bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 4
Proverbs 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 5 →
1
Banaka, utlwang thuto ya ga rraeno, lo ele tlhoko gore lo lemoge tlhaloganyo!
2
Gonne ke lo naya thuto e e molemo; se tlogeleng molao wa me!
3
E rile ke nna le rre ke le mosimane, ke le tlekeetso, ke le ngwana-o-esi wa ga mme,
4
rre a nthuta a nthaya a re: “Pelo ya gago a e tshole mafoko a me; boloka ditaolo tsa me, foo o tla phela.
5
Batla botlhale, batla tlhaloganyo; se di lebale, se fapoge mo mafokong a molomo wa me.
6
Se bo tlogele, bo tla go disa; bo rate, bo tla go boloka!
7
Botlhale bo phala dilo tsotlhe, ka moo he: Batla botlhale! ntsha tsotlhe tse o di ruileng, o reke tlhaloganyo.
8
Bo godise, bo tla go godisa; bo tla go tlotla, fa o bo tlamparela.
9
Bo tla rwesa tlhogo ya gago serwalo se sentle; bo go naya mokgabo wa serwalo sa bogosi.”
10
Ngwanaka, reetsa o amogele mafoko a me, foo dinyaga tsa bophelo di tla go ntsifalela.
11
Ke go ruta tsela ya botlhale, ke go tsamaisa mo metlhaleng ya nnete.
12
Fa o tsamaya, dikgato tsa gago ga di nke di khutshwafadiwa; fa o siana, ga o nke o kgotšwa.
13
Kgomarela thuto. O se ka wa e lesa. E boloke. Gonne yona ke bophelo jwa gago.
14
Se wele mo tseleng ya baikepi, o se sepele ka mokgwa wa ba ba bosula.
15
E tlhokomologe, se tsamae mo go yona; fapoga mo go yona, o iphetele.
16
Gonne ga ba robale ba ise ba senye; ba tlhoka boroko, fa ba ise ba dige motho.
17
Gonne ba ja bogobe jwa boikepo, ba nwa weine ya dikgatelelo.
18
Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsegela pele go ya motshegareng o mogolo.
19
Mme tsela ya baikepi e tshwana le lefifi; ga ba itse gore ba tla kgotšwa ke eng.
20
Morwaaka, reetsa mafoko a me, sekegela dipolelo tsa me tsebe.
21
A di se tloge mo matlhong a gago; di boloke mo pelong ya gago.
22
Gonne di phedisa ba ba di bonang; di ba fodisa mmele otlhe.
23
Disa pelo ya gago bogolo go tsotlhe tse di ka disiwang; gonne bophelo bo tswa mo go yona.
24
Bolotsana jwa molomo bo tlose mo go wena; tsietso ya loleme e katologanye nao.
25
A matlho a gago a lebelele kwa pele! A dintshi tsa matlho a gago di lebe tse di fa pele ga gago.
26
Lolamisa motlhala wa dinao tsa gago. A ditsela tsotlhe tsa gago e nne tse di laotsweng.
27
Se fapogele ntlheng ya le le jang, le fa e le ya la molema; tshabisa maoto a gago bosula.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31