bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 11
2 Samuel 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 12 →
1
Ga dirala e rile ka tshokologo ya ngwaga, ka lobaka lwa fa dikgosi di bolola di ya go tlhabana, Dafite a roma Joabe le batlhanka ba gagwe nae, le Baiseraele botlhe; ba ya ba senya bana ba Amone, ba tlhasela Raba. Mme Dafite a sala mo Jerusalema.
2
Ga dirala ya re go le maitseboana, Dafite a rapamologa mo bolaong jwa gagwe, a tsamaya tsamaya mo godimo ga ntlo ya kgosi; o rile a le mo godimo ga ntlo a bona mosadi mongwe a tlhapa; mosadi yo a bo a le montle thata go lejwa.
3
Dafite a roma a ya go botsa ka ga mosadi, mme mongwe a re: “A yoo ga se Bathešeba morwadia Eliame, mosadi wa ga Uria wa Mohite?”
4
Dafite a roma batho ba ya go mo tsaya; mosadi a tsena kwa go ene mme a lala nae; (gonne o ne a itshekisitswe mo itshekologong ya gagwe;) mosadi a itse go boela kwa ntlong ya gagwe.
5
Mosadi a nna moimana; mme a roma a bolelela Dafite a re: “Ke moimana.”
6
Dafite a roma kwa go Joabe a re: “Roma Uria wa Mohite a tle kwano go nna.” Joabe a roma Uria kwa go Dafite.
7
E rile Uria a tla kwa go ene, Dafite a mmotsa botshelo jwa ga Joabe, le botshelo jwa batho, le ka fa ntwa e tswelelang ka gone.
8
Dafite a raya Uria a re: “Ya kwa ntlong ya gago, o itlhapise dinao.” Uria a tloga a tswa mo ntlong ya kgosi, a tloga a isediwa dijo tse di tswang kwa kgosing.
9
Mme Uria a robala fa mojakong wa ntlo ya kgosi a na le batlhanka botlhe ba morena wa gagwe, a se ka a ya kwa ntlong ya gagwe.
10
Ya re ba sena go bolelela Dafite fa Uria a se ka a ya kwa ntlong ya gagwe, Dafite a raya Uria a re: “A ga o tswe loetong? Ke ka ntlha yang o se ka wa ya kwa ntlong ya gago?”
11
Uria a raya Dafite a re: “Letlole, le Baiseraele le Bajuta, ba mo diobong; le morena wa me Joabe, le batlhanka ba morena wa me, ba thibeletse fela mo nageng; jalo a ke ne ke ka ya kwa ntlong ya me, ka ya go ja le go nwa, le go lala le mosadi wa me? Jaaka o tshedile, le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke dira selo se.”
12
Dafite a raya Uria a re: “Tlhola mono le gompieno, ka moso ke tlaa go lesa o tsamaya.” Uria a tlhola mo Jerusalema ka tsatsi leo le ka moso.
13
E rile Dafite a sena go mmitsa, a ja a nwa fa pele ga gagwe; a mo tagisa; ka maabanyane a tswa a ya go robala mo bolaong jwa gagwe a na le batlhanka ba morena wa gagwe, a se ka a ya kwa ntlong ya gagwe.
14
Ga dirala ya re ka moso Dafite a kwalela Joabe lokwalo, a lo isa ka Uria.
15
A kwala mo lokwalong a re: “O tle o beye Uria kwa pele, kwa tlhabano e gotetseng bogolo gone, mme lo mo tswe, lo boe ka morago, gore a tle a itewe, a swe.”
16
Ga dirala ya re Joabe a laletse motse, a laolela Uria kwa o itseng fa go na la banna ba ba pelokgale gone.
17
Banna ba motse ba tshologa ba tlhabana le Joabe; ga wa batho bangwe, e bong bangwe ba batlhanka ba ga Dafite; Uria wa Mohite le ene a swa.
18
Foo Joabe a roma, a ya go bolelela Dafite dilo tsotlhe ka ga ntwa;
19
a laela morongwa a re: “E tlaa re o sena go wetsa go bolelela kgosi dilo tsotlhe ka ga ntwa,
20
e tlaa re fa kgosi e ka nna bogale, mme e go raya e re: ‘Ana lo ne lo atamelelang bobe kwa motseng lo tlhabana? A lo ne lo sa itse fa ba tlaa hula ba le mo godimo ga lorako?
21
E mang yo o iteileng Abimeleke morwa Jerubešethe? A ga se mosadi mongwe yo o ne a latlhela tshilo mo go ene a le mo godimo ga lorako, a swela kwa Thebese? Ana lo ne lo atamelelang bobe kwa lorakong?’ Foo o tle o re: ‘Motlhanka wa gago Uria wa Mohite le ene o sule.’ ”
22
Jalo morongwa a tsamaya, a tla a kakanyetsa Dafite tsotlhe tse Joabe o ne a mo romile ka ga tsone.
23
Morongwa a raya Dafite a re: “Batho ba ne ba re fenya, ba re tshologela kwa nageng, re ne re tlhatlaganye nabo go ya fela kwa botsenong jwa kgoro.
24
Bahudi ba le mo godimo ga lorako ba hula batlhanka ba gago; batlhanka bangwe ba kgosi ba sule, le motlhanka wa gago Uria wa Mohite le ene o sule.”
25
Foo Dafite a raya morongwa a re: “O tlaa raya Joabe jaana o re: ‘A selo se, se se ka sa go itumolola, gonne tšhaka e tle e je mongwe jaaka yo mongwe; tlhabana le motse ka thata e kgolo bogolo, mme o o fenye;’ le wena o mo nametse.”
26
E rile mosadi wa ga Uria a utlwa fa Uria monna wa gagwe a sule, a direla monna wa gagwe khutsafalo.
27
Ya re khutsafalo e sena go feta, Dafite a roma a mo tlisa mo ntlong ya gagwe, a nna mosadi wa gagwe, a bona nae ngwana wa mosimane. Mme selo se Dafite o se dirileng sa itumolola Jehofa.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24