bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 16
Proverbs 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 17 →
1
Sa motho ke go ikakanya, mme loleme lo tla fiwa karabo ke Morena.
2
Motho a re, ditsela tsotlhe tsa gagwe di itshekile, mme yo o tlhatlhobang mewa ke Morena.
3
Neela Morena ditiro tsa gago, foo maikaelelo a gago a tla dirafala.
4
Morena o bopetse dilo tsotlhe maikaelelo a gagwe; ee, le moikepi o mmopetse letsatsi la tatlhego.
5
Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgodisang ke maila mo Moreneng; ruri, ga a kitla a tlhoka petso.
6
Molato o bipiwa ka bopelotlhomogi le ka boammaaruri; motho o tila bosula ka go boifa Morena.
7
Fa ditsela tsa monna di kgatlha Morena, le baba ba gagwe o tla ba agisanya nae.
8
Leruonyana la tshiamo le phala le legolo la tshiamololo.
9
Pelo ya motho e akanya tsela ya gagwe, mme Morena ke ene a tsamaisang dikgato tsa gagwe.
10
Katlholo e mo molomong wa kgosi; a molomo wa yona o se ka wa atlhola ka boikanyologo!
11
Seelo le selekanyetso tse di siameng ke tsa Morena; majwe otlhe a kgetsana a a supang bokete ke tiro ya gagwe.
12
Go dira tsa boikepo ke maila dikgosing; gonne sedulo sa kgosi se tlhomamisiwa ka tshiamo.
13
Melomo e e siameng e kgatlha dikgosi; di rata yo o bolelang tsa nnete.
14
Kgalefo ya kgosi e tshwana le barongwi ba loso; monna yo o botlhale o tla e tima.
15
Sefatlhego sa kgosi se se supang lorato se a phedisa; bopelontle jwa yona bo tshwana le leru la pula ya tlhakola-modula.
16
Go huma botlhale go phala gouta jang ne! Go huma tlhaloganyo go gaisa selefera.
17
Tsela e e katilweng ya batho ba nnete ke go tila bosula; yo o disang tsamao ya gagwe o boloka bophelo jwa gagwe.
18
Boikgodiso bo latelwa ke tatlhego; mowa o o ikgantshang o etelela go wa pele.
19
Go ikokobetsa le ba ba ikokobetsang go gaisa go abelana thopo le ba ba ikgodisang.
20
Yo o elang Lefoko la Modimo tlhoko o tla bona tlhogonolo. Go sego yo o ikanyang Morena.
21
Yo o pelo e botlhale o tla bidiwa motlhalefi; mafoko a a bonolo a tsweledisa thuto pele.
22
Tlhaloganyo ke motswedi wa bophelo mo go mong wa yona; mme masilo a otlwa ka bosilo jwa ona.
23
Pelo ya letlhale e ruta loleme lwa lone; le gona e godisa thuto mo molomong wa lone.
24
Mafoko a a monate ke mafura a dinotshe, a natefela pelo, a alafa le marapo.
25
Go na le tsela e e siameng mo matlhong a motho, mme bokhutlo jwa yona ke tsela ya loso.
26
Tlala ya modiri e a mo dirisa, gonne molomo wa gagwe o a mo kgweetsa.
27
Sekebeke se epela ba bangwe gopo ya tatlhego; e kete molelo o o fisang o mo molomong wa sona.
28
Molotsana o lotlhanya batho; mosenya-leina o kgaoganya ditsala.
29
Mosiamolodi o raela mongwe-ka-ene, o mo gogela mo tseleng e e seng molemo.
30
Yo o budulatsang matlho go loga maano a bolotsana, a ba a moma molomo o setse a dirile bosula.
31
Moriri o mmududu ke serwalo se sentlentle; se bonwa ka tsamao e e siameng.
32
Yo o pelotelele o phala seganka; yo o itseng go itshwara o gaisa mothopi wa motse.
33
Tengwa e kgotlokgodiwa mo pataneng ya seaparo, mme katlholo ya yona e tswa mo Moreneng.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31