bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 30
Proverbs 30
Tswana Setswana 1970
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 31 →
1
Mafoko a ga Agure morwa Jake wa ga Masa. Monna yo o a re: “Ke itapiseditse Modimo; ke itapiseditse Modimo. Ke feletswe.
2
Gonne ke seeleele sa phologolo, ga ke motho; ga ke na tlhaloganyo ya motho.
3
Ga ke a ithuta botlhale; ene Moitshepi ga ke na kitso ya go mo itse.
4
Go tlhatlogetse mang kwa legodimong a ba a boa? Ke mang yo o huparetseng phefo ka diatla tsa gagwe? Ke mang yo o bofeletseng metsi mo kobong? Ke mang yo o tlhomamisitseng dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe? Leina la gagwe ke mang? Leina la Morwawe ke mang? Nkarabe, fa o itse tseo.”
5
Mafoko otlhe a Modimo a itshekisitswe; ona Modimo ke thebe ya ba ba batlang botshabelo mo go ona.
6
Se oketse mafoko a ona, e se re gongwe wa go otla, mme wa fitlhelwa o le moaki.
7
Ke kopa dilo di le pedi mo go wena; se nkganele ka tsona ke ise ke swe:
8
Bolotsana le mafoko a maaka di katose mo go nna. Se mphe lehuma le e seng lehumo. Mphe dijo tse di ntekanyeng,
9
e se re gongwe ka kgora, ka go itatola ka re: “Morena ke mang?” E se re gongwe ka humanega, ka utswa, ka senya leina la Modimo wa me.
10
Se sebe motlhanka mo go mongwagwe, e se re gongwe a go roga, mme wa nna molato.
11
Go na le batho bangwe ba ba rogang borraabo, ba ba sa tshegofatseng bommaabo;
12
ke ba ba ithayang ba re, ba phepa, mme ba ise ba tlhapisiwe maswe a bone.
13
Batho bao – matlho a bona a ikgantsha jang ne! Dintshi tsa matlho a bona di supa boikgodiso jang ne!
14
Batho bao – meno a bona ke ditšhaka, meno a ditlhaya tsa bona ke dithipa, ba ja babogisegi mo lefatsheng le go tlosa bahumanegi mo bathong.
15
Kgofa e na le bomorwadia-yona ba le babedi ba ba reng: “Mphe! Mphe!” Go na le dilo di le tharo tse di sa kgoreng; ee, di le nne tse di sa reng: “Go ntse!”
16
Ke felo ga baswi le moopa le lefatshe le le sa kgoreng metsi le molelo o o sa reng: “Go lekanye.”
17
Leitlho le le sotlang rraalo, le le nyatsang go utlwa mmaalo, magakabe a molatswana a tla le gonya, manongnyana a tla le ja.
18
Go dilo di le tharo tse di mpalelang; ee, di le nne tse ke sa di itseng.
19
Ke tsela ya lenong kwa loaping, le tsela ya noga mo lefikeng, le tsela ya mokoro mo lewatleng, le tsela ya monna yo o nang le mosadi yo mošwa.
20
Tsela ya mosadi yo o senyang nyalo e ntse jaana: Fa a jele, o iphimola molomo a re: “Ga ke a dira molato.”
21
Lefatshe le roroma ka dilo di le tharo; ee, le palelwa ke go itshokela dilo di le nne:
22
Ke motlhanka, fa a nna kgosi; le seeleele, fa se kgora dijo;
23
le lefetwa, fa le nyalwa; le lelata, fa le leleka mohumagadi wa lone.
24
Dilo di le nne di dinnye mo lefatsheng, mme di botlhale thata, ke tse:
25
Ditshoswane ke morafe o o seng thata, mme di tle di baakanye dijo tsa tsona selemo;
26
dipela ke morafe o o sa tiang, mme di tle di ikagele matlo mo mafikeng;
27
tsie ga e na kgosi, mme segopa sotlhe sa yona se bolola ka thulaganyo;
28
mokgantitswane ò ka o tshwara ka diatla, mme o mo matlong a dikgosi.
29
Go dilo di le tharo tse di gwantang sentle, ee, dilo di le nne tse di tsamao e ntle, ke tse:
30
Tau ke mogale mo gare ga dibata; ga e tshabe sepe;
31
mokoko o gwanta mo gare ga dikgogo; le phoko e etelela letsomane pele; le kgosi e bolotsa mephato ya yona.
32
Fa o dirile bosilo ka go ikgodisa, gongwe fa o logile maano a a bosula baya seatla mo molomong!
33
Gonne go fetlha lobebe go ntsha serethe; go pitla dinko go ntsha madi; go tlhotlheletsa bogale go tsosa tlhabano.
← Chapter 29
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 31 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31