bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 18
Proverbs 18
Tswana Setswana 1970
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 19 →
1
Yo o ikgaoganyang le ba bangwe o batla boithatelo fela; o lwantsha tsotlhe tse di tsweletsang pele.
2
Lesilo ga le kgatlhwe ke tlhaloganyo, mme le rata go senola pelo ya lone.
3
Fa go tla moikepi, le nyatso e tla nae le nyatsego e e bapileng le kgobo.
4
Mafoko a monna wa nnete ke metsi a bodiba, ke noka e e elang, ke motswedi wa botlhale.
5
Go goga le moikepi ga go a siama, le e seng go siamololela mosiami mo tshekong.
6
Molomo wa lesilo o tsosa ntwa; molomo wa lone o ipiletsa dithupa.
7
Molomo wa lesilo o le isa tatlhegong molomo wa lone ke seru se se thaisang bophelo jwa lone.
8
Mafoko a mosenya-leina a tshwana le dijo tse di mafura tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe.
9
Le ene yo o botlapa mo tirong ya gagwe ke monnaa mosenyi.
10
Leina la Morena ke phemelo e e tiileng; mosiami o tshabela teng a sirelediwa.
11
Khumo ya mohumi ke motse o o femetsweng mo go ene, ke lobota lo lo godimo mo megopolong ya gagwe.
12
Boikgodiso jwa pelo ya motho bo etelela tatlhego ya gagwe pele, mme boikokobetso bo latelwa ke tlotlego.
13
Fa motho a araba a ise a utlwe potso, ke bosilo le ditlhong mo go ene.
14
Monna yo o pelokgale o itshokela bolwetse jwa gagwe; mme mowa o o imetsweng, ke mang yo o ka o tsosang?
15
Pelo ya motlhalefi e ntse e ithutela pele; ditsebe tsa matlhale di batla kitso.
16
Neo e motho o e ntshang e mmulela tsela, e mo fitlhisa fa pele ga ba bagolo.
17
Mmegi wa molato e kete o siame mo tshekong ya gagwe, mme go tla tla mongwe-ka-ene a mmotsolotsa.
18
Tengwa e khutlisa diphapaang, e kgaoganya ba ba thata.
19
Morwa motho yo o leofetsweng o thata bogolo go motse o o femetsweng; letlhoo le tshwana le phemelo ya ntlo ya borena.
20
Mpa ya motho e tla kgora leungo la molomo wa gagwe; o tla kgora kotulo ya tse a di jwetseng ka molomo wa gagwe.
21
Loso le bophelo di mo thateng ya loleme; ba ba ratang go bua ka lone ba tla ja leungo la lone.
22
Yo o bonyeng mosadi o bonye se se molemo; o filwe tlhogonolo ke Morena.
23
Mohumanegi o bua ka mokokotlelo, mme mohumi o araba ka bopeloethata.
24
Balekane ba motho ba ka mo isa mo tatlhegong; mme go ka nna le tsala e e kgomarelang motho bogolo go morwa-rraagwe.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31