bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 13
2 Samuel 13
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 14 →
1
Ga dirala e rile morago ga moo, Abesalome morwa Dafite a bo a na le kgaitsadie mongwe, e le motho yo montle, leina la gagwe e le Tamare; mme Amenone morwa Dafite a mo rata.
2
Amenone a tshwenyega thata a ba a tla a bobola ka ga Tamare kgaitsadie; gonne e ne ele kgarebane; mme go ne go le thata mo go Amenone go mo dira sengwe.
3
Amenone o ne a na le tsala nngwe, leina la gagwe e le Jonatabe morwa Simea, mogoloa Dafite; Jonatabe e ne e le monna yo o boferefere thata.
4
A mo raya a re: “Wena morwa kgosi go ntse jang o bopama jaana ka malatsi otlhe? A ga o mpolelele?” Amenone a mo raya a re: “Ke rata Tamare kgaitsadia Abesalome nnake.”
5
Jonatabe a mo raya a re: “Robala mo bolaong jwa gago o itsheme botlhoko; e tlaa re rraago a tla go go bona o mo reye o re: ‘Ke a go rapela, o mme kgaitsadiake Tamare a tle a nneye dijo, a di baakanye mo ponong ya me gore ke di bone, ke be ke di jele mo seatleng sa gagwe.’ ”
6
Jalo Amenone a robala a itshema botlhoko; mme e rile kgosi e tsile go mmona, Amenone a raya kgosi a re: “Ke a go rapela, o mme kgaitsadiake Tamare a tle a ntirele dipapetlana tsa senkgwe le fa e le di le pedi mo ponong ya me, gore ke tle ke jele mo seatleng sa gagwe.”
7
Foo Dafite a romela kwa gae kwa go Tamare a re: “A ke o ye kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadio, o mmaakanyetse dijo.”
8
Tamare a ya kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadie; Amenone a bo a rapame. Mme Tamare a tsaya setou, a se duba, a dira dipapetlana tsa senkgwe mo ponong ya gagwe, a besa dipapetlana tsa senkgwe.
9
A tsaya pitsana e e lophaetla, a di gorometsa fa pele ga gagwe; mme a gana go ja. Amenone a re: “Ntshang banna botlhe ba tswe.” Mme banna botlhe ba tswa fa go ene.
10
Amenone a raya Tamare a re: “Lere dijo mo ntlwaneng gore ke jele mo seatleng sa gago.” Tamare a tsaya dipapetlana tsa senkgwe tse o di dirileng, a di isa mo ntlwaneng kwa go Amenone kgaitsadie.
11
Ya re a sena go di atametsa fa go ene go tla a di ja, a mo tshwara a mo raya a re: “Ntlo o lale le nna kgaitsadiaka.”
12
A mo fetola a re: “Nyaa kgaitsadiaka, o se ka wa nkatisa; gonne ga go a tshwanela fa sengwe se se ntseng jalo se ka dirwa mo Iseraele; o se ka wa dira bosilo jo.
13
Nna ke tlaa isa kae ditlhong tsa me? Le ka ga gago o tlaa nna jaaka lengwe la masilo mo Iseraele. Ke gone ke a go rapela, bua le kgosi; gonne ga e ketla e gana gore o ntseye.”
14
Le fa go ntse jalo a gana go reetsa lentswe la gagwe; mme e re ka a le thata bogolo go ene, a mo katisa, a lala nae.
15
Foo Amenone a tloga a mo tlhoa ka tlhoo e e feteletseng; ka tlhoo e o mo tlhoileng ka yone ya feta lorato lo o ne a mo rata ka lone pele. Amenone a mo raya a re: “Nanoga o tsamaye.”
16
Tamare a mo raya a re: “E seng jalo, gonne tshiamololo e kgolo e, ya go nteleka, e tlaa bo e gaisa e nngwe e o e ntiretseng.” A gana go mo reetsa.
17
Foo a bitsa motlhanka wa gagwe yo o mo direlang a re: “Ntshetsa mosadi yo kwa ntle a tswe mo go nna, mme o pakele setswalo morago ga gagwe.”
18
Tamare o ne a apere seaparo se se mebalabala, gonne bomorwadia kgosi ba e leng makgarebane ba ne ba tle ba apare diaparo tse di ntseng jalo. Foo motlhanka wa gagwe a mo ntshetsa kwa ntle, a pakela setswalo morago ga gagwe.
19
Tamare a ipaya melora mo tlhogong a ikgagola seaparo se se mebalabala se o se apereng; a ipaya seatla mo tlhogong, a tsamaya, a tla a galela godimo.
20
Abesalome kgaitsadie a mo raya a re: “A Amenone kgaitsadio o ntse a na nao? Jaana o tle o didimale kgaitsadiaka; ke kgaitsadio; a selo se se se go tsene mo pelong.” Tamare a nna a poporogetswe fela mo ntlong ya ga Abesalome kgaitsadie.
21
E rile kgosi Dafite a utlwa dilo tsotlhe tse, a nna bogale thata.
22
Abesalome a se ka a bua le Amenone se se molemo, le fa e le se se bosula; mme a tlhoa Amenone ka a ne a katisitse Tamare kgaitsadie.
23
Ga dirala e rile morago ga dinyaga di le pedi tse di tletseng, Abesalome a bo a na le babeodi ba dinku mo Baalehasore o o bapileng le Eferaime; Abesalome a laletsa bomorwa kgosi botlhe.
24
Abesalome a tla mo kgosing a re: “Bona, motlhanka wa gago o na le babeodi ba dinku; ke a go rapela, a kgosi le batlhanka ba yone ba ye le motlhanka wa gago.”
25
Mme kgosi ya raya Abesalome ya re: “Nyaa morwaaka, a re se tsamayeng rotlhe, re ka tla ra go imela.” A mo rapela thata; le fa go ntse jalo a gana go tsamaya, mme a mo segofatsa.
26
Foo Abesalome a re: “Fa go sa nna jalo, ke a go rapela, a mogolole Amenone a ye le rona.” Kgosi ya mo raya ya re: “O tlaa bo a elang nao?”
27
Abesalome a e rapela thata, ya ba ya tla ya lesa Amenone le bomorwa kgosi botlhe ba ya nae.
28
Abesalome a laola batlhanka ba gagwe a re: “Lo ele tlhoko jaana, fa pelo ya ga Amenone e le mokete ka bojalwa jwa mofine; fa ke lo raya ke re: ‘Itayang Amenone,’ foo lo mmolaye, lo se ka lwa boifa; a ga ke a lo laola? Lo nne pelokgale, le boganka fela.”
29
Batlhanka ba ga Abesalome ba direla Amenone jaaka Abesalome a ba laotse. Foo bomorwa kgosi ba nanoga botlhe, mongwe le mongwe a palama mmoulo wa gagwe, a tshaba.
30
Ga dirala ya re ba le mo tseleng, mafoko a fitlha kwa go Dafite, ga twe: “Abesalome o bolaile bomorwa kgosi botlhe, go bile ga go a sala ope wa bone.”
31
Foo kgosi ya nanoga ya ikgagola diaparo, ya namalala fa fatshe; batlhanka botlhe ba yone ba ema fa go yone ba ikgagotse diaparo.
32
Jonatabe, morwa Shimea mogolo a Dafite, a bua a re: “A morena wa me a se ka a itlhoma fa ba bolaile makau otlhe bomorwa kgosi; ka go sule Amenone a le esi; gonne e sa le ka letsatsi le o katisitseng Tamare kgaitsadie ka lone selo se se ntse se ikaeletswe ka taolo ya ga Abesalome.
33
Ke gone jaana, a selo se se se tsene kgosi morena wa me mo pelong, go itlhoma fa bomorwa kgosi ba sule botlhe; gonne go sule Amenone a le esi fela.”
34
Abesalome a tshaba. Mme lekau le le lebetseng la tsholetsa matlho, la leba, mme bonang, ga bo go tla batho ba le bantsi ka tsela ya mofapha wa thaba morago ga lone.
35
Jonatabe a raya kgosi a re: “Bona, bomorwa kgosi ba tsile; jaaka motlhanka wa gago a buile, go ntse fela jalo.”
36
Ga dirala ya re a sena go wetsa go bua, bomorwa kgosi ba fitlha, mme ba tsholetsa mantswe a bone ba lela; le ene kgosi le batlhanka ba yone botlhe ba lela mo go botlhoko thata.
37
Mme Abesalome a tshaba, a ya kwa go Talemai morwa Amihure kgosi ya Gešure. Dafite a lelela morwawe ka malatsi otlhe.
38
Jalo Abesalome a tshaba a ya Gešure, a nna gone dinyaga di le tharo.
39
Mowa wa kgosi Dafite o ne o tlhologeletswe go tswela kwa go Abesalome; gonne a setse a gomotsegile ka ga Amenone jaaka a sule.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24