bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 17
Proverbs 17
Tswana Setswana 1970
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 18 →
1
Thathana e e se nang sešabo go le kagiso e phala ntlo e e tletseng dinama go lowa.
2
Motlhanka yo o botlhale o tla laola ngwana yo o tlhabisang ditlhong, a ba a kgaogana boswa le bomorwa mongwagwe.
3
Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e tlhaolosang le gouta mo leisong la moubo, mme Morena o leka dipelo jalo.
4
Mosenyi o reetsa molomo o o tsietsang; moaki o utlwelela loleme lo lo bolotsana.
5
Yo o sotlang mohumanegi o kgala Modiri wa gagwe; yo o itumelelang kotsi ya yo mongwe ga a nke a tlhoka petso.
6
Serwalo sa tlotlo sa batsofe ke bana ba bana; bana ba tlotlega ka borraabo.
7
Puo e e maatlametlo e rona lesilo; bogolo jang puo ya maaka e rona motlotlegi!
8
Thelesetso ke taemane ya tlhogonolo mo matlhong a mong wa yona; le fa a ya kae, e ntse e mo tsweletsa pele.
9
Yo o bipang boleo jwa yo mongwe o batla thatano; mme yo o tsosang kgang gape o kgaoganya ditsala.
10
Kgalemelo e thusa motlhalefi go feta dipetso tse di lekgolo mo lesilong.
11
Serukhutlhi se batla tse di bosula fela, mme se tla romelwa morongwi yo o setlhogo.
12
Go kaone go kgatlhana le senonnori se se thukhuthilweng bana bogolo go go kgatlhana le lesilo le le mo bosilong jwa lone.
13
Yo o duelang molemo ka bosula, tatlhego ga e nke e tlogela ntlo ya gagwe.
14
Yo o simololang kgang o tshwana le yo o thibololang metsi; ka moo tlogela ntwa e ise e simologe.
15
Yo o atlholang a re: “Moikepi o siame;” le yo o reng: “Mosiami o molato.” Ba tena Morena ka bobedi jwa bone.
16
Ke ka ntlha ya eng, fa go le madi mo seatleng sa lesilo a a ka rekang botlhale? Mme kana ga le na tlhaloganyo.
17
Tsala e nthata ka nako nngwe le nngwe; mme ke morwa-rre fela yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo.
18
Motho yo o se nang tlhaloganyo ke yo o ipofang ka seatla go lefela yo mongwe yo o emelang mongwe-ka-ene.
19
Yo o ratang komano o rata boleo; yo o tlotlomatsang setswalo sa gagwe o batala thubego.
20
Yo o pelo e sokameng ga a bone tlhogonolo epe; wa loleme lo lo bolotsana o tla wela mo kotsing.
21
Yo o tsalang lesilo o na le tshwenyego; seeleele, rraaso ga a nke a itumela.
22
Pelo e e thabileng e itse go fodisa, mme mowa o o imetsweng o omeletsa marapo.
23
Moikepi o amogelela neo e e faposang sephiring go sokamisa ditselana tsa tshiamo.
24
Yo o nang le tlhaloganyo o lebile botlhale, mme matlho a lesilo a lebile kwa bokhutlong jwa lefatshe.
25
Mosimane yo o boeleele o ngadisa rraagwe le go utlwisa yo o mmelegeng botlhoko jo bo galakang.
26
Go lefisa yo o siameng ga go molemo, mme go itaya batlotlegi ke bosula jo bo fetang joo.
27
Yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso; le yo o mowa o iketlileng ke monna yo o nang le tlhaloganyo.
28
Le lesilo, fa le didimala, le ka kaiwa letlhale; fa le moma molomo wa lone, ba ka re: “Le na le tlhaloganyo.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31