bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 26
Proverbs 26
Tswana Setswana 1970
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 27 →
1
Tlotlo e rona lesilo jaaka semathana se rona mo selemong le jaaka pula e rona mo kotulong.
2
Thogako e e se nang lebaka ga e kitla e dirafala; e tshwana le thaga e e timelang le peolwane e e fofang e tloga.
3
Seme se lebanye pitse le mogala esele, le thupa metlhana ya dieleele.
4
Se arabe lesilo ka fa bosilong jwa lone, e se re gongwe le wena wa tshwana nalo.
5
Mme fetola lesilo tse di tshwanetseng bosilo jwa lone gore le se ka la itshema letlhale.
6
Yo o romelang mafoko ka lesilo o ikgaola maoto, o a siamololelwa.
7
Seane mo melomong ya masilo se tshwana le maoto a segole a a repileng.
8
Yo o tlotlang lesilo o tshwana le yo o bofelelang letlapa mo go seragamajwe.
9
Seane melomong ya masilo ke letlhaku la mitlwa mo seatleng sa letagwa.
10
Yo o rapang lesilo le bafeti ke mohudi yo o ntshang botlhe dintho.
11
Lesilo le le boelelang bosilo jwa lone le tshwana le ntšwa e e boelang go ja matlhatsa a yona.
12
Fa o bona monna yo o ikayang botlhale, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.
13
Setshwakga se a re: “Ledumedi le mo tseleng; tau e mo dipatlelong.”
14
Motlapa o fetoga mo bolaong jwa ona jaaka setswalo se akgega mo mapegong a sona.
15
Motlapa o tsenya seatla sa ona mo mogopong; mme go se isa kwa molomong go a o palela.
16
Sebodu se itshema letlhale bogolo go banna ba supa ba ba itseng go araba sentle.
17
Yo o itsenyang mo ntweng e e seng ya gagwe o tshwara ntšwa e e fetang ka ditsebe.
18
Setsenwa se hula dirumola le metswi e e bolayang.
19
Monna yo o tsietsang mongwe-ka-ene o ipata ka go re: “Kana ke tshameka fela,” o tshwana naso.
20
Molelo o a tima, fa dikgong di fedile; phapaang e a khutla, fa go se na molotlhanyi.
21
Monna wa phapaang o tsosa ntwa jaaka moubo o tukisa magala le dikgong di tukisa molelo.
22
Mafoko a yo o senyang leina a tshwana le dijo tse di monate tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe.
23
Fa molomo o tuka lorato, mme pelo e ntse e le mpe, ke lobeana fela lo lo manegilweng manyela a selefera.
24
Motlhoi o itira morati ka molomo wa gagwe, mme o na le tsietso ka kwa teng.
25
Fa a utlwatsa lentswe la lorato, se mo ikanye; gonne o na le bosupa jwa makgapha mo pelong ya gagwe.
26
Le fa letlhoo le ka iphitlha ka tsietso, bosula jwa lone bo tla bonala mo phuthegong.
27
Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o kgokolosang lefika o tla bolawa ke lone.
28
Molomo wa maaka o tlhoa ba o ba pšhwetlileng; loleme lo lo borethe lo isa mo tatlhegong.
← Chapter 25
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 27 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31