bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Proverbs 24
Proverbs 24
Tswana Setswana 1970
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
1
Se fufegele dilo tsa ba ba bosula; se eletse go tshwana nabo.
2
Gonne dipelo tsa bone di akanya kgatelelo; melomo ya bone e bua tse di isang mo tatlhegong.
3
Ntlo e agiwa ka botlhale; e thewa sentle ka maatlametlo,
4
mme ka kitso matlwana a yona a tlala dithoto tsa mefutafuta tse di tlhwatlhwa e kgolo le tse dintle.
5
Letlhale le thata bogolo go seganka; yo o nang le kitso o thata bogolo go yo o dikgoka.
6
Gonne ò tla itse go lwa ntwa ka dikgakololo tse di botlhale; phenyo e bonwa ka bontsi jwa bagakolodi.
7
Tsa botlhale di palela seeleele; mo lekgotleng se tlhoka puo.
8
Yo o logang maano a go dira bosula o tla bidiwa Rra-bolotsana.
9
Boleo ke maikaelelo a bosilo; mosotli o ilega mo bathong.
10
Fa o nyema moko ka letsatsi la tlalelo, thata ya gago e tla bo e se ya sepe.
11
Pholosa ba ba gogelwang losong! Thibela ba ba theekelelang go ya go bolawa.
12
Fa o ka re: “Ke ne ke sa itse,” ona o o bonang dipelo a ga o kitla o lemoga? Ona o o disang bophelo jwa gago o a itse. O direla motho ka fa tirong ya gagwe.
13
Morwaaka, jaa lomepe lwa dinotshe, gonne lo monate; mafura a dinotshe a botshe mo magalapeng a gago.
14
Itse gore botlhale bo ntse jalo mo moweng wa gago. Fa o bo bona, tswelelopele e tla nna teng, mme tsholofelo ya gago ga e kitla e nyelela.
15
Wena moikepi, se lalele lelapa la mosiami; se senye legae la gagwe.
16
Le fa mosiami a ka wa gasupa, o tla nna a tsoga gape; mme baikepi bone ba wela mo tatlhegong.
17
Fa mmaba wa gago a wa, se itumele; fa a digwa, a pelo ya gago e se duduetse,
18
e se re gongwe Morena a bona, mme ga nna bosula mo matlhong a gagwe, a busa bogale jwa gagwe mo go ene.
19
Se tukele basenyi bogale; se fufegele baikepi
20
gonne yo o bosula ga a tswelele pele; lesedi la baikepi le tla tima.
21
Morwaaka, boifa Morena le kgosi; se tlwaelane le dirukhutlhi.
22
Gonne tatlhego ya tsona e tla dirafala ka tshoganyetso, sebaka sa tshenyego ya tsona se itsiwe ke mang?
23
Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa batlhalefi: Go gobelelela motho mo tshekong ga go a siama.
24
Yo o rayang moikepi a re: “O siame!” ene, batho ba tla mo rogaka, merafe e tla mo hutsa.
25
Go ratega ba ba mo atlholang ka tshiamo; lesego le letlhogonolo di tla ba dirafalela.
26
Yo o ntshang dikarabo tse di siameng o atla molomo.
27
Fetsa tiro ya gago e e kwa ntle, o leme tshimo ya gago; morago ga moo o ka aga ntlo ya gago.
28
Se pateletse mongwe-ka-wena ka bomo! A ò tshwanetse go timetsa batho ka molomo wa gago?
29
Se re: “Ke tla mo direla se a se ntiretseng; ke busolosetsa monna ka fa tirong ya gagwe.”
30
Nkile ka feta kwa tshimong ya motlapa kwa tshimong ya moweine ya motho yo o se nang tlhaloganyo.
31
Ka fitlhela e tlhogile mefero gotlhe, e khurumeditswe ke mokolonyane, lorako lwa matlapa lwa yona lo digilwe.
32
Ka leba, ka ela tlhoko, ka bona, ka fitlhela e le thuto e e reng:
33
Fa o robala go le gonnye, o otsela go le gonnye, o repisa diatla go le gonnye go ikhutsa,
34
khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31