bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 20
2 Samuel 20
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 21 →
1
Ga tshoganwa ka go le monna yo o seramatla gone, leina la gagwe e le Sheba, morwa Bikeri, motho wa Mobenjamine; mme a letsa lonaka a re: “Ga re na kabelo mo go Dafite, le gone ga re na boswa mo go morwa Jese; wena Iseraele, a motho mongwe le mongwe a ye mogopeng wa gagwe.”
2
Jalo banna botlhe ba Iseraele ba kgaogana le go sala Dafite morago, ba sala Sheba morwa Bikeri morago; mme banna ba Juta ba ngaparela kgosi ya bone, go simolola kwa Joretane go ya fela kwa Jerusalema.
3
Dafite a tla kwa ntlong ya gagwe kwa Jerusalema; kgosi ya tsaya basadi ba ba some ba bagadingwana ba yone, ba e ne e ba tlogetse go lebela ntlo, ya ba tsenya mo tisong, ya ba otla, mme ya se ka ya tsena kwa go bone. Jalo ba tswalelwa go ya letsatsing la loso lwa bone, ba ntse ba tshedile ka botlholagadi fela.
4
Foo kgosi ya raya Amasa, ya re: “Mphuthela banna ba Juta, malatsi a le mararo a ise a fete, le wena o bo o le gone fa.”
5
Jalo Amasa a ya go phutha banna ba Juta; a ya a diega a fetisa lobaka lo o lo kaetsweng.
6
Dafite a raya Abišai a re: “Jaanong Sheba morwa Bikeri o tlaa re direla bosula jo bo fetang jo bo dirilweng ke Abesalome; wena o tseye batlhanka ba morena wa gago, o mo konatelele, ka o ka tla a tsena mo metseng e e thekeleditsweng, a falole a tswe mo ponong ya rona.”
7
Mme a bololelwa ke banna ba ga Joabe, le Bakerethe, le Bapelethe, le ba ba diganka botlhe; mme ba tswa Jerusalema ba ya go konatelela Sheba morwa Bikeri.
8
E rile ba fitlha fa letlapeng le legolo le le mo Gibeone, Amasa a tla go ba kgatlhantsha. Joabe a bo a ikgatlhile ka diaparo tsa gagwe tsa ntwa tse o di apereng, mo go tsone ga bo go le moitlamo o na le tšhaka a e kgatlheletse ka fa nokeng ya gagwe, e le mo kgatlheng ya yone; mme ya re a tsamaela pele ya somoga ya wa.
9
Joabe a raya Amasa a re: “A o sa tshela sentle, ngwanaa rra?” Mme Joabe a tshwara Amasa ka ditedu ka seatla sa gagwe se segolo, a re o a mo atla.
10
Amasa a se ka a tlhokomela tšhaka e e mo seatleng se segolo sa ga Joabe; mme a mo swatlha ka yone mo mogodung a tshololela mala a gagwe fa fatshe, mme a se ka a tlhola a mo swatlha; mme a swa. Joabe le Abišai morwawe ba konatelela Sheba morwa Bikeri.
11
Ga ema fa go ene lengwe la makau a ga Joabe la re: “Yo o ratang Joabe le yo o mo ntlheng ya ga Dafite, a a sale Joabe morago.”
12
Mme Amasa a bo a bidikama fela mo mading a gagwe mo gare ga tsela e kgolo. E rile monna yoo a bona fa batho botlhe ba ema fela a tlosa Amasa mo tseleng e kgolo, a mo isa mo nageng, a mo khurumetsa ka kobo, ka a bona fa mongwe le mongwe yo o tlang ka ene a ema fela.
13
E rile a sena go tlosiwa mo tseleng e kgolo batho botlhe ba latela Joabe, ba ya go konatelela Sheba morwa Bikeri.
14
A ralala ditso tsotlhe tsa Iseraele go ya kwa Abele, le kwa Bethemaaka, le Babere botlhe; ba phuthega, le bone ba mo latela.
15
Ba fitlha ba mo tlhasela mo Abele wa Bethemaaka, ba tlhatlosetsa motse lomota, lwa ikama lorako lwa phemelo; batho botlhe ba ba nang le Joabe ba thulaka lorako, go tla ba lo diga.
16
Foo ga kua mosadi mongwe yo o botlhale mo teng ga motse a re: “Hee hee; ke a lo rapela, rayang Joabe lo re a atamele kwano, gore ke bue nae.”
17
A atamela kwa go ene; mme mosadi a re: “A ke wena Joabe?” A araba, a re: “Ke nna.” Mosadi a mo raya a re: “Utlwa mafoko a lelata la gago.” A araba a re: “Ke reeditse.”
18
Mosadi a bua a re: “E rile bogologolo ba ne ba tle ba bue ba re: ‘Le gale ba tlaa lopa kgakololo kwa Abele’; mme kgang e khutle jalo.
19
Nna ke wa bone ba ba agisang, le wa ba ba boikanngo mo Iseraele; o batla go senya motes mongwe le mma batho mo Iseraele; ana o ratelang go kometsa boswa jwa ga Jehofa?”
20
Joabe a mo fetola a re: “A go nne kgakala, a go nne kgakala le nna, fa nka kometsa, le fa e le go senya.
21
Ga go a nna jalo; mme monna mongwe wa lefatshe la Eferaime la makhujana, leina la gagwe ke Sheba morwa Bikeri, o tsholeleditse kgosi, e bong Dafite, letsogo la gagwe; ntsha ene fela, mme ke tlaa tlogela motse.” Mosadi a raya Joabe a re: “Bona, o tlaa latlhelwa tlhogo ya gagwe ka koo ka fa lorakong.”
22
Foo mosadi a ya mo bathong botlhe ka botlhale jwa gagwe. Ba kgaola Sheba morwa Bikeri tlhogo, ba e latlhela kwa go Joabe. A letsa lonaka mme ba phatlalalela motse, mongwe le mongwe a ya mogopeng wa gagwe, Joabe a boela Jerusalema kwa kgosing.
23
Jaana Joabe e ne e le molaodi wa ntwa yotlhe ya Iseraele; Benaia morwa Joiata e le molaodi wa Bakerethe le wa Bapelethe;
24
Atorame e le molaodi wa lekgetho; Jehošafate morwa Ahilote e le mokwadi wa ditiralo.
25
Shefe e le mokwaledi; Satoke le Abiathare e le baperesiti;
26
le ene Ira wa Mojaira e le moperesiti kwa go Dafite.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24