bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 28
Proverbs 28
Tswana Setswana 1970
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 29 →
1
Baikepi ba a tshaba, le fa go se na ope yo o ba lateletseng, mme basiami ba pelokgale jaaka tawana.
2
Dikgosi tsa morafe di latelana ka pele ka ntlha ya maleo a ona, mme tshiamo e tlhomama ka batho ba ba nang le tlhaloganyo le kitso.
3
Monna yo e leng tlhogo, yo o gatelelang ba babotlana, o tshwana le pula e e gogolang fela e e sa tsiseng dijo.
4
Ba ba tlogelang molao ba boka baikepi, mme ba ba tshegetsang molao ba a ba galefela.
5
Batho ba ba bosula ga ba tlhaloganye tshiamo, mme ba ba batlang Morena ba tlhaloganya tsotlhe.
6
Mohumanegi yo o sepelang ka poifo-Modimo o molemo bogolo go mohumi yo o sokameng, ka a le tsela-pedi.
7
Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o tlhalefileng, mme yo o tsalanang le difafalele o tlhabisa rraagwe ditlhong.
8
Yo o kokotletsang di-tsa-gagwe ka tsadiso ya madi gongwe ka kgwebo o phuthela yo o tla tlhomogelang batlhoki pelo.
9
Yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa molao, thapelo ya gagwe le yona ke maila.
10
Yo o faposetsang ba nnete kwa tseleng e e bosula o tla wela mo lemeneng la gagwe ka esi, mme ba ba tletseng tumelo ba tla ja boswa jwa tse di molemo.
11
Monna yo o humileng o itshema letlhale; mme modidi yo o nang le tlhaloganyo o a mo lemoga.
12
Fa basiami ba duduetsa, ke kgalalelo e kgolo; mme fa baikepi ba tsoga, batho ba iphitlha.
13
Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe; mme yo o a ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo.
14
Go sego motho yo o boifang Modimo ka gale, mme yo o thatafatsang pelo ya gagwe o tla wela mo tatlhegong.
15
Moikepi yo o busang batho ba babotlana ke tau e e bôpang le bere e e tsomang.
16
Molaodi yo o tlhokang tlhaloganyo ke mogateledi yo mogolo, mme yo o ilang kgwebo ya tshiamololo o tla phela ka boleele.
17
Motho yo o imelwang ke molato wa go bolaya motho o tla nna motshabi go fitlha lebitleng; se mo thuseng.
18
Yo o sepelang ka poifo-Modimo o tla phologa, mme yo o sokameng, a le tsela-pedi o tla wela mo gopong.
19
Yo o lemang tshimo ya gagwe o tla kgora bogobe, mme yo o latelang tse di se nang mosola o tla bona khumanego fela.
20
Monna yo o ikanyegang o tla bona ditshegofatso tse dikgolo, mme yo o potlakelang go huma ga a nke a tlhoka kotlo.
21
Go gobelelela motho ga go a siama. Monna o ka tlogela tshiamo le ka ntlha ya thathana ya bogobe fela.
22
Monna wa leitlho la lefufa o potlakela go huma, mme ga a itse gore lehuma le tla mo wela.
23
Yo o kgalemelelang motho boleo o tla ratwa morago bogolo go motho wa loleme lo lo borethe.
24
Yo o thukhuthang rraagwe gongwe mmaagwe, mme a re: “Ga se boleo!” ke ene molekane wa mosenyi.
25
Yo o pelotshetlha o tsosa dintwa, mme yo o ikanyang Morena o tla lapolosiwa.
26
Yo o ikanyang tlhaloganyo ya gagwe ke seeleele, mme yo o sepelang ka botlhale o tla phologa.
27
Yo o abelang mohumanegi ga a kitla a tlhoka sepe, mme yo o ipipang matlho o tla rogakwa gantsi.
28
Fa baikepi ba tsoga, batho ba a iphitlha; mme fa ba latlhega, basiami ba a ntsifala.
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31