bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 13
Proverbs 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 14 →
1
Ngwana yo o botlhale o laiwa ke rraagwe, mme mosotli ga a rate kgalemelo.
2
Motho o tla ja tse di monate tsa leungo la molomo wa gagwe, mme balotsana ba eletsa kgatelelo fela.
3
Yo o disang molomo wa gagwe o ipolokela bophelo; mmalabadi o tla wela theregong.
4
Motlapa o eletsa tse dintsi, mme ga a bone sepe; tse batlhoafadi ba di eletsang ba di bona ka botlalo.
5
Mosiami o tlhoa puo ya maaka, mme moikepi o nyefola ba bangwe, a itlhabisa ditlhong.
6
Tshiamo e boloka wa tsamao e e molemo, mme boleo bo diga baikepi.
7
Go na le yo o ipayang mohumi, le fa a se na sepe, le yo o ipayang mohumanegi, le fa a na le leruo le legolo.
8
Serekololo sa bophelo jwa motho ke khumo ya gagwe; mme motlhoki ga a utlwe go bôpêlwa.
9
Lesedi la mosiami le tuka sentle, mme dipone tsa baikepi di tla tima.
10
Ka boikgodiso go tsosiwa kgang fela, mme ba ba amogelang kgakololo ba botlhale.
11
Leruo le le bonwang ka boithamako le tla ngotlega, mme yo o le kgobokanyang ka tiro ya diatla o tla le ntsifatsa.
12
Tsholofelo e e diegang e lwatsa pelo, mme keletso e e dirafetseng ke setlhare sa bophelo.
13
Yo o nyatsang lefoko la Modimo, dipetso tsa lone di tla mo wela, mme yo o boifang taolo o tla fiwa tuelo.
14
Thuto ya letlhale ke motswedi wa bophelo gore motho a falole mo dirung tsa loso.
15
Kelelelo e e molemo e a kgatlhisa, mme tsela ya balotsana e ba isa mo tatlhegong.
16
Motlhalefi o dira tsotlhe ka kitso, mme seeleele se phatlalatsa bosilo.
17
Morongwi wa boikepo o tlhokisa boikhutso, mme morongwi yo o ikanyegang o tlisa namatshego.
18
Khumanego le nyatsego ke tsa yo o nyatsang thuto, mme yo o tlhokomelang kgalemelo o tla tlotlega.
19
Keletso e e dirafetseng e monate mo pelong mme go tshaba bosula go tena masilo.
20
Kopana le matlhale gore o tlhalefe; mme yo o tlwaelanang le masilo o tla nna bosula.
21
Tatlhego e latelela baleofi, mme Modimo o duela basiami ka tse di molemo.
22
Yo o molemo o tlogelela bana ba bana boswa, mme dithoto tsa moleofi di bolokelwa mosiami.
23
Tshimo e badidi ba e kgathileng e ntsha dijo tse dintsi; mme go na le ba ba latlhegang ka tshiamololo.
24
Yo o rekegelang thupa o tlhoile morwawe; yo o mo ratang o a tle a mo otle.
25
Mosiami o a ja a ba a kgore mme dimpa tsa baikepi di tla tlhoka di nna logaba.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31