bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 6
2 Samuel 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 7 →
1
Gape Dafite a phutha batho botlhe ba ba tlhophegileng ba Iseraele, ba le 30 000.
2
Dafite a nanoga, a ya le batho botlhe ba o nang nabo, ba ya Baale-Juta, ba ya go tlhatlosa gone letlole la Modimo le le bidiwang ka leina, e bong leina la ga Jehofa wa masomosomo yo o dutseng mo ditšherubeng.
3
Ba baya letlole la Modimo mo kareng e ntšha, ba e ntsha mo ntlong ya ga Abinatabe e e mo thabeng; mme Usa le Ahio, bomorwa Abinatabe ba kgweetsa kara e ntšha.
4
Ba e ntsha mo ntlong ya ga Abinatabe e e mo thabaneng, e na le letlole la Modimo; Ahio a etelela letlole pele.
5
Dafite le ba ntlo ya Iseraele botlhe ba letsa fa pele ga Jehofa ka diletso dingwe le dingwe tse di dirilweng ka logong lwa mofira, le diharepe, le disaletere, le meropana, le ka diphare, le disemebale.
6
E rile ba fitlha mo seboping sa pholelo sa ga Nakone, Usa a ntshetsa letlole la Modimo letsogo, a le tshwara; ka dikgomo di ne di tilatila.
7
Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Usa, mme Modimo wa mo iteela gone ka ntlha ya timelo ya gagwe; mme a swela gone fa letloleng la Modimo.
8
Dafite a itumologa ka Jehofa a kgomogetse Usa; a raya felo foo leina a re, Peresausa, nako e sa le eno.
9
Dafite a boifa Jehofa ka tsatsi leo; a re: “Letlole la ga Jehofa le ka tla jang kwa go nna?”
10
Jalo Dafite a gana go isa letlole la ga Jehofa kwa go ene mo motseng wa ga Dafite; Dafite a le isa fa thoko mo ntlong ya ga Obete-etome wa Mogite.
11
Letlole la ga Jehofa la nna mo ntlong ya ga Obete-etome wa Mogite ka dikgwedi di le tharo; mme Jehofa a segofatsa Obete-etome le ntlo yotlhe ya gagwe.
12
Ga bolelelwa kgosi Dafite ga twe: “Jehofa o segofaditse ntlo ya ga Obete-etome, le tsotlhe tse e leng tsa gagwe, ka ntlha ya letlole la Modimo.” Dafite a ya a ntsha letlole la Modimo mo ntlong ya ga Obete-etome, a le isa mo motseng wa ga Dafite ka boitumelo.
13
Ga dirala ya re bone ba ba rweleng letlole la ga Jehofa ba sena go tsamaya dikgato di le thataro, a dira tlhabelo ka kgomo le kgongwana e e nonneng.
14
Dafite a bina fa pele ga Jehofa ka thata yotlhe ya gagwe; Dafite o ne a itlamile ka sekhutlana sa leloba.
15
Jalo Dafite le ba ntlo ya Baiseraele botlhe ba tlhatlosa letlole la ga Jehofa ka meduduetso le ka medumo ya dinaka.
16
Ga dirala ya re letlole la ga Jehofa le tla mo motseng wa ga Dafite, Mikale morwadia Saule, a bo a okometse ka fensetere, a bona kgosi Dafite a tlolaka a bina fa pele ga Jehofa; mme a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.
17
Ba isa letlole la ga Jehofa mo teng, ba le baya mo bonnong jwa lone, mo gare ga mogope o Dafite o o le tlhometseng; Dafite a isa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso fa pele ga Jehofa.
18
E rile fela Dafite a sena go khutla go isa tshupelo e e fisiwang le ditshupelo tsa kagiso, a segofatsa batho mo ineng la ga Jehofa wa masomosomo.
19
A abela batho botlhe, e bong bontsi jotlhe jwa Baiseraele, banna le basadi, a naya mongwe le mongwe papetlana ya senkgwe, le kabelo ya nama le papetlana ya ditshwabi tsa mefine. Mme batho botlhe ba tloga, mongwe le mongwe a ya ga gabo.
20
Foo Dafite a boa a tla go segofatsa ba ntlo ya gagwe. Mme Mikale morwadia Saule, a tswa a ya go kgatlhantsha Dafite a re: “Ana kgosi ya Iseraele e ne e galalela jang gompieno, ya ikapola gompieno mo matlhong a malata a batlhanka ba yone, jaaka sephalamatlho se tle se ikapole se se na ditlhong.”
21
Dafite a raya Mikale a re: “E ne e le fa pele ga Jehofa, yo o intshenketseng bogolo go rraago, le bogolo go botlhe ba ntlo ya gagwe, go tla a ntlhoma kgosana ya tšhaba ya ga Jehofa, ya Baiseraele; ke gone ke tlaa nyalakegang fela fa pele ga Jehofa.
22
Ke tlaa nama ke itira lonyatso bogolo go mo, ke tlaa nna bobenyana le mo matlhong a me; mo malateng a o buileng ka ga one, mo go one ke tlaa tlotlega fela.”
23
Mikale morwadia Saule ga a ka a bona ngwana, le go ya kwa letsatsing la loso lwa gagwe.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24