bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 23
2 Samuel 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 24 →
1
Jaana a, ke mafoko a bofelo a ga Dafite; Dafite morwa Jese a bua, monna yo o ne a golelediwa kwa godimo a re: Motlodiwa wa Modimo wa ga Jakobe, le mokwadi yo o rategang wa dipesalema tsa Iseraele; a re:
2
“Mowa wa ga Jehofa o ne wa bua ka nna, lefoko la gagwe le ne le le mo lolemeng lwa me.
3
Modimo wa Iseraele o rile, yo e leng Lefika la Iseraele o buile le nna; a re: Motho yo o busang batho ka tshiamo, yo o busang mo poifong ya Modimo,
4
o tlaa nna jaaka lesedi la bosa fa letsatsi le tlhaba, e le moso o o se nang maru; fa bojang jo botalana bo tswetswena mo mmung, ka phatsimo e e phepa morago ga pula.
5
Ruri ntlo ya me ga e a nna jalo le Modimo; le fa go ntse o dirile le nna kgolagano e e sa khutleng, e e rulagantsweng mo dilong tsotlhe, e e tlhomameng; gonne ke poloko yotlhe ya me, keletso yotlhe ya me, le fa o sa e tswedisetse pele.
6
Mme baikepi botlhe ba tlaa nna jaaka mitlwa e e nang le go kgoromediwa fela, ka e sa kake ya tshwarwa ka letsogo;
7
Mme monna yo o e amang o na le go e tshola ka selepe le ngakale; mme e tlaa fisediwa ruri ke molelo mo felong ga yone.”
8
A, ke maina a batho ba ba diganka ba Dafite o ne a na nabo; Jošebebašebethe wa Motakemone, mogolwane wa balaodi ba mephato; ga bo go le Adino wa Moesene le ene, yo o ne a tlhabana le batho ba le 800, mme ba bolaelwa gongwe fela.
9
Morago ga gagwe ga nna Eleasare morwa Dotai morwa motho wa Moahohi, mongwe wa banna ba bararo ba diganka ba ba kileng ba nna le Dafite, jale ka ba kgoba Bafilisitia ba ba neng ba phuthegetse go tlhabana, mme banna ba Iseraele ba ne ba tsamaile.
10
Ene a nanoga a kgemetha Bafilisitia ga tsamaya letsogo la gagwe la lapa, le seatla sa gagwe sa huparela tšhaka; Jehofa a dira phenyo e kgolo ka tsatsi leo; batho ba bowa ba tla morago ga gagwe, ba tla go thopa fela.
11
Yo o ne a rulagana nae e ne e le Shama morwa Agee wa Moharare. Bafilisitia ba ne ba phuthegile ba le lesomo kwa go ne go na le sebata sa lefatshe gone se se tletseng lotlhodi; mme batho ba tswa ba tshaba Bafilisitia.
12
Ene a ema fa gare ga sebata seo, a se tlhabanela, a bolaya Bafilisitia; mme Jehofa a dira phenyo e kgolo.
13
Batho ba le bararo mo bagolwaneng ba ba 30 ba ya, ba fitlha kwa go Dafite kwa logageng lwa Adulame, mo motlheng wa thobo; lesomo la Bafilisitia le ne le thibeletse mo molapong wa Refaime.
14
Ya re mo lobakeng loo Dafite a bo a le mo kagong e e thata, setlhopha sa masole a Bafilisitia se le mo Bethelehema.
15
Dafite o ne a na le tlhologelelo ya go re a bo mongwe a ka ka a nnosa metsi a sediba sa Bethelehema, se se fa kgorong!
16
Banna ba bararo ba ba diganka ba thobeselela ntwa ya Bafilisitia, ba ya ba ga metsi mo sedibeng sa Bethelehema, se se neng se le fa kgorong, ba a tsaya ba a isa kwa go Dafite; mme a gana go a nwa, a a tsholela fa pele ga Jehofa.
17
A re: “A go nne kgakala le nna, Jehofa, fa nka dira seo se; a ke tlaa nwa madi a banna ba ba tsamaileng ba le mo pitlaganong ka ga botshelo jwa bone?” Ke gone ka moo a gana go nwa. Dilo tse banna ba bararo ba ba diganka ba di dirile.
18
Abišai, monnaa Joabe, morwa Seruja, e ne e le mogolo wa ba bararo, a tsholeletsa batho ba ba 300 lerumo la gagwe, a ba bolaya, mme a bona leina mo go ba bararo.
19
A ga e ne e le ene yo o tlotlego bogolo mo go ba bararo? Ke gone ka moo a beewa molaodi wa bone; le fa go ntse jalo ga a ka a fitlha mo borarong jwa ntlha.
20
Benaia morwa Joiata, morwa monna yo o pelokgale wa Kabeseele, yo o ne a dirile ditiro tse dikgolo, a bolaya bomorwa Ariele wa Moabe boo babedi; le gone a fologa a ya a bolaya tau mo gare ga mokole, go le kapoko;
21
a bolaya Moegepeto, e le monna yo o bopegileng sentle; Moegepeto o ne a tshotse lerumo; ene a fologela kwa go ene a tshotse tsamma fela, a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto, a mmolaya ka lerumo la gagwe.
22
Benaia morwa Joiata a dira dilo tse, mme a dirana le leina mo banneng ba bararo ba diganka.
23
O ne a le tlotlego bogolo go ba ba 30, mme a se ka a fitlha mo borarong jwa ntlha. Dafite a mmaya molaodi wa balebedi ba gagwe.
24
Asahele monnaa Joabe e ne e le mongwe wa ba ba 30; Elehanane morwa Toto wa Betheleheme;
25
Shama wa Moharote, Elika wa Moharote;
26
Helese wa Mopalete, Ira morwa Ikeše wa Motekoa;
27
Abiesere wa Moanathothe, Mebunai wa Mokušathe;
28
Salemone wa Moahohe, Maharai wa Monetofa;
29
Helebe morwa Baana wa Monetofa, Itai morwa Ribai wa Gibea wa bana ba Benjamine;
30
Benaia wa Mopirathone, Hitai wa dinokana tsa Gaaše;
31
Abi-alebone wa Moareba, Asemafethe wa Mobarahume;
32
Eliahaba wa Mošalebona, bomorwa Jašene, Jonathane;
33
Shama wa Moharare, Ahiame morwa Sharare wa Moharare;
34
Elefelete morwa Ahasebai, morwa motho wa Momaakathe, Eliame morwa Ahithofele wa Mogilo;
35
Hesero wa Mokaremele, Paarai wa Moarebe;
36
Igale morwa Nathane wa Soba, Bani wa Mogate;
37
Seleke wa Moamone, Naharai wa Mobeerothe, e le batshola dibolao ba ga Joabe morwa Seruia;
38
Ira wa Moithire, Garebe wa Moithire;
39
Uria wa Mohite: batho ba le 37 fa ba le mmogo.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24