bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 10
Proverbs 10
Tswana Setswana 1970
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 11 →
1
Diane tsa ga Salomo. Ngwana yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme ngwana yo o bosilo o hutsafatsa mmaagwe.
2
Dikhumo tsa tshiamololo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong.
3
Morena ga a bolaise mosiami tlala, mme keletso ya moikepi o e kgoromeletsa kwa morago.
4
Seatla sa motlapa se a humanegisa, mme diatla tsa ba ba tlhaga di a humisa.
5
Ngwana yo o maatlametlo o phutha dijo selemong. Yo o robalang go kotulwa ke yo o tlhabisang ditlhong.
6
Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo.
7
Go gakologelwa mosiami go tshegofatsa matlho, mme leina la baikepi le a nyelela.
8
Yo o pelo e botlhale o amogela ditaolo, mme yo o molomo o bosilo o tla digwa.
9
Yo o sepelang ka boitekanelo o tsamaya a le mo tshireletsong; yo o sokamisang ditsela tsa gagwe o tla lemogiwa.
10
Yo o tswitlang ka leitlho o tsisa bohutsana; mme yo o kgalemelang molato a sa tshabe motho o dira kagiso.
11
Molomo wa mosiami ke motswedi wa bophelo; mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo.
12
Letlhoo le tsosa phapaang, mme lorato lo bipa maleo otlhe.
13
Go fitlhelwa botlhale mo molomong wa motlhalefi, mme thupa e tshwanetse motlhana wa yo o se nang tlhaloganyo.
14
Ba ba botlhale ba ipolokela kitso, mme molomo wa seeleele o atametsa tlalelo.
15
Tse mohumi o nang natso ke motse o o thata wa gagwe; mme tatlhego ya ba ba botlana ke khumanego ya bone.
16
Tse mosiami o di itiretseng di a mo phedisa; tse moikepi o di bonang di a mo leofisa.
17
Yo o elang kotlo tlhoko o mo tseleng e e yang mo bophelong; mme yo o tlhokomologang kgalemelo o a timela.
18
Melomo ya maaka e fitlha letlhoo, moutlwatsa-tshele ke lesilo.
19
Bontsi jwa mafoko ga bo tlhoke boleo, mme yo o itshwarang molomo o botlhale.
20
Loleme lwa mosiami ke selefera e e tlhaotsweng; tlhaloganyo ya moikepi ga se ya sepe.
21
Molomo wa mosiami o jesa ba bantsi, mme dieleele di tla swa ka go tlhoka tlhaloganyo.
22
Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe.
23
Go dira tse di tlhabisang ditlhong go kgatlha seeleele; mme monna yo o nang le tlhaloganyo o kgatlhwa ke botlhale.
24
Se moikepi o se tshabang se tla mo wela; se basiami ba se eletsang Modimo o tla se ba naya.
25
E a re fa ledimo le feta, moikepi a ye le lone; mme mosiami o theilwe mo motheong o o sa khutleng.
26
Tse botlha bo di dirang mo menong, tse musi o di dirang mo matlhong, ke tse motlapa o di direlang ba ba mo romileng.
27
Go boifa Morena go oketsa malatsi a bophelo; mme dinyaga tsa baikepi di tla fokodiwa.
28
Tsholofelo ya basiami e isa mo boitumelong; tse baikepi ba di letileng di a nyelela.
29
Tsela ya Morena ke phemelo ya morapedi, mme e isa badiri ba boithamako mo tatlhegong.
30
Mosiami ga a kitla a reketla ka bosakhutleng, mme baikepi ga ba kitla ba nnela ruri mo lefatsheng.
31
Molomo wa mosiami o tlhogisa botlhale, mme loleme lwa bolotsana lo tla kumolwa.
32
Molomo wa mosiami o itse tse di natefang; melomo ya baikepi e itse tsa bolotsana fela.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 11 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31