bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 7
Proverbs 7
Tswana Setswana 1970
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
1
Ngwanaka, se lebale mafoko a me; ipolokele ditaolo tsa me.
2
Tshegetsa ditaolo tsa me, foo o tla phela, le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago.
3
Di bofelele mo menwaneng ya gago, o di kwale mo letlapeng la pelo ya gago.
4
Raya botlhale o re: “O kgaitsadiake;” bitsa tlhaloganyo wa ga eno
5
gore di go fapose mosadi o sele yo e seng wa gago, wa mafoko a a borethe.
6
Gonne nkile ka okomela ka fenstere le ka phatlha ya lobota,
7
ka bona lekau mo go ba ba sa tlhalefang; ka lemoga lesilo mo makolwaneng
8
le feta le mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yole, le tsamaya mo tseleng e e fetang fa ntlong ya gagwe,
9
ka lotlatlana, ka maabanyane, ka nako ya bosigo le lefifi.
10
Bonang, ke fa mosadi yole a le kgatlhantsha, a apere diaparo tsa boaka, a le pelo e bolotsana;
11
a ipapatsa, a itaola; dinao tsa gagwe tsa tlhoka boikhutso mo ntlong ya gagwe.
12
Jaanong o mo mmileng, kgantele o mo dipatlelong, o lalela mo dikhutlong tsotlhe.
13
Sule! O tshwere lekau lele, o a le atla; o bolela le lone, a se na ditlhong, a re:
14
“Ke ne ke tlamegile go tlhaba ditlhabelo tsa tebogo; kajeno ke dirafaditse maikano a me.
15
Ke ka moo ke duleng go go kgatlhantsha le go go batla, mme jaanong ke go bonye.
16
Ke adile bolao jwa me ka dikobo le ka masela a a mebalabala a mantle a Egepeto.
17
Ke gasitse marobalo a me ka mera le mekgwapha le kinamone tse di nkgang monate.
18
Tlaya, a re tlhapelwe ka lorato go fitlha mosong, a re thabisanye ka go ratana!
19
Gonne monna wa me ga a yo mo gae, o ile leetong le leleele.
20
Sekgwama sa madi o se tshotse; o tla boela kwano gae ka letsatsi le ngwedi o tlalang ka lone.”
21
A le raela jalo, a le kgona ka mafoko a mantsi a gagwe le ka borethe jwa loleme lwa gagwe.
22
La mo sala morago ka pele jaaka pholo e isiwa go tlhajwa, jaaka lesilo, fa le golegilwe go ya go otliwa;
23
go fitlhelela motswi o le phololele sebete; jaaka nonyane e itlhaganela go tsena mo serung e sa itse, fa e ya go bolawa.
24
Ka moo he, lona banaka, nkutlweng lo tlhokomele mafoko a molomo wa me.
25
A pelo ya gago e se ka ya fapogela mo tseleng ya mosadi yoo, ngwanaka, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe.
26
Gonne ba ba bolailweng ba o ba digileng ba bantsi; botlhe ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo.
27
Ntlo ya gagwe ke ditsela tse di yang kwa felong ga baswi, ke tsa go fologela kwa matlwaneng a loso.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31