bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Samuel 3
2 Samuel 3
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 4 →
1
Jaana ga nna ntwa ka lobaka lo loleele gare ga boo rra Saule le boo rra Dafite; Dafite a nonofa bogolo bogolo, boo rra Saule ba koafala bogolo bogolo.
2
Dafite a bona bana ba basimane mo Heberone; wa motsalwapele wa gagwe e ne e le Amenone, wa ga Ahinoame wa Mojesereele;
3
wa bobedi e le Kileabe, wa ga Abigaile mosadi wa ga Nabale wa Mokaremele; wa boraro e le Abesalome morwa Maaka morwadia Talemai kgosi ya Gešure;
4
wa bone e le Atonija morwa Hagithe, wa botlhano e le Shefathia morwa Abitale;
5
mme wa borataro e le Ithereame, wa ga Egela mogatsa Dafite. Bao Dafite a ba bona mo Heberone.
6
Ga dirala ya re go sa ntse go le ntwa gare ga boo rra Saule le boo rra Dafite, Abenere a ithatafatsa mo ntlong ya ga Saule.
7
Jaana Saule o ne a na le mogadingwana mongwe, leina la gagwe e le Risepa, morwadia Aia; mme Išibošethe a raya Abenere a re: “Ka ntlha yang o tsenye mo go mogadingwana wa ga rre?”
8
Foo Abenere a nna bogale thata ka ntlha ya mafoko a ga Išibošethe, a re: “A ke tlhogo ya ntša e e leng ya Sejuta? Gompieno ke diretse ntlo ya ga Saule rraago bopelonomi, le bana ba ga rraagwe, le ditsala tsa gagwe, le gone wena ga ke a go tsenya mo seatleng sa ga Dafite, le fa go ntse jalo gompieno o nnaya molato ka ga mosadi yo.
9
A Modimo o direle Abenere jalo, o bo o fetise fa ke sa direle Dafite jalo, jaaka Jehofa a mo ikanetse;
10
go tlosa bogosi mo ntlong ya ga Saule, le go emisetsa Iseraele le Juta setulo sa ga Dafite sa bogosi, go tswa Dane go ya Beerešeba.”
11
Mme a bo a sa nonofa go fetola Abenere ka lefoko lepe, gonne a mmoifa.
12
Abenere ka esi a roma batho kwa go Dafite a re: “Lefatshe ke la ga mang?” A ba a re: “Dira kgolagano ya gago le nna, mme bona, seatla sa me se tlaa bo se na nao go sokololela Baiseraele botlhe kwa go wena.”
13
Dafite a re: “Go molemo; ke tlaa dira kgolagano nao; mme ke lopa selo se le sengwe fela mo go wena, ka re, ga o ketla o bona sefatlhogo sa me, fa o sa lere Mikale morwadia Saule pele, fa o tla go bona sefatlhogo sa me.”
14
Dafite a roma batho kwa go Išibošethe morwa Saule, a re: “Nnaya mosadi wa me Mikale, yo ke mo ipeeleletseng ka nama ya ditlhong tsa Bafilisitia ba le lekgolo.”
15
Išibošethe a roma a ya go mo tsaya mo monneng wa gagwe, e bong mo go Palatiele morwa Laiše.
16
Mme monna wa gagwe a ya nae, a eta a lela, a mo sala morago go ya go fitlha kwa Bahurime. Foo Abenere a mo raya a re: “Tloga o boe,” mme a boa.
17
Abenere a bua le bagolwane ba Iseraele a re: “E rile mo metlheng e e fetileng lwa bo lo ne lo batla gore Dafite a nne kgosi ya lona.
18
Jaana a go dirwe jalo, gonne Jehofa o buile ka ga Dafita a re: ‘Ke tlaa golola batho ba me Baiseraele mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa baba botlhe ba bone ka seatla sa ga Dafite motlhanka wa me.’ ”
19
Le gone Abenere a seba le boora Benjamine; mme le gone Abenere a ya a seba le Dafite kwa Heberone gotlhe mo go neng go le molemo mo matlhong a Baiseraele, le mo go boo rra Benjamine botlhe.
20
Jalo Abenere a ya kwa go Dafite kwa Heberone, a na le banna ba le 20. Dafite a direla Abenere le banna ba o nang nabo modiro.
21
Abenere a raya Dafite a re: “Ke tlaa nanoga ke ya ke phuthela Baiseraele botlhe kwano kgosing, morena wa me, gore ba tle ba dire kgolagano nao, le gore o tle o buse gotlhe mo mowa wa gago o go eletsang.” Mme Dafite a naya Abenere tsela a tsamaya ka kagiso.
22
Mme bonang, batlhanka ba ga Dafite le Joabe ba bo ba tswa bonokwaneng, ba tla ba na le kgapo e kgolo; mme Abenere o ne a se kwa go Dafite, kwa Heberone; ka a mo neile tsela, mme a tsamaile ka kagiso.
23
E rile Joabe le ba lesomosomo lotlhe le o nang nalo ba sena go tla ba bolelela Joabe ba re: “Abenere morwa Nere o ne a tsile kgosing, mme kgosi e mo neile tsela, mme o tsamaile ka kagiso.”
24
Joabe a ya kwa kgosing, a re: “O dirileng! Bona, Abenere o ne a tsile mo go wena; ana go ntse jang ka o mo neile tsela, mme o etse ruri?
25
O a mo itse Abenere morwa Nere, fa a ne a tsile go go tsietsa, le go itse go tswa ga gago le go tsena ga gago, le go itse gotlhe mo o go dirang.”
26
E rile Joabe a sena go tswa mo go Dafite, a roma batho ba latela Abenere, mme ba mmusa fa sedibeng sa Sira; mme Dafite a bo a sa itse.
27
E rile Abenere a sena go boela mo Heberone, Joabe a mo isa fa thoko mo gare ga kgoro, a ya go seba nae, a mo swatlhetsa gone mo mogodung, a ba a swa, ka ntlha ya madi a ga Asahele monnawe.
28
Morago ga moo ya re Dafite a utlwa, a re: “Nna le bogosi jwa me ga re na molato fa pele ga Jehofa ka bosakhutleng ka ga madi a ga Abenere morwa Nere.
29
A a wele mo tlhogong ya ga Joabe, le mo go botlhe ba ntlo ya ga rraagwe, a go se tlhokafale mo ntlong ya ga Joabe mongwe yo o nang le keleketlo, kgotsa yo o leng molepero, kgotsa yo o ikokotlelang ka seikokotlelo, kgotsa yo o wang ka tšhaka, kgotsa yo o tlhokang dijo.”
30
Jalo Joabe le Abisai monnawe ba bolaya Abenere, ka a ne a bolaile Asahele monnaa bone kwa Gibeone go tlhabanwa.
31
Dafite a raya Joabe, le batho botlhe ba ba nang nae, a re: “Ikgagoleng diaparo, lo itlame ka letsela la kgetse, lo hutsafale fa pele ga Abenere.” Kgosi Dafite a sala setshola moswi morago.
32
Ba fitlha Abenere mo Heberone; kgosi ya tsholetsa lentswe ya lela fa phupung ya ga Abenere; le batho botlhe ba lela.
33
Kgosi ya lelela Abenere a re: “A Abenere o ne a tshwanetse go swa jaaka seeleele?
34
Mabogo a gago a ne a sa bofiwa le maoto a gago a se mo diketaneng; jaaka fa monna a wela fa pele ga bana ba boikepo, o ole jalo.” Batho botlhe ba ba ba mo lelela gape.
35
Batho botlhe ba tla go rapela Dafite gore a je dijo go sa ntse go le motshegare; mme Dafite a ikana a re: “A Modimo o ntirele jalo, o bo o fetise, fa nka leka dijo, le fa e le sengwe se sele, letsatsi le ise le phirime pele.”
36
Batho botlhe ba go ela tlhoko, mme ga ba kgatlha; jaaka sengwe le sengwe se kgosi e se dirang se kgatlha batho botlhe.
37
Jalo batho botlhe, le Baiseraele botlhe ba ne ba tlhaloganya ka tsatsi leo fa kgosi e sa laola go bolaya Abenere morwa Nere.
38
Kgosi ya raya batlhanka ba yone ya re: “A ga lo itse fa go ole kgosana le monna yo motona mo Iseraele gompieno?
39
Gompieno ke bokoa, le fa ke tloditswe go nna kgosi; banna ba, bomorwa Seruja ba thata bobe mo go nna; Jehofa o tlaa duela modira boikepo ka fa boikepong jwa gagwe.”
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24