bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 8
2 Samuel 8
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 9 →
1
Morago ga moo Dafite a kgemetha Bafilisitia, a ba fenya; Dafite a tlosa taolo ya motse o mogolo mo seatleng sa Bafilisitia.
2
A kgemetha Bamoabe, a ba lekanya ka mogala a ba laditse fa fatshe; a lekanya selekanyo sa megala e le mebedi ya go bolaya, le ka mogala o le mongwe fela o o tletseng wa go phedisa. Mme Bamoabe ba nna batlhanka ba ga Dafite, ba lere dikabelo.
3
Dafite a kgemetha le ene Hatatesere morwa Rehobe, kgosi ya Soba, ka a ya go ba a itseela puso ya gagwe kwa Nokeng.
4
Dafite a gapa mo go ene bapalama dipitse ba le 1 700, le ba dinao ba le 20 000; dipitse tsotlhe tsa dikara tsa tlhabano Dafite a di kgaola mesifa, a sadisa mo go tsone tse di lekanyeng dikara di le lekgolo.
5
E rile Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafite a kgemetha Basiria, banna ba le 22 000.
6
Foo Dafite a baya ditlhopha tsa masole mo Siria wa Damaseko; Basiria ba nna batlhanka ba ga Dafite, ba lere dikabelo. Jehofa a naya Dafite phenyo gongwe le gongwe kwa o yang gone.
7
Dafite a tsaya dithebe tsa gouta tse di ne di le mo batlhankeng ba ga Hatatesere, a di isa kwa Jerusalema.
8
Kwa Beta le kwa Berothai, metse ya ga Hatatesere, kgosi Dafite a tsaya kgotlho e le kgolo thata gone.
9
E rile Toi kgosi ya Hamathe a utlwa fa Dafite a kgemethile ntwa yotlhe ya ga Hatatesere,
10
foo Toi a roma Jorame morwawe kwa go kgosi Dafite, a ya go mo dumedisa le go mo segofatsa, ka a tlhabanye le Hatatesere a mo kgemethile; gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Toi. Jorame a tla a tshotse dilwana tsa selefera, le dilwana tsa gouta, le dilwana tsa kgotlho;
11
le tsone dilo tseo Dafite a di tshwaela Jehofa, di na le selefera le gouta tse o di mo tshwaetseng tsa merafe yotlhe e o ntseng a e fenya;
12
tsa Siria le tsa Moabe, le tsa bana ba Amone, le tsa Bafilisitia, le tsa Amaleke, le tsa kgapelo ya ga Hatatesere, morwa Rehobe, kgosi ya Soba.
13
Dafite a inaya leina ka a bowa kwa go kgemetheng Basiria mo molapong wa Letswai, e bong batho ba le 18 000.
14
A baya ditlhopha tsa masole mo Etome; mo lefatsheng lotlhe la Etome a baya ditlhopa tsa batlhabani, mme Baetome botlhe ba nna batlhanka ba ga Dafite. Jehofa a naya Dafite phenyo gongwe le gongwe kwa o yang gone.
15
Dafite a busa Baiseraele botlhe; Dafite a direla batho botlhe ba gagwe katlholo le tshiamiso.
16
Joabe morwa Seruja e ne e le molaodi wa ntwa; Jehošafate morwa Ahilute e le mokwadi wa ditiralo;
17
Satoke morwa Ahitube, le Ahimeleke morwa Abiathare, e le baperesiti; le Seraia e ne e le mokwaledi;
18
Benaia morwa Joiata, e le molaodi wa Bakerethe le Bapelethe; bomorwa Dafite e le dikala tse dikgolo.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 9 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24