bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 6
Proverbs 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 7 →
1
Ngwanaka, fa o ipofile wa re, ke tla lefa molato wa mongwe-ka-nna; fa o ipofile ka go neelana diatla le moeng,
2
fa o itlamile ka mafoko a molomo wa gago; fa o tshwerwe ka dipolelo tsa molomo wa gago,
3
dira jaana, ngwanaka gore o ikgolole, gonne o wetse mo diatleng tsa mongwe-ka-wena: Yaa o ikokobetse, o kokotlele mongwe-ka-wena thata!
4
Tima matlho a gago boroko, se dumelele dintshi tsa gago go otsela.
5
O falole jaaka phudufudu mo seatleng sa motsomi le jaaka nonyane mo seatleng sa mothaisi wa yona.
6
Motlapa, yaa kwa tshoswaneng, o bone mekgwa ya yona, o tlhalefe!
7
Le fa e se na kgosana le e seng mokwaledi gongwe molaodi,
8
e etleetsa dijo tsa yona selemo, e kgobokanya dijo tsa yona fa go kotulwa.
9
Wena setshwakga, o tla robala go fitlha leng? O tla tsoga leng mo borokong?
10
O a re: “Ke ya go robala go le gonnye, ke otsela go le gonnye, ke phutha diatla go le gonnye go ikhutsa.”
11
Mme khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani.
12
Yo o tsamayang ka bolotsana jwa molomo ke motho yo o se nang mosola; ga se monna wa sepe.
13
O gwetlha ka matlho, a bontshe ka maoto, a supe ka menwana,
14
a loge maano a bolotsana mo pelong ya gagwe a a bosula ka metlha yotlhe, a lotlhanye batho.
15
Ene yoo tatlhego e tla mo wela ka tshoganyetso, o tla pšhwetlwa ka ponyo ya leitlho, go se na se se ka mo thusang.
16
Dilo di le thataro Morena o di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene:
17
Ke matlho a boikgantsho le loleme lwa maaka le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato
18
le pelo e e logang maano a bolotsana le maoto a a itlhaganelelang kwa bosuleng
19
le mosupi wa kako yo o bolelang maaka le yo o losang bana ba motho.
20
Ngwanaka, boloka taolo ya ga rraago; se latlhe thuto ya ga mmaago.
21
Di golegelele mo pelong ya gago ka metlha, o di apare mo molaleng wa gago.
22
A di go pate, fa o tsamaya; di go sireletse, fa o robala; di bue nao, fa o thanya.
23
Gonne taolo ke lobone, thuto ke lesedi; dikgalemelo tsa thuto ke tsela ya bophelo
24
gore di go thibose mo mosading yo o bosula le mo boretheng jwa loleme lwa mosadi wa yo mongwe.
25
Se eletse bontle jwa gagwe ka pelo ya gago; le gona a a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.
26
Gonne mosadi wa seaka o humanegisa motho, mme mosadi wa monna yo mongwe o tsoma bophelo jo bo rategang.
27
A motho o ka lokela molelo mo kgwatlheng ya gagwe, diaparo tsa gagwe di sa šwe?
28
Gongwe a motho o ka gata magala, mme a se ka a šwa dinao?
29
Yo o tsenang kwa mosading wa mongwe-ka-ene o ntse jalo; mongwe le mongwe yo o mo amang ga a ka ke a falola mo petsong.
30
Legodu ga le nyatsege, fa le utswa gore le kgorise keletso ya lone, fa le bolawa ke tlala.
31
Fa le tshwarwa, le ka lefa gasupa; le ka ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya lone.
32
Mme yo o senyang nyalo le mosadi o sele o a tsenwa; go dira ene fela yo o ratang go itshenyetsa bophelo.
33
O tla kgwatha ka ditlhong; nyatsego ya gagwe ke e e sa phimolweng.
34
Gonne fa bogale jwa monna e le jwa lefufa, ga a kitla a rekegela ka letsatsi la pusoloso;
35
ga a nke a go itshwarela, le fa o ntsha tefa; ga a nke a diga pelo, le fa o ntsha dineo tse dintsi.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31