bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 4
2 Samuel 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 5 →
1
E rile Išibošethe morwa Saule, a utlwa fa Abenere a swetse kwa Heberone, mabogo a gagwe a koafala, mme Baiseraele botlhe ba huduega.
2
Išibošethe morwa Saule, o ne a na le banna ba le babedi ba e neng e le balaodi ba ditlhopha tsa batho; leina la mongwe e le Baana, leina la yo mongwe e le Rekabe, e le bomorwa Rimone wa mo Beerothe, wa bana ba Benjamine; gonne Beerothe le one o kaiwa e le wa ga Benjamine.
3
Babeerothe ba tshabela kwa Gitaime, mme ba sa le ba nna bajaki gone le gompieno.
4
Jonathane morwa Saule, o ne a na le ngwana wa mosimane, a le segole mo dinaong. Ka e rile mafoko ka ga Saule le Jonathane a tla a tswa kwa Jesereele, a bo a le dinyaga di le tlhano, mmelegi wa gagwe a mo tsaya, a tshaba; ga dirala ya re mosadi a potlakela go tshaba, mosimane a wa, mme jalo a nna segole. Leina la gagwe e ne e le Mefibošethe.
5
Bomorwa Rimone wa Mobeerothe, e bong Rekabe le Baana, ba ya ba fitlha kwa ntlong ya ga Išibošethe ekete letsatsi le gotetse, ene a itapolositse go le motshegare.
6
Ba fitlha gone ba tsenela kwa gare ga ntlo, jaaka ekete ba tsile go tsaya mabele; mme ba mo sogotlhetsa mo mogodung; mme Rekabe le Baana monnawe ba falola.
7
Jaana ya bo e rile ba fitlha mo ntlong, ka a rapame mo bolaong jwa gagwe, mo borobalong ba mo sogotlhetsa, ba mmolaya, ba mo kgaola tlhogo, ba tsaya tlhogo ya gagwe, ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe ka tsela ya Araba.
8
Ba isa tlhogo ya ga Išibošethe kwa go Dafite, ba re: “Bona tlhogo ya ga Išibošethe morwa Saule, mmaba wa gago, yo o ne a go batla go go bolaya ke e: Jehofa o lefeditse kgosi morena wa me gompieno mo go Saule, le mo losikeng lwa gagwe.”
9
Mme Dafite a fetola Rakabe le Baana monnawe, bomorwa Rimone, wa Mobeerothe, a ba raya a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, yo o rekolotseng mowa wa me mo pitlaganong yotlhe,
10
e rile mongwe a mpolelela a re: ‘Saule o sule,’ a gopotse gore o ntereditse mafoko a a molemo, ka mo tshwara, ka mmolaya mo Sikelage, e le tuelo e ke e mo neileng ka ga mafoko a gagwe.
11
Bogolo jang, fa banna ba boikepo ba bolaile motho yo o siameng mo ntlong ya gagwe a le mo bolaong, a ga nketla ke lopa madi ao mo seatleng sa lona, ke lo tlosa mo lefatsheng?”
12
Dafite a laola makau a gagwe, mme ba ba bolaya, ba kgaola ditlhogo tsa bone le dinao tsa bone, ba ba pega fa lekadibeng mo Heberone. Ba tsaya tlhogo ya ga Išibošethe, ba e fitlha mo phupung ya ga Abenere mo Heberone.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24