bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 21
Proverbs 21
Tswana Setswana 1970
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
1
Pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsa Morena; o e isa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.
2
Tsela nngwe le nngwe ya motho e tlhamaletse mo matlhong a gagwe, mme Morena ene o sekaseka dipelo.
3
Go dira ka tshiamo le ka tshwanelo go kgatlha Morena bogolo go setlhabelo.
4
Sefatlhego sa boikgodiso le pelo ya boikgantsho tse e leng go ikgatlha ga baikepi ke boleo fela.
5
Dikakanyo tsa yo o tlhaga di tsweletsa pele; mme yo o potlakang o itlhokisa fela.
6
Go batla mahumo ka loleme lwa maaka ke go latela boithamako jo bo isang losong.
7
Go gatelela ga baikepi go a ba golafatsa, gonne ba gana go dira tse di siameng.
8
Tsamao ya monna yo o molato e masokasoke, mme yo o phepa tiro ya gagwe e siame.
9
Go nna mo sekhutlong godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang.
10
Pelo ya moikepi e eletsa bosula; ga a tlhomogele mongwe-ka-ene pelo.
11
Go otla mosotli ke go tlhalefisa yo o iseng a tlhalefe; mme letlhale le amogela kitso, fa le rutwa fela.
12
Yo o leng tshiamo o tlhokomela ntlo ya moikepi; o digela baikepi mo tatlhegong.
13
Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe.
14
Mpho ya sephiri e tima bogale; thelesetso kobong e tima kgakalo e kgolo.
15
Ke boitumelo jwa mosiami, fa go dirwa ka tshiamo; mme mo go ba ba dirang tsa bolotsana ke therego.
16
Motho yo o fapogang mo tseleng ya tlhaloganyo o tla akofa a lala mo phuthegong ya baswi.
17
Yo o ratang botlhapelwa o tla tlhoka; yo o ratang weine le setlolo ga a nke a huma.
18
Serekololo sa mosiami ke moikepi; mo boemong jwa ba nnete go tla molotsana.
19
Go botoka go nna mo lefatsheng la sekaka bogolo go go nna le mosadi yo o omanang yo o ngongoregang ka metlha.
20
Khumo e ntlentle le lookwane di mo lapeng la yo o botlhale, mme motho yo o bosilo o a di senya.
21
Yo o latelang tshiamo le lorato o tla bona bophelo le pholoso le tlotlego.
22
Letlhale le fenya motse wa bagale; le diga phemelo e ba neng ba e ikanya.
23
Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagwe o iphemela gore a se tsene mo ditlalelong.
24
Yo o ikgantshang, yo o ikgogomosang, leina la gagwe ke mosotli; o dira ka boikgantsho jo bo se nang tekanyo.
25
Keletso ya setshwakga e a se bolaya gonne diatla tsa sona di gana go dira.
26
Yo o pelotshetlha o eletsa letsatsi lotlhe, mme mosiami o a fa, ga a timane.
27
Setlhabelo sa moikepi ke maila Moreneng; bogolo fa a se tlisa ka maano a a bosula.
28
Mosupi wa maaka o tla latlhega; mme motho yo o utlwileng mafoko o tla bua tse di tlhomameng.
29
Moikepi o sefatlhego se matepe, mme wa nnete o siamisa tsamao ya gagwe.
30
Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tse Morena a ka kgonwang ka tsona.
31
Pitse e etleeleditswe letsatsi la tlhabano; mme phenyo yona e tswa mo Moreneng.
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31