bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 10
2 Samuel 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 11 →
1
Ga dirala, e rile morago ga moo kgosi ya bana ba Amone a swa, mme Hanune morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
2
Dafite a re: “Ke tlaa itshupa pelonomi mo go Hanune morwa Nahaše, jaaka rraagwe a ne a itshupa pelonomi mo go nna.” Dafite a roma batlhanka ba gagwe ba isa matshediso ka ga rraagwe. Batlhanka ba ga Dafite ba tla mo lefatsheng la bana ba Amone.
3
Dikgosana tsa bana ba Amone tsa raya Hanune morena wa bone tsa re: “A o gopola go re Dafite o tlotla rraago, fa e bo ne ne a roma batshedisi kwa go wena? A Dafite ga a a roma batlhanka ba gagwe kwa go wena go tla ba kheleisa motse, le go o tlhola, le go o senya?”
4
Jalo Hanune a tshwara batlhanka ba ga Dafite, a ba beola ditedu ntlhanngwe fela, a kgaola diaparo tsa bone ka bogare, a di kgaolela kwa maragong a bone, a itse go ba naya tsela.
5
E rile ba go bolelela Dafite, a roma a ya go ba kgatlhantsha; gonne banna bao ba bo ba tlhajwa ke ditlhong thata. Kgosi ya re: “Namang lo sa diegile koo Jeriko go tsamaya ditedu tsa lona di tlhoga, foo lo tlaa itse go tla.”
6
E rile bana ba Amone ba ipona fa ba nkgela Dafite sebodu, bana ba Amone ba roma ba ya go thapa Basiria ba Betherehobe ka tuelo, le Basiria ba Soba, banna ba dinao ba le 20 000, le kgosi ya Maaka a na le banna ba le 10 000, le banna ba Toba ba le 12 000.
7
E rile Dafite a utlwa, a roma Joabe le lesomo lotlhe la diganka.
8
Bana ba Amone ba bolola, ba aba ntwa fa botsenong jwa kgoro; mme Basiria ba Soba, le ba Rehoba, le banna ba Toba le ba Maaka, ba ne ba le bosi mo nageng.
9
E rile Joabe a bona fa ntwa e mo tsentse gare e le kwa pele ga gagwe le kwa morago, a tlhaola mo banneng botlhe ba Iseraele ba ba tlhophegileng, a ba abela bolebagana le Basiria;
10
batho ba bangwe a ba tsenya mo seatleng sa ga Abišai monnawe, a ba abela bolebagana le bana ba Amone.
11
A re: “E tlaa re fa Basiria ba mphekeetsa, foo o nthuse; fa bana ba Amone ba go fekeetsa, foo ke tlaa ya go go thusa.
12
O nametsege, re dire senna re direle batho ba ga rona, le metse ya Modimo wa rona; mme a Jehofa a dire se o se bonang se le molemo.”
13
Jalo Joabe le batho ba o nang nabo ba atamela ba ya go tlhabana le Basiria; mme ba tshaba fa pele ga gagwe.
14
E rile bana ba Amone ba bona fa Basiria ba tshaba, le bone ba tloga ba tshaba fa pele ga Abišai, ba tsena mo motseng. Foo Joabe a bowa kwa baneng ba Amone, a tla Jerusalema.
15
E rile Basiria ba bona fa ba alotswe fa pele ga Iseraele, ba phuthega.
16
Hataresere a roma a ya go bolotsa Basiria ba ba kwa moseja ga Noka; ba tla mo Helame, ba na le Shobake molaodi wa ntwa ya ga Hataresere, e le moeteledipele wa bone.
17
Ga bolelelwa Dafite; mme a phutha Baiseraele botlhe, a kgabaganya Joretane, a tla mo Helame. Basiria ba ikabela Dafite, ba tlhabana nae.
18
Basiria ba tshaba fa pele ga Baiseraele; mme Dafite a bolaya Basiria, banna ba dikara di le 700 le bapalama dipitse ba le 40 000, a tlhaba Shobaka molaodi wa ntwa ya bone, a ba a tla a swela gone.
19
E rile dikgosi tsotlhe tse e neng e le batlhanka ba ga Hataresere di bona fa di alotswe fa pele ga Iseraele, ba dira kagiso le Baisraele, mme ba ba direla. Jalo Basiria ba boifa go tlhola ba thusa bana ba Amone.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24