bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Isaiah 30
Isaiah 30
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 31 →
1
“Ija! A bo go latlhega bana ba ba dirukhutlhi,” go bua Jehofa, “ba ba lopang kgakololo, mme e seng mo go nna; ba bipa ka sebipo, mme e seng ga mowa wa me, gore ba oketse boleo ka boleo.
2
Ba ba dirang mosepele ba re ba ya Egepeto, mme ba se ke ba botsa molomo wa me; ba ya go ithatafatsa mo thateng ya ga Faro, le go ikanya mo moriting wa Egepeto.
3
Ke gone ka moo thata ya ga Faro e tlaa nnang ditlhong tsa lona, le go ikanya ga lone mo tshuting ya Egepeto go tlaa lo tlhakanya tlhogo.
4
Gonne dikgosana tsa gagwe di kwa Soane, le barongwa ba gagwe ba fitlhile kwa Hanese.
5
Botlhe ba tlaa tlhabisiwa ditlhong ke batho ba ba sa kakeng ba ba direla molemo, ba ba se nang thuso, le fa e le molemo, fa e se ditlhong fela le yone kgobo.”
6
Ponelopele kaga dibatana tsa kwa ntlheng ya Borwa. Ba tla ba raletse lefatshe la tlalelo, le botlhoko jo bo molelo, kwa tau e namagadi le tau e tona di tswang gone, le šaušawane, le kgwanyape e e fofong, ba tla ba tshotse dikhumo tsa bone ba di belesitse mo magetleng a dieselana, le mahumo a bone mo diroteng tsa dikamela, ba di isa kwa tšhabeng e e se ketlang e dirana le molemo mo go bone ka sepe.
7
Gonne Egepeto o thusetsa lefela, le ka mo go se nang tiro; ke gone ka moo ke mmiditseng Rahabe yo o ntseng fela.
8
Jaana ya o se kwale fa pele ga bone mo sekwalelong, o se kwale ka go se nyenyeka mo lokwalong, gore e tle e nne selo sa motlha o o tlang, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
9
Gonne ke tšhaba e e tsuololang, bana ba ba akang, bana ba ba ganang go utlwa molao wa ga Jehofa;
10
ba ba rayang baboni, ba re: “Se boneng!” Le baperofeti, ba re: “Se re boleleleng dilo tse di siameng, buang le rona ka dilo tse di borethe, lo re bolelele ditsietso!” Ba re:
11
“Tlogang mo tseleng lo fapoge, khutlisang Moitshepi wa Iseraele fa pele ga rona.”
12
Ke gone ka moo go buang Moitshepi wa Iseraele jaana, a re: “E re ka lo nyatsa lefoko le, lo ikanya patiko le tshokamo, lo itlhabetsa ka tsone,
13
ke gone boikepo jo bo tlaa nnang mo go lona jaaka thubego e e gaufi le go wa, e e fapogang mo lorakong lo lo godileng, lo thubagano ya lone e tlang ka tshoganetso le ka ponyo.
14
O tlaa lo rabanya jaaka nkgwana ya mmopi e rabaganngwa, a e rebanye a sa rekegele; go ba go tlhokafala mo dikabetlaneng tsa yone le fa e le lobeanyana lo lo ka ogolelang molelo mo isong, le fa e le go ga metsinyana ka lone mo ledibeleng.”
15
Gonne go bua jaana Morena Modimo, Moitshepi wa Iseraele, a re: “Lo ne lo tlaa bolokwa ke go bowa le go ithokgamisa; mo tuulalong le mo go ikanyeng e tlaa nna thata ya lona; mme lo ganne.”
16
Lo ne lwa re: “Nnyaa! Re tlaa tshaba re pagame dipitse.” Ke gone lo tlaa tshabang; gape, “Re tlaa pagama tse di difadima.” Ke gone ka moo bakhukhedi ba lona ba tlaa nnang bafadima.
17
Batho ba le 1 000 ba tlaa tshaba ka kgalemo ya motho a le mongwe fela; lo tlaa tshaba ka kgalemo ya ba le batlhano; lo ba lo tlogelwa jaaka sesa kwa setlhoeng sa thaba, le jaaka mokgele mo thoteng.
18
Ke gone ka moo Jehofa o tlaa letang, gore a tle a lo tlhomogele pelo, ke gone ka moo o tlaa nanogang gore a tle a nne pelotshweu go lona; gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo; go sego botlhe ba ba mo letang.
19
Gonne batho ba tlaa aga mo Sione kwa Jerusalema; ga o ketla o tlhola o lela; ruri o tlaa nna pelotshweu go wena, a utlwa lentswe la pitso ya gago; o tlaa re a utlwa a go arabe.
20
Le fa Morena a go naya dijo tsa pabaletso, le metsi a patikego, le fa go ntse jalo baruti ba gago ga ba ketla ba tlhola ba subega gope, matlho a gago a tlaa bona baruti ba gago.
21
Le ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: “Tsela ke e, tsamayang mo go yone:” Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.
22
Mme lo tlaa atlafatsa sethathelelo sa selefera, sa ditshwantsho tsa disetwa tsa gago, le dipapetlana tsa gouta tse di apesitseng ditshwantsho tse di tshetsweng, o tlaa di latlha jaaka sekatana se se maswe; o tlaa se raya, o re: “Tloga fano.”
23
O tlaa nesetsa peo ya gago e o tlaa e jalang mo mmung pula; a go naya dijo tsa loato lwa mmu, mme e tlaa bo e le mo go nonneng, mo go letlotlo. Mo letsatsing leo dikgomo tsa gago di tlaa fula mo mafulong a a atlhameng.
24
Le dikgomo jalo le dieselana tse di lemang mmu, di tlaa ja dijo tse di lenko, tse di olositsweng ka seoloso le ka loselo.
25
Mo godimo ga thaba nngwe le nngwe e e godileng le mo lekhubung lengwe le lengwe le le godileng, go tlaa nna dinoka le dinokana tsa metsi, mo letsatsing la kgailo e kgolo, mogang dikago tsa phemelo di wang.
26
Gape lesedi la ngwedi le tlaa nna jaaka lesedi la letsatsi, mme lesedi la letsatsi le tlaa sedifala gasupa, jaaka lesedi la malatsi a supa; mo letsatsing le Jehofa o tlaa fapang botlhoko jwa batho ba gagwe ka lone, a fodisa titeo ya ntho ya bone.
27
Bonang, leina la ga Jehofa, le etla le tswa kgakala, le tuka ka bogale jwa gagwe, le ka mosi o o kalabanyeng o a kuuloga; dipounama tsa gagwe di tletse kgakalo; loleme lwa gagwe ke molelo o o lailang;
28
mowa wa gagwe o ntse jaaka nokana e e penologang, e e fitlhang le fa thamong, go tshetshetha merafe ka loselo lwa boithamako; mogala wa pitse o o timetsang o tlaa nna mo ditlhaeng tsa ditšhaba.
29
Lona lo tlaa nna le kopelo jaaka mo bosigong jwa fa go jewa moletlo o o boitshepo; le boitumelo jwa pelo jaaka fa mongwe a gwanta ka molodi wa lotlhaka, a ya kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa Lefikeng la Iseraele.
30
Jehofa o tlaa utlwatsa lentswe la gagwe le lentlentle, a bonaletsa go bata ga letsogo la gagwe, le na le kgakalo ya bogale jwa gagwe, le kgabo ya molelo o o lailang, le leratla, le ledimo, le difako.
31
Gonne Moasiria o tlaa thubaganngwa ka lentswe la ga Jehofa, ene Moasiria yo o kileng a itaya ka thobane.
32
Titeo nngwe le nngwe ya thobane e e laotsweng, e Jehofa o tlaa e bayang mo go ene, e tlaa ba e nna ka meropana le ka diharepe; mme o tlaa tlhabana nabo ka ditlhabano tsa dingatetso.
33
Gonne felo ga phisetso go sa le go baakanngwa bogologolo; ee, go baakanyeditswe kgosi; o go epile boteng le botona; mokoa wa gone ke molelo le dikgong tse ditona; mowa wa Morena, jaaka nokana ya sulefura, o a o tshuba.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
53
54
55
56
57
58
59
60
61
62
63
64
65
66