bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 21
2 Samuel 21
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 22 →
1
E rile mo metlheng ya ga Dafite ga nna leuba ka dinyaga di le tharo, ka ngwaga le ngwaga; Dafite a batla sefatlhogo sa ga Jehofa. Mme Jehofa a re: “Ke ka ntlha ya ga Saule, le ka ntlha ya ba ntlo ya gagwe ba ba diatla di madi, ka a ne a bolaya Bagibeone.”
2
Kgosi ya bitsa Bagibeone, ya ba raya ya re, (le gale Bagibeone e ne e se ba bana ba Iseraele, ya bo e le ba masalela a Baamore; bana ba Iseraele ba ne ba ba ikanetse; e rile Saule a tlhoafaletse bana ba Iseraele le ba Juta, a batla go bolaya Bagibeone.)
3
Dafite a raya Bagibeone a re: “Ke tlaa lo direlang? Ke tlaa lefa kang, gore lo tle lo segofatse boswa jwa Jehofa.”
4
Bagibeone ba mo raya ba re: “Ga go kgang epe e e ka lefwang ka selefere le fa e le ka gouta gare ga rona le Saule, kgotsa ba ntlo ya gagwe; le gone ga se ga rona go bolaya monna ope mo Iseraele.” A re: “Se lo tlaa se buang ke tlaa se lo direla fela.”
5
Ba raya kgosi ba re: “Monna yo o re nyeleditseng, le yo o ne a re logela maano gore re senngwe re se ka ra sala mo melelwaneng epe ya Iseraele, ra re:
6
A re neelwe banna basupa ba bomorwawe, mme re tlaa ba pegela Jehofa mo Gibea wa ga Saule, moitshenkedwi wa ga Jehofa.” Kgosi ya re: “Ke tlaa ba ntsha.”
7
Mme kgosi ya rekegela Mefibošethe morwa Jonathane morwa Saule, ka ntlha ya ikano ya ga Jehofa e e neng e le gare ga bone, gare ga Difite le Jonathane morwa Saule.
8
Kgosi ya tsaya bomorwa boo babedi ba ga Risepa morwadia Aia, ba o ne a ba bona le Saule, e bong Aremoni le Mefibošethe; le morwa Mikale morwadia Saule, ba batlhano, ba o ne a ba bona le Ateriele morwa Baresilai wa Meholathe;
9
a ba tsenya mo diatleng tsa Bagibeone, mme ba ba pega mo thabeng fa pele ga Jehofa, ba wa mmogo boo basupa; ba bolawa mo motlheng wa thobo, mo malatsing a ntlha mo tshimologong ya thobo ya barele.
10
Risepa morwadia Aia a tsaya letsela la kgetse, a le ikalela mo letlapeng, go tswa tshimologong ya thobo metsi a ba a tla a ba thelegela a tswa legodimong; mme a se ka a leseletsa dinonyane tsa loapi go nna mo go bone motshegare, le fa e le dibatana tsa nago bosigo.
11
Ga bolelelwa Dafite se Risepa morwadia Aia, mogadingwana wa ga Saule o se dirileng.
12
Dafite a ya a tsaya marapo a ga Saule le marapo a ga Jonathane morwawe mo bathong ba Jabeše-gileate, ba ba kileng ba a utswa mo mmileng wa Bethešeane, kwa Bafilisitia ba ne ba a pegile gone, ka tsatsi le Bafilisitia ba bolaileng Saule ka lone mo Gileboa.
13
A tlhatlosa marapo a ga Saule le marapo a ga Jonathane morwawe; ba ba ba phutha marapo a bone ba ba pegilweng.
14
Ba fitlha marapo a ga Saule le Jonathane morwawe mo lefatsheng la Benjamine mo Sela, mo phupung ya ga Kiše rraagwe; ba dira gotlhe mo kgosi e go laotseng. Morago ga moo Modimo wa rapelesega ka ga lefatshe.
15
Bafilisitia ba ba ba tlhabana le Baiseraele; Dafite a fologa, a na le batlhanka ba gagwe, a tlhabana le Bafilisitia; mme Dafite a lapa.
16
Išibibenobe, yo e ne e le wa bomorwa monna wa morobana, yo bokete jwa lerumo la gagwe e ne e le dišekela di le makgolo mararo tsa kgotlho ka bokete, ka a ne a ikgatlheletse ka tšhaka e ntšha, a gopola go bolaya Dafite.
17
Abišai morwa Seruja a mo thusa, a itaya Mofilisitia, a mmolaya. Foo banna ba ga Dafite ba mo ikanela ba re: “Ga o ketla o tlhola o bolola ntwa le rona, gore o se ka wa tima lobone lwa Iseraele.”
18
Ga dirala ya re morago ga moo ga tlhabanwa gape le Bafilisitia kwa Gobe; foo Sibekai wa Mohušathe a bolaya Safe, yo e ne e le wa bomorwa monna wa morobana.
19
Ga tlhabanwa gape le Bafilisitia kwa Gobe; mme Elehanane morwa Jaare-oregime wa Mobethelehema a bolaya Goliathe wa Mogite, yo lore lwa lerumo la gagwe lo ne lo tshwana le mosipuri wa monyedi.
20
Gape ga nna tlhabano kwa Gathe, kwa go ne go na le monna yo o godileng thata gone, yo o ne a na le menwana e le merataro mo seatleng sengwe le sengwe, le menwana e le merataro mo lonaong longwe le longwe, ke go re, e le 24 go le mmogo; le ene e le morwa monna wa morobana.
21
Ya re a kgoba Iseraele, Jonathane morwa Shimei mogolo wa Dafite a mmolaya.
22
Ba bane bao e ne e le bomorwa monna wa morobana mo Gathe; mme ba wa ka seatla sa ga Dafite le ka seatla sa batlhanka ba gagwe.
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24