bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 29
Proverbs 29
Tswana Setswana 1970
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 30 →
1
Monna yo o gagamatsang molala, le fa a kgalemetswe gantsi, o tla pšhwetlakanngwa ka tshoganyetso, mme go se na thuso.
2
Fa basiami ba ntsifala, morafe o a itumela; fa baikepi ba busa, morafe o a fegelwa.
3
Monna yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe; mme yo o kopanang le diaka o fetsa dithoto tsa gagwe.
4
Kgosi e phedisa lefatshe sentle ka tshiamo, mme yo o kgethisang batho go feta tekanyo o a le tubaka.
5
Monna yo o buang mafoko a a borethe le mongwe-ka-ene o ngamolela dinao tsa gagwe serai.
6
Go na le mutlwane mo tseleng ya monna yo o bosula, mme mosiami o ka siana a thabile.
7
Mosiami o itse tse di tshwanetseng ba babotlana, mme moikepi ga a di lemoge, ga a di itse.
8
Basotli ba tsosa moferefere mo motseng, mme ba ba botlhale ba tima bogale.
9
Fa motlhalefi a seka le lesilo, le tla tlhodia le tshega, mme go se na boikhutso.
10
Banna ba ba tshololang madi ba tlhoa mmoifi-Modimo; ba batla go bolaya ba e leng ba nnete.
11
Lesilo le ntsha bogale jotlhe jwa lone, mme letlhale le bo kokobetse morago.
12
Mmusi yo o utlwelelang mafoko a maaka, badiredi ba gagwe ke baikepi fela.
13
Mohumanegi le mogateledi ba a kgatlhana; Morena o sedimosa matlho a bobedi jwa bone.
14
Kgosi e e direlang ba babotlana tse di ba tshwanetseng ka boikanyo, sedulo sa yona sa bogosi se tla tlhomama ka bosakhutleng.
15
Thupa le kgalemelo di a tlhalefisa; mme mosimane yo o itaolang o tlhabisa mmaagwe ditlhong.
16
Fa baikepi ba ntsifala, go ntsifala maleo, mme basiami ba tla bona tatlhego ya bone, ba itumela.
17
Otla ngwana wa gago, mme o tla go ikhutsisa, a go thabisa pelo.
18
Fa go se na pono ya moporofeti, batho ba itaola fela, mme go sego yo o tshegetsang molao.
19
Motlhanka ga a siamisiwe ka mafoko; le fa a a tlhaloganya, ga a a kgathalale.
20
Fa o bona monna yo o bonako mo puong ya gagwe, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.
21
Yo o lêmang motlhanka wa gagwe go tloga bonyaneng, la bofelo o tla mmona a nna matepe.
22
Monna yo o bogale o losa batho; yo o pelo-khutshwane o leofa gantsi.
23
Boikgodiso jwa motho bo tla mo isa tlase, mme yo o ikokobetsang o tla bona tlotlo.
24
Yo o jang le legodu o a itlhoa; o utlwa go rogakwa yo o sa begeng legodu, mme ga a le bege.
25
Go boifa batho go tlisa serai, mme yo o ikanyang Morena o tla femelwa.
26
Ba bantsi ba batla sefatlhego sa mmusi, mme tshiamelo ya motho e tswa mo Moreneng.
27
Yo o dirang ka tshiamololo o ilwa ke basiami; wa tsamao ya nnete o ilwa ke moikepi.
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 30 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31