bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 14
Proverbs 14
Tswana Setswana 1970
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 15 →
1
Mma-botlhale o agile ntlo ya gagwe, mme mma-bosilo o e rutla ka diatla tsa gagwe.
2
Yo o sepelang mo tshiamong ya gagwe o boifa Morena, mme yo o fapogileng tsela o a mo nyatsa.
3
Thupa ya moikgantshi ke molomo wa gagwe, mme melomo ya matlhale e disa beng ba yona.
4
Fa dipholo di se teng, mogopo o lolea; mme kotulo e kgolo e bonwa ka thata ya dipholo.
5
Mosupi yo o ikanyegang ga a ake, mme mosupi wa tsietso o bua maaka fela.
6
Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone; wa kelelelo ene o bo bona ka botlhofo.
7
Tlogela monna wa lesilo; gonne o tlhokile molomo wa kitso mo go ene.
8
Botlhale jwa yo o tlhalefileng ke go disa tsamao ya gagwe, mme bosilo jwa dieleele ke tsietsego fela.
9
Masilo a sotlwa ke setlhabelo-sa-molato, mme ba nnete ba natefela Modimo.
10
Pelo e itse botlhoko jwa yona, fela jaaka yo mongwe a sa itse boitumelo jwa yona.
11
Matlo a baikepi a tla senngwa, mme lelapa la ba nnete le tla kgaba.
12
Go na le ditsela tse motho a reng di siame, mme la bofelo ke ditsela tsa loso.
13
Pelo e ka nna botlhoko, le fa molomo o tshega, mme bokhutlo jwa boitumelo ya nna selelo.
14
Yo o pelo e tenegileng o tla bolawa ke ditsela tsa gagwe; mme monna yo o molemo o tla ja monate wa ditiro tsa gagwe.
15
Yo o sa tlhalefang ke madumela-gotlhe, mme letlhale le ela dikgato tsa lone tlhoko.
16
Letlhale le a boifa le tila bosula, mme lesilo le itaola fela le sa boife sepe.
17
Yo o galefang ka pele o tla dira tsa bosilo, le yo o bolotsana mo maanong o ipiletsa letlhoo.
18
Boswa jwa ba ba sa tlhalefang ke bosilo, mme ba ba botlhale ba ikgabisitse ka kitso.
19
Ba ba bosula a ba iname fa pele ga ba ba molemo le baikepi mo dikgorong tsa mosiami.
20
Mohumanegi o tlhoiwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o ratwa ke ba bantsi.
21
Yo o nyatsang mongwe-ka-ene o a leofa, mme go tlhogonolo yo o tlhomogelang babogisegi pelo.
22
A ga ba timele ba ba logang maano a a bosula? Mme lorato le boammaaruri ke tsa ba ba akanyang molemo.
23
Go tswelelwa pele ka tiro yotlhe e e lapisang, mme go buabua ka molomo fela go a tlhokisa.
24
Serwalo sa batlhalefi ke khumo ya bone, mme bosilo jwa dieleele e ntse e le bosilo fela.
25
Mosupi wa nnete o pholosa maphelo, mme yo o buang maaka ke moeki.
26
Tshireletso e e tiileng ke ya yo o boifang Morena; le bana ba gagwe ba tla nna le botshabelo.
27
Go boifa Morena ke motswedi wa bophelo gore motho a falole mo dirung tsa loso.
28
Bontsi jwa morafe ke yona kgalalelo ya kgosi, mme fa go fokotsega batho ke therego ya kgosana.
29
Yo o pelotelele o na le tlhaloganyo e kgolo; mme yo o felang pelo o dira dilo tsa bosilo jo bogolo.
30
Pelo e e iketlileng e phedisa mmele sentle, mme lefufa ke go tlhotlhona ga marapo.
31
Yo o gatelelang ba babotlana o kgala Mmopi wa bone, mme yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o a mo tlotla.
32
Moikepi o digwa ke bosula jwa gagwe, mme mosiami o na le botshabelo motlha a swang.
33
Botlhale bo iketlile mo pelong ya motlhalefi, mme tse di mo pelong tsa masilo di utlwala ka makgakga.
34
Tshiamo e godisa setšhaba, mme boleo ke ditlhong tsa merafe.
35
Motlhanka yo o botlhale o kgatlha kgosi, mme e tla galefela yo o tlhabisang ditlhong.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31