bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 9
2 Samuel 9
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 10 →
1
Dafite a re: “A go sa na le mongwe yo o setseng wa ntlo ya ga Saule, gore ke tle ke itshupe bopelonomi mo go ene ka ntlha ya ga Jonathane?”
2
Ga bo go le motlhanka wa ntlo ya ga Saule yo leina la gagwe e leng Siba, mme ba mmiletsa kwa go Dafite; kgosi ya mo raya ya re: “A o Siba?” a re: “Motlhanka wa gago ke nna ene.”
3
Kgosi ya re: “A ga go tlhole go na le ope wa ntlo ya ga Saule, gore ke tle ke itshupe bopelonomi jwa Modimo mo go ene?” Siba a raya kgosi a re: “Jonathane o sa na le ngwana wa mosimane, yo o segole mo dinaong.”
4
Kgosi ya mo raya ya re: “O kwa kae?” Siba a raya kgosi a re: “Bona, o mo ntlong ya ga Makire morwa Amiele, kwa Lotebare.”
5
Foo kgosi Dafite a roma, a ya go mo tsaya kwa ntlong ya ga Makire, morwa Amiele, kwa Lotebare.
6
Mme Mefibošethe morwa Jonathane, morwa Saule, a tla kwa go Dafite a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a ikoba. Dafite a re: “Mefibošethe.” A araba a re: “Bona, motlhanka wa gago!”
7
Dafite a mo raya a re: “O se ka wa boifa; gonne ruri ke tlaa itshupa pelonomi mo go wena ka ntlha ya ga rraago, mme ke tlaa go rebolela maota otlhe a ga Saule rraago; o tlaa jela dijo fa lomating lwa me ka metlha yotlhe.”
8
A ikoba a re: “Ana motlhanka wa gago ke eng, fa e bo ne ne o leba ntša e e suleng jaaka nna jaana?”
9
Foo kgosi ya bitsa Siba, motlhanka wa ga Saule, ya mo raya ya re: “Gotlhe mo e neng e le ga Saule le ga ba ntlo botlhe ba gagwe, ke go neile morwa mong wa gago.
10
O tlaa mo lemela lefatshe, wena le bomorwao, le batlhanka ba gago; mme o lere maungo, gore morwa mong wa gago a bone dijo; Mefibošethe morwa mong wa gago o tlaa jela dijo ka gale fa lomating lwa me.” Siba o ne a na le bana ba basimane ba le 15 le batlhanka ba le 20.
11
Foo Siba a raya kgosi a re: “Jaaka tsotlhe tse kgosi morena wa me o di laoletseng motlhanka wa gagwe, motlhanka wa gago o tlaa dira fela jalo.” Ka ga Mefibošethe, ga bua kgosi ya re: “O tlaa jela fa lomating lwa me, jaaka mongwe wa bomorwa kgosi.”
12
Mefibošethe o ne a na le ngwana yo monnye wa mosimanyana, leina la gagwe e le Mika. Botlhe ba ba mo ntlong ya ga Siba, e ne e le batlhanka ba ga Mefibošethe.
13
Jalo Mefibošethe a aga mo Jerusalema; gonne o ne a jela fa lomating lwa kgosi ka metlha yotlhe; a bo a le segole mo dinaong tsoo pedi.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24