bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 11
1 Chronicles 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 12 →
1
Foo Baiseraele botlhe ba phuthegela kwa go Dafite kwa Heberone, ba re: “Bona, re lesapo la gago le nama ya gago.
2
E rile mo metlheng e e fetileng, e bong ka Saule a sa ntse a le kgosi, ya bo e le wena yo o bolotsang o ba o gorosa Baiseraele; mme Jehofa Modimo wa gago a go raya a re: ‘O tlaa otla batho ba me Baiseraele, o tlaa nna kgosana ya batho ba me Baiseraele.’ ”
3
Jalo bagolwane botlhe ba Iseraele ba ya kgosing kwa Heberone; mme Dafite a dira kgolagano nabo mo Heberone fa pele ga Jehofa; mme ba tlotsa Dafite, gore a nne kgosi ya Iseraele, ka fa lefokong la ga Jehofa ka Samuele.
4
Dafite le Baiseraele botlhe ba ya Jerusalema (ke one Jebuse); mme Bajebuse, banni ba lefatshe, ba bo ba le gone.
5
Banni ba Jebuse ba raya Dafite ba re: “Ga o ketla o tsena mono.” Le fa go ntse jalo Dafite a gapa kago e e thata ya phemelo ya Sione; ke one motse wa ga Dafite.
6
Dafite a re: “Le fa e le mang yo o bolayang Bajebuse pele o tlaa nna mogolo le molaodi.” Joabe morwa Seruia a palama pele, a dirwa mogolo.
7
Dafite a aga mo kagong e e thata ya phemelo; ke gone ka moo ba go bitsa ba re: Motse wa ga Dafite.
8
A aga motse mo tikologong, go tswa Milo go ya fela tikologong. Joabe a tsosolosa motse ntlheng e e setseng.
9
Dafite a nna a kokotlegelela pele fela; gonne Jehofa wa masomosome a na nae.
10
Jaana ba ke bone bagolo ba diganka tse Dafite o ne a na natso, ba ba itshupileng bathata ntlheng ya gagwe mo bogosing jwa gagwe, ba na le Baiseraele botlhe, go tla ba mo dira kgosi, ka fa lefokong la ga Jehofa ka ga Baiseraele.
11
E ke palo ya diganka tse Dafite o ne a na natso: Jašobeame, morwa motho mongwe wa Mohakemone, tlhogo ya ba bararo, o ne a ekela batho ba ba 300 a ba bolaya ka lerumo la gagwe, ka lobaka lo le longwe fela.
12
Morago ga gagwe ga bo go le Eleasare, morwa Doto, wa Moahoha, yo e ne e le mongwe wa diganka tse tharo.
13
Ene o ne a na le Dafite kwa Pasetamime, mme Bafilisitia ba ne ba phuthegetse tlhabano gone, kwa go ne go na le sebata teng se se emeng barele thata; mme batho ba bo ba tshaba fa pele ga Bafilisitia.
14
Ba ema mo gare ga sebata seo, ba se tlhabanela, ba bolaya Bafilisitia; mme Jehofa a ba golola ka phenyo e kgolo.
15
Batho ba le bararo mo bagolong ba ba 30 ba ya lefikeng kwa go Dafite, mo logageng lwa Atulame; mme ntwa ya Bafilisitia e ne e thibeletse mo molapong wa Refaime.
16
Dafite a bo a le mo kagong ya phemelo, ka lobaka loo, mme setlhopha sa masole a Bafilisitia se le mo Bethelehema.
17
Dafite a tlhologelelwa, a re: “Ke eletsa jang mongwe a ka nnosa metsi a sediba sa Bethelehema se se fa kgorong!”
18
Mme ba bararo ba thobeselela ntwa ya Bafilisitia, ba ga metsi mo sedibeng sa Bethelehema se se fa kgorong, ba a tsaya ba a isa kwa go Dafite; Dafite a gana go a nwa, a a tshololela Jehofa.
19
A re: “A Modimo wa me o go nkiletse, gore ke se ka ka dira selo se; a ke tlaa nwa madi a banna ba, ba ba beileng botshelo jwa bone mo bothateng? Gonne ba a lerile ka go tsenya botshelo jwa bone mo bothateng.” Ke gone ka moo a gana go a nwa. Diganka tse tharo tseo tsa dira dilo tse.
20
Abišai monnaa Joabe, e ne e le ene mogolo wa ba bararo gonne o na a ekela batho ba ba 300 lerumo la gagwe, a ba bolaya, mme a nna le leina mo go ba bararo.
21
Mo go ba bararo o na a le tlotlego bogolo go ba babedi, mme a dirwa molaodi wa bone; le fa go ntse jalo ga a ka a fitlha mo borarong jwa ntlha.
22
Benaia morwa Joiata, morwa monna mongwe wa seganka wa Kabeseele yo o ne a dirile ditiro tsa boganka, a bolaya bomorwa Ariele wa Moabe ba le babedi; le gone a ya a bolaya tau mo gare ga mokole mo lobakeng lwa kapoko.
23
A bolaya motho mongwe wa Moegepeto, e le monna yo o godileng thata, yo o boleele bo mabogo matlhano. Moegepeto o ne a tshotse lerumo le le tshwanang le mosipuri wa monyedi; a ya kwa go ene a tshotse thobane fela, a ya a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto a mmolaya ka lerumo la gagwe.
24
Benaia morwa Joiata a dira dilo tse, a nna le leina mo digankeng tse tharo.
25
Bonang, o ne a le tlotlego bogolo go ba ba 30, a se ka a fitlha mo borarong jwa ntlha; Dafite a mo dira molaodi wa mophato wa gagwe o o mo dibelang.
26
Diganka tsa dintwa ke tse: Asahele monnaa Joabe, Elehanane morwa Doto wa Bethelehema;
27
Shamothe wa Moharore, Helese wa Mopelone;
28
Ire morwa Ikeše wa Motekowa, Abiesere wa Moanathothe;
29
Sibekai wa Mohušathe, Ilai wa Moahoha;
30
Maharai wa Monetofathe, Helete morwa Baana wa Monetofathe;
31
Ithai morwa Ribai wa Gibea wa bana ba Benjamine, Benaia wa Mopirathone;
32
Hurai wa melatswana ya Gaaše, Abiele wa Moarabathe;
33
Asemafethe wa Mobaharahume, Eliabe wa Mošaalabone;
34
bomorwa Hašeme wa Mogisone, Jonathane morwa Shage wa Moharara,
35
Ahiame morwa Sakare wa Moharara, Eliafale morwa Ure;
36
Hefere wa Momekerathe, Ahija wa Mopelone;
37
Hesero wa Mokaremele, Naarai morwa Esebai;
38
Joele morwa rraagwe Nathane, Mibehare morwa Hageri;
39
Seleke wa Moamone, Naharai wa Moberothe motshola dibolao wa ga Joabe morwa Seruia;
40
Ira wa Moithere, Garebe wa Moithere;
41
Uria wa Mohite, Sabate morwa Ahalai;
42
Adine morwa Shise wa Morubene; mogolo mongwe mo go Barubene, a na le batho ba le 30;
43
Hanane morwa Maaka, le Jehošafate wa Momithene;
44
Usia wa Moašeterathe, Shame le Jeiele bomorwa Hothame wa Moaroere;
45
Jediaele morwa Shimeri le Jobe monnawe, wa Motise;
46
Eliele wa Momahafa, le Jeribai le Jošafa bomorwa Elenaame, le Ithema wa Momoabe,
47
Eliele, le Obete, le Jaasiele wa Momesoba.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29