bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 7
2 Samuel 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 8 →
1
Ga dirala e rile kgosi e setse e agile mo ntlong ya yone, Jehofa a e neile boikhutso mo babeng botlhe ba yone mo tikologong,
2
kgosi ya raya Nathane moperofeti ya re: “Nna ke agile mo ntlong ya masetara, mme letlole la Modimo le agile mo teng ga matsela a a lepeletseng fela.”
3
Nathane a raya kgosi a re: “Ya o dire gotlhe mo go mo pelong ya gago; gonne Jehofa o na nao.”
4
Mme ya re bosigo joo lefoko la ga Jehofa la tla mo go Nathane la re:
5
“Ya o reye motlhanka wa me Dafite o re: Jehofa o bua jaana a re: ‘A o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone?
6
Gonne e sa le ka letsatsi le ke ntshitseng bana ba Iseraele mo Egepeto ka lone, nako ke eno, ga ke ise nke ke age mo ntlong, ke ntse ke tsamaya mo mogopeng le mo motlaaganeng fela.
7
Mo mafelong otlhe kwa ke tsamaileng le bana botlhe ba Iseraele gone, a nkile ka bua lefoko le mongwe wa ditso tsa Iseraele, yo ke mo laotseng gore a otle batho ba me Baiseraele ka re: Ana go ntse jang ka lo sa nkagela ntlo ya masetara?’
8
“Ke gone jaana o reye motlhanka wa me Dafite o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke ne ka go tsaya mo mafulong, o setse dinku morago, gore o tle o nne kgosana ya batho ba me ya Baiseraele;
9
ke ne ke ntse ke na nao gongwe le gongwe kwa o ntse o ya gone, ke tlositse baba botlhe ba gago fa pele ga gago; mme ke tlaa go direla leina le legolo, le le tshwanang le leina la ba bagolo ba ba mo lefatsheng.
10
Ke tlaa baakanyetsa batho ba me Baiseraele bonno, ke ba tlhoma, gore ba age mo bonnong jo e leng jwa bone, ba sa tlhole ba sutisiwa; le gone bana ba boikepo ga ba ketla ba tlhola ba ba patika jaaka ga ntlha,
11
le jaaka go simolola ka tsatsi le ke laotseng ka lone, gore go nne baatlhodi mo bathong ba me Baiseraele; ke tlaa go naya boikhutso mo babeng botlhe ba gago. Gape Jehofa o a go bolelela fa a tlaa go dira motse.
12
E tlaa re malatsi a gago a sena go fela, o robala le borraeno, ke tlaa emisa wa losika lwa gago morago ga gago, yo o tlaa tswang mo mmeleng wa gago, mme ke tlaa tlhomamisa bogosi jwa gagwe.
13
Ene o tlaa agela leina la me ntlo, mme ke tlaa tlhomamisa setulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng.
14
Ke tlaa nna rraagwe, ene o tlaa nna morwaake; fa a dira boikepo, ke tlaa mmetsa ka thupa ya batho, le ka kgwathiso ya bana ba batho.
15
Boutlwelo botlhoko jwa me ga bo ketla bo mo tlogela, jaaka ke bo tlositse mo go Saule yo ke mo tlositseng fa pele ga gago.
16
Motse wa gago o tlaa tlhomamisiwa le bogosi jwa gago ka bosakhutleng fa pele ga gago; le setulo sa gago sa bogosi se tlaa tlhomamisiwa ka bosakhutleng.’ ”
17
Nathane a bua le Dafite ka fa mafokong a otlhe le ka fa ponatshegelong e yotlhe fela.
18
Foo Dafite kgosi a tsena, a dula fa pele ga Jehofa; mme a re: “Ana ke mang, Jehofa Modimo, le ntlo ya me ke eng, fa e bo ne ne o nterile fano jaana?
19
Mo e ne e le selo se sebotlana mo matlhong a gago, Jehofa Modimo; o bile o buile le ka ga motse wa motlhanka wa gago go o segofaletsa lobaka lo loleele lo lo tlang; mo le gone e le ka fa mokgweng wa batho, Jehofa Modimo.
20
Dafite o ka fela a go raya a reng? Gonne o a mo itse motlhanka wa gago, Jehofa Modimo.
21
O dirile bogolo jotlhe jo ka ntlha ya lefoko la gago, le ka fa pelong ya gago go tla o bo itsise motlhanka wa gago.
22
Ka ntlha ya moo o mogolo, Jehofa Modimo; gonne ga go na ope yo o tshwanang nao, le gone ga go na Modimo ope kwa ntle ga gago, ka fa go tsotlhe tse re di utlwileng ka ditsebe tsa rona.
23
Go na le morafe ofe mo lefatsheng o o tshwanang le batho ba gago, ke gore, o o tshwanang le Baiseraele ba Modimo o ileng go ba ithekololela gore e nne tšhaba, le gore o itirele leina, le gore o ba direle dilo tse dikgolo, le lefatshe la gago go le direla dilo tse di boitshegang, fa pele ga batho ba gago, ba o tswang go ba ithekololela kwa Egepeto, ba tswa mo merafeng le mo medimong ya yone.
24
O ne wa itlhomamisetsa batho ba gago Baiseraele gore e nne tšhaba mo go wena ka bosakhutleng; le wena Jehofa wa ba wa tla wa nna Modimo wa bone.
25
“Jaana, Modimo, lefoko le o le buileng ka ga motlhanka wa gago le ka ga motse wa gagwe, a ko o le tlhomamise ka bosakhutleng, o tle o dire jaaka o buile.
26
A leina la gago le godisiwe ka bosakhutleng, ka gore, Jehofa wa masomosomo ke Modimo o o okameng Iseraele; mme motse wa motlhanka wa gago Dafite o tlaa tlhomamisiwa fa pele ga gago.
27
Gonne wena Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o senoletse motlhanka wa gago wa re: ‘Ke tlaa go agela ntlo’; ke gone ka moo motlhanka wa gago o ikutlwileng mo pelong ya gagwe go go rapela ka morapelo o.
28
“Jaana, Jehofa Modimo, o Modimo, le mafoko a gago ke boammaaruri, o tlhomamiseditse motlhanka wa gago selo se se molemo se.
29
Ke gone jaana, a go go kgatlhe go segofatsa motse wa motlhanka wa gago, gore o tle o nnele ruri ka bosakhutleng fa pele ga gago; gonne wena, Jehofa Modimo, o se buile; a motse wa motlhanka wa gago o segofadiwe ka tshegofatso ya gago ka bosakhutleng.”
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24