bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 19
2 Samuel 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 20 →
1
Ga bolelelwa Joabe ga twe: “Bona, kgosi e a lela e hutsafaletse Abesalome.”
2
Phenyo ya fetolwa selelo ka tsatsi leo mo bathong botlhe; gonne batho ba ne ba utlwa ka tsatsi leo go twe: “Kgosi e pelo e botlhoko ka ga morwa yone.”
3
Batho ba tsena mo motseng ka tsatsi leo, ka go iphitlha jaaka batho ba ba tlhajwang ke ditlhong ba tle ba tsamaye ka go iphitlha fa ba tshaba mo tlhabanong.
4
Kgosi ya ikhurumetsa sefatlhogo sa yone, mme kgosi ya lelela godimo ya re: “Abesalome, morwaake wee! Abesalome, morwaake wee! morwaake wee!”
5
Joabe a tsena mo ntlong kwa kgosing a re: “Gompieno o tlhabisitse difatlhogo tsa batlhanka botlhe ba gago ditlhong, ba gompieno ba golotseng botshelo jwa gago, le matshelo a bomorwao le a bomorwadio, le matshelo a basadi ba gago, le matshelo a bagadingwana ba gago;
6
ka e le fa o rata ba ba go ilang, o ila ba ba go ratang. Gonne o boletse gompieno wa re, dikgosana le batlhanka ga se sepe mo go wena; gonne gompieno ke a lemoga go re, fa Abesalome a ka bo a tshedile, rona rotlhe re sule gompieno, mo go ne go tlaa go kgatlha thata.
7
Ke gone jaana nanoga o tswele kwa ntle, o bue kgomotso le batlhanka ba gago; gonne ke a ikana ka Jehofa, fa o sa tswele kwa ntle, ga go ketla go lala monna ope nao 'sigong jono; moo go tlaa nna bosula mo go wena bogolo go bosula jotlhe jo bo go wetseng, go simolola mo bokaung jwa gago le go tla mo motlheng wa gompieno.”
8
Foo kgosi ya nanoga ya dula kwa kgotleng. Ga bolelelwa batho botlhe ga twe: “Bonang, kgosi e dutse mo kgotleng;” mme batho botlhe ba tla fa pele ga kgosi. Jaana ba Iseraele ba ne ba tshabile, mongwe le mongwe a ile mogopeng wa gagwe.
9
Batho botlhe ba ne ba le kgang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, ba re: “Kgosi e re golotse mo seatleng sa baba ba rona, ya re tshedisa mo atleng sa Bafilisitia, jaana e dule mo lefatsheng e tshaba Abesalome.
10
Abesalome yo re ne re mo itlolela, gore a re buse, o swetse mo tlhabanong. Jaana ga lo bueleng lefoko la go lere kgosi gape?”
11
Kgosi Dafite a roma kwa baperesiting Satoke le Abiathare a re: “Buang le bagolwane ba Juta lo re: ‘Ke ka ntlha yang fa lona lo le ba morago mo go bosetseng kgosi kwa ntlong ya yone, ka puo ya Baiseraele botlhe e fitlhile mo kgosing ya go e isa kwa ntlong ya yone?
12
Lona lo bana ba ga rre, lo lesapo la me le nama ya me; mme ke ka ntlha yang fa e bo ne ne lo le ba morago mo go lereng kgosi gape.’
13
Lo reye Amasa lo re, ga twe: ‘A ga o lesapo la me la nama ya me? A Modimo o ntirele jalo, o bo o oketse, fa o sa nne molaodi wa ntwa fa pele ga me ka metlha yotlhe mo boemong jwa ga Joabe.’ ”
14
A oba pelo tsa banna botlhe ba Juta, fela jaaka pelo ya monna a le mongwe fela; ba bo ba tla ba roma kwa kgosing, ba re: “Boa, wena le batlhanka botlhe ba gago.”
15
Kgosi ya boa, ya tla mo Joretane. Bajuta ba tla mo Gilegale, ba tla go kgatlhantsha kgosi go tshedisa kgosi noka ya Joretane.
16
Shimei morwa Gere wa Mobenjamine, yo e ne e le wa Bahurime, a itlhaganela, a tla le batho ba Juta go kgatlhantsha Dafite.
17
O ne a na le banna ba Benjamine ba le 1 000, le Siba motlhanka wa ntlo ya ga Saule, le bomorwawe ba ba 15, le batlhanka ba gagwe ba ba 20; ba tshela Joretane mo ponong ya kgosi.
18
Ga tshela mokoro o o yang go tshedisa ba ntlo ya kgosi le go dira se o se gopolang se le molemo. Shimei morwa Gere a wela fa pele ga kgosi, a sena go tshela Joretane.
19
A raya kgosi a re: “A morena wa me a se mpalele boikepo, o se ka wa gakologelwa se motlhanka wa gago o se dirileng ka bokgopo ka letsatsi le kgosi morena wa me o ne a tswa ka lone mo Jerusalema; a go se tsene mo pelong ya kgosi.
20
Gonne motlhanka wa gago ke a itse fa ke leofile; ke gone, bona ke tsile gompieno ke le wa ntlha mo go botlhe ba ntlo ya ga Josefe go kgatlhantsha kgosi morena wa me.”
21
Abišai morwa Seruja a fetola a re: “A Shimei ga a bolaelwe seo se, ka a kile a hutsa motlodiwa wa ga Jehofa?”
22
Dafite a re; “Ke dirang ka lona bomorwa Seruja, fa e bo ne ne gompieno lo le baganetsi ba me? A gompieno go ka bolawa motho mongwe mo Iseraele? Gonne a ga ke a itse fa gompieno ke le kgosi ya Iseraele?”
23
Kgosi ya raya Shimei ya re: “Ga o ketla o o swa.” Mme kgosi ya mo ikanela.
24
Mefibošethe morwa Saule, a tla go kgatlhantsha kgosi; o ne a ise a ipaakanye dinao, le fa e le go ikgaola ditedu, le fa e le go tlhatswa diaparo tsa gagwe, e sa le ka tsatsi le kgosi e tlogileng ka lone, go tla mo tsatsing le e tsileng gae ka lone ka kagiso.
25
Ya re a tla Jerusalema go kgatlhantsha kgosi, kgosi ya mo raya ya re: “Ke ka ntlha yang o se ka wa ya le nna wena Mefibošethe?”
26
A fetola a re: “Kgosi, morena wa me, motlhanka wa me o ne a ntsietsa; gonne nna mothanka wa gago ka re: ‘Ke tlaa belesa esela ya me, gore ke e palame ke tsamaye le kgosi;’ gonne motlhanka wa gago o segole.
27
O pateleditse motlhanka wa gago fa pele ga kgosi morena wa me; kgosi morena wa me o ntse jaaka moengele wa Modimo; ke gone, dira se se molemo mo matlhong a gago.
28
Gonne ba ntlo ya ga rre botlhe e ne e le baswi fa pele ga kgosi morena wa me; le fa go ntse jalo, wa baya motlhanka wa gago mo go bone ba ba jelang fa lomating lwa gago. Ke sa na le tshiamo efe ya go tlhola ke ikuela kwa kgosing?”
29
Kgosi ya mo raya ya re: “Ana o sa buelang ka ga dilo tsa gago? Ka re, wena le Siba lo kgaogane lefatshe.”
30
Mefibošethe a raya kgosi a re: “Nnyaa, a a tseye gotlhe, ka e le fa, kgosi morena wa me a tsile mo ntlong ya gagwe ka kagiso.”
31
Baresilai wa Mogileate a tswa kwa Rogelime; a tshela Joretane a na le kgosi, go e kgabagantsha Joretane.
32
Jaana Baresilai ya bo e le motsofe yo mogolo, a le dinyaga di le 80; o ne a neile kgosi dijo, kgosi e sa ntse e le kwa Mahanaime; gonne e ne e le monna yo motona thata.
33
Kgosi ya raya Baresilai ya re; “Kgabaganya le nna, ke tlaa go otla o na le nna mo Jerusalema.”
34
Mme Baresilai a raya kgosi a re; “Ana malatsi a dinyaga tsa botshelo jwa me a kae, fa e ka bo jaana ke ka ya le kgosi kwa Jerusalema?
35
Gompieno ke dinyaga di le 80, a ke ka farologanya molemo le bosula? A motlhanka wa gago o ka lemoga moutlwalo wa se ke se jang kgotsa wa se ke se nwang? A nka tlhola ke utlwa lentswe la banna ba ba opelang, le la basadi ba ba opelang? Ke gone e tlaa bo e le ka ntlha yang fa motlhanka wa gago a ka fela a ntse a le mokgweleo mo kgosing morena wa me?
36
Motlhanka wa gago o rata a tshela Joretane le kgosi fela; ka re kgosi e tlaa bo e go ntebogelelang ka tuelo e e kalo?
37
Ke a go rapela, o mme motlhanka wa gago a boe, gore ke swele mo motseng wa gaetsho fa phupung ya ga rre le mme. Mme bona, motlhanka wa gago Kimefame; a go kgabaganye ene le kgosi morena wa me; o mo direle ka fa go tlaa nnang molemo mo go wena ka gone.”
38
Kgosi ya mo fetola ya re: “Kimefame o tlaa kgabaganya le nna, ke tlaa mo direla se o tlaa se bonang se le molemo; mme sengwe le sengwe se o tlaa se eletsang mo go nna, ke tlaa se go direla.”
39
Batho botlhe ba kgabaganya Joretane, le kgosi ya kgabaganya, kgosi ya atla Baresilai, ya mo segofatsa, mme a boela kwa ga gabo.
40
Jalo kgosi ya kgabaganya kwa Gilegale, le Kimefame a kgabaganya nayo, mme batho botlhe ba Juta ba kgabagantsha kgosi, le bontlha e nngwe jwa batho ba Iseraele.
41
Mme bonang, batho botlhe ba Iseraele ba tla mo kgosing, ba raya kgosi ba re: “Ke ka ntlha yang bana ba ga rraetsho, banna ba Juta ba go utswile, mme go le kgosi, le ba ntlo ya yone, le batho botlhe ba ga Dafite nayo, ba ba tshedisitse Joretane?”
42
Banna botlhe ba Juta ba fetola banna ba Iseraele ba re: “Ke ka gonne kgosi ke losika lo lo gaufi le rona; ana lo tlalelang bogale ka ga selo se? A gongwe re jele dijo tsa kgosi? Kgotsa a e re neile neo nngwe?”
43
Banna ba Iseraele ba fetola banna ba Juta ba re: “Rona re na le dikabelo di le some mo kgosing, gape re na le tshiamo mo go Dafite e e fetang ya lona. Lo ne lo re nyaletsang, ka lo se ka lwa lopa kgakololo ya rona pele ka ga go busa kgosi?” Mme mafoko a banna ba Juta a ne a le bogale go mafoko a banna ba Iseraele.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24