bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Isaiah 58
Isaiah 58
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 57
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 59 →
1
“Goa thata, se rekegele, tsholetsa lentswe la gago jaaka lonaka, o kakanyetse batho ba me tlolo ya bone, le ba ntlo ya ga Jakobe maleo a bone.
2
Le fa go ntse jalo ba tlhola ba ntse ba mpatla ka malatsi otlhe, ba natefelwa ke go itse mekgwa ya me; jaaka e kete ke morafe o o dirang tshiamo, o sa latlha katlholo ya Modimo wa bone, ba ntopa melao e e siameng, ba kgatlhwa ke go atamela kwa Modimong.
3
“Ba re: ‘Re a bo re ikiditse go ja ka ntlha yang, fa e bo ne ne o sa bone? Re ipatikile mowa ka ntlha yang fa e bo ne ne o sa tlhokomele?’ Bonang, e re mo letsatsing la go ikitsa go ja ga lona, ke go dira go kgatlhega ga lona fela, mme lo a bo lo patika badiredi ba lona botlhe.
4
Bonang, lo ikitsa go ja go dira kgang fela le komang le go kitla ka letswele la boikepo; ga lo ikitse go ja gompieno gore lo tle lo utlwatse lentswe la lona kwa godimo.
5
A ke gone go ikitsa go ja mo ke go lopileng? A ke letsatsi la motho go ipatika mowa wa gagwe? A ke go ikoba tlhogo fela jaaka mophutlo, le go ikalela letsela la kgetse le molora tlase ga gagwe? A golo mo, o tlaa go raya o re: Ke go ikitsa go ja, o ba o re: Ke letsatsi le le lebosegang mo go Jehofa?
6
“A go ikitsa go ja mo ke go lopileng a ga se gone mo? E bong go golola dikgolego tsa boikepo, le go hunolola dikgole tsa jokwe, le go leseletsa bapatikwi go tsamaya fela, le gore lo robe dijokwe tsotlhe?
7
A ga se go abela ba ba bolailweng ke tlala dijo tsa gago, le go lere mo ntlong ya gago bahumanegi ba ba latlhegileng? O re o bona yo o sa aparang a ga se gore o mo apese? Le gore o se iphitlhele bone ba e leng nama ya gago?
8
“Foo lesedi la gago le tlaa betlama jaaka phepafalo ya moso, le go fola ga gago go tlaa runya ka bonako; le tshiamo ya gago e tlaa go etelela pele; le kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa nna tshimega ya gago.
9
Foo o tlaa bitsa, mme Jehofa o tlaa go araba; o tlaa goa, mme o tlaa re: ‘Ke fano.’ “Fa o tlosa jokwe mo gare ga gago, le go supa ka monwana, le go bua ka boikepo;
10
le gone fa o ntshetsa yo o bolailweng ke tlala pelo ya gago, le yo o bogisiwang fa o mmusetsa pelo; foo lesedi la gago le tlaa tlhaba mo lefifing, le bosabonaleng jwa gago bo tlaa nna jaaka motshegare;
11
Jehofa o tlaa nna mogogi wa gago ka gale le ka gale, a go busetsa pelo mo leubeng, a thatafatsa marapo a gago; mme o tlaa nna jaaka tshimo e e nosiwang, le jaaka motswedi wa metsi, o metsi a one a sa feleng.
12
Bone ba e tlaa bong e le ba gago ba tlaa aga marope a bogologolo; o tlaa tsosolosa metheo ya ditshika di le dintsi; mme o tlaa bidiwa Momamatleledi wa phatlha, Motsosolosi wa ditsela gore go nnwe mo go tsone.
13
“Fa o faposa lonao lwa gago mo go gateng Sabata, o sa dire kgatlhego ya gago ka letsatsi la me le le itshepileng; mme o raya Sabata o re: O monate, le se se itshepileng sa ga Jehofa o re; se a tlotlega; mme fa o mo tlotla o sa ye le mekgwa e e leng ya gago, o sa bone kgatlhego e e leng ya gago, o sa bue mafoko a e leng a gago;
14
foo, o tlaa ijesa monate mo go Jehofa; mme ke tlaa go palamisa mafelo a godimo a lefatshe; ke tlaa go otla ka boswa jwa ga Jakobe rraago, gonne molomo wa ga Jehofa o buile.”
← Chapter 57
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 59 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
53
54
55
56
57
58
59
60
61
62
63
64
65
66