bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 5
2 Samuel 5
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 6 →
1
Foo ga tla ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa go Dafite kwa Heberone, tsa bua tsa re: “Bona, re lesapo la gago le nama ya gago.
2
E rile mo metlheng e e fetileng, Saule a sa le kgosi ya rona, e ne e le wena yo o bolotsang o ba o gorosa Baiseraele; Jehofa a go raya a re: ‘O tlaa otla tšhaba ya me Iseraele, o tlaa nna kgosana ya Iseraele.’ ”
3
Jalo bagolwane botlhe ba Iseraele ba tla kgosing kwa Heberone; mme kgosi Dafite a dira kgolagano nabo mo Heberone fa pele ga Jehofa; mme ba tlotsa Dafite, gore a nne kgosi ya Iseraele.
4
E rile Dafite a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 30, mme a busa ka dinyaga di le 40.
5
Ya re mo Heberone a busa Bajuta ka dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro; mo Jerusalema a busa Baiseraele botlhe le Bajuta ka dinyaga di le 33.
6
Kgosi le batho ba yone ba ya Jerusalema ba ya go tlhasela Bajebuse, banni ba lefatshe; ba ba kileng ba bua le Dafite ba re: “Fa o sa tlose difofu le batlhotsi, ga o ketla o tsena mono;” ba bo ba ithaya ba re: “Dafite ga a ka ke a tsena.”
7
Le fa go ntse jalo Dafite a gapa kago e e thata ya Sione; oo ke one motse wa ga Dafite.
8
Mme Dafite a bua ka tsatsi leo, a re: “Le fa e le mang yo o kgemethang Bajebuse, a a tlhatlogele kwa moeding wa metsi, mme a kgemethe batlhotsi le difofu, e le ba ba ilwang ke mowa wa ga Dafite.” Ke gone ka moo go tleng go twe: “Go na le difofu le batlhotsi gone; ga a ka ke a tsena mo ntlong.”
9
Dafite a aga mo kagong e e thata eo, mme a e bitsa Motse wa ga Dafite. Dafite a aga motse mo tikologong ya gone go tswa Milo le go ya kwa teng.
10
Dafite a gola bogolo bogolo; gonne Jehofa Modimo wa masomosomo a bo a na nae.
11
Hirame kgosi ya Tura a roma batho kwa go Dafite, a isa ditlhare tsa masetara, le babetli ba dikgong, le baagi; mme ba agela Dafite ntlo.
12
Dafite a lemoga fa Jehofa a mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele le go re, o goleditse bogosi jwa gagwe ka ntlha ya Baiseraele, tšhaba ya gagwe.
13
Dafite a fela a tsaya bagadingwana ba bangwe le basadi mo Jerusalema, a sena go tswa kwa Heberone; Dafite a fela a bona bana ba basimane le ba basetsana.
14
Maina a ba o ba bonyeng mo Jerusalema ke a: Shamua, Shobabe, Nathane le Solomone.
15
Le Ibehare, Elišua; le Nefege, le Jafie;
16
le Elišama, le Eliata, le Elifelete.
17
E rile Bafilisitia ba utlwa fa ba tloditse Dafite go nna kgosi ya Baiseraele, Bafilisitia botlhe ba ya go batla Dafite; mme Dafite a utlwa, mme a fologela kwa kagong e e thata.
18
Jaana Bafilisitia ba ne ba tsile, mme ba ikanamisa mo molapong wa Refaime.
19
Dafite a botsa Jehofa a re: “A ke ke bololele Bafilisitia? A o tlaa ba tsenya mo seatleng sa me?” Jehofa a raya Dafite a re: “Bolola; gonne ruri ke tlaa tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”
20
Dafite a tla mo Baale-perasime, Dafite a ba kgemetha gone; mme a re: “Jehofa o phomegeletse baba ba me fa pele ga me, jaaka go phomegela ga metsi.” Ke gone ka moo a raya felo foo leina a re, Baale-perasime.
21
Mme ba tlogela ditshwantsho tsa bone tsa medimo gone, mme Dafite le banna ba gagwe ba di tsaya.
22
Bafilisitia ba tla gape, ba ikanamisa mo molapong wa Refaime.
23
E rile Dafite a botsa mo go Jehofa, a re: “O se ka wa bolola; o ba dike morago, o tle mo go bone bolebagana le ditlhare tsa mamulubere.
24
Go tlaa dirala e tlaa re o utlwa mosumo wa motsamao mo godimo ga ditlhare tsa mamulubere, foo o itshikinye; gonne e tlaa bo e le gone Jehofa o yang fa pele ga gago a ya go kgemetha ntwa ya Bafilisitia.”
25
Dafite a dira jalo, jaaka Jehofa a mo laotse; mme a kgemetha Bafilisitia go tswa Geba go tsamaya o fitlha mo Gesere.
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24