolao ka fa tirong ya sone; ke bile ke tlhodile mokgakgabatsi go tla a senya.
17
Ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga gago se se tlaa segofalang; le loleme longwe le longwe lo lo tlaa go tsogelang mo tshekong, o tlaa lo sekisa. Selo se, ke boswa jwa batlhanka ba Jehofa, le tshiamo ya bone e e tswang mo go nna.” Go bua Jehofa.
← Chapter 53
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 55 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
53
54
55
56
57
58
59
60
61
62
63
64
65
66