bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 23
1 Chronicles 23
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 24 →
1
Jaana Dafite o ne a tsofetse, a le metlha e e tletseng; mme a baya Solomone morwawe kgosi ya Iseraele.
2
Mme a phutha dikgosana tsotlhe tsa Iseraele di na le baperesiti le Balefi.
3
Balefi ba bo ba balwa e le ba ba dinyaga di 30 go ya kwa go bomogoloa bone, palo ya bone ka ditlhogo tsa bone, monna le monna, e ne e le 38 000.
4
“Mo go bao ga bo go le 24 000 e le balebalebi ba tiro ya ntlo ya ga Jehofa; 6 000 e le balaodisiwa le baatlhodi,
5
ba ba 4 000 e le balebedi ba mejako; ba ba 4 000 ba baka Jehofa ka diletso tse ke di dirileng,” go bua Dafite, “ka re go tle go bakwe ka tsone.”
6
Dafite a ba kgaoganya makoko a a fapaanang fela jaaka bomorwa Lefi ba ntse, e bong Gerešone le Kohathe le Merari.
7
Ga Bagerešone: e ne e le Latane le Shimei.
8
Bomorwa Latane: e le Jehiele yo mogolo, Sethame le Joele, ba le bararo.
9
Bomorwa Shimei: e le Shelomothe, Hasiele le Harane, ba le bararo. Bao e ne e le ditlhogo tsa matlo a borraabo tsa ga Latane.
10
Le bomorwa Shimei: Jahathe, Sine, Jeuše le Beria. Ba bane bao e le bomorwa Shimei.
11
Jahathe e ne e le yo mogolo, Sisa e le wa bobedi; Jeuše le Beria ba bo ba se na bana ba basimane ba le bantsi; ka ntlha ya moo ba nna ntlo ya borra batho kgotla e le nngwe fela.
12
Bomorwa Kohathe: Amerame, le Isahare, le Heberone le Usiele, ba le bane.
13
Bomorwa Amerame: Arone le Moše: Arone a lomololwa, gore a tle a itshepise dilo tse di boitshepo jo bo itshepileng, ene le bomorwawe, ka bosakhutleng, go tla ba fisa maswalo fa pele ga Jehofa, go mo direla le go baka leina la gagwe ka bosakhutleng.
14
Ka ga Moše, monna wa Modimo, bomorwawe ba ne ba balelwa mo lotsong lwa ga Lefi.
15
Bomorwa Moše: Gerešome le Eliesere.
16
Bomorwa Gerešome: Shebuele yo mogolo.
17
Bomorwa Eliesere e ne e le Rehabia yo mogolo. Eliesere o ne a se na ba sele bana ba basimane; bomorwa Rehabia ba bo ba le bantsi thata.
18
Bomorwa Isehare: Shelomithe yo mogolo.
19
Bomorwa Heberone: Jeria yo mogolo, wa bobedi Amaria, wa boraro Jahasiele, wa bone Jekameame.
20
Bomorwa Usiele: Mika yo mogolo, wa bobedi Isešia.
21
Bomorwa Merari: Mahali le Muši. Bomorwa Mahali: Eleasare le Kiše.
22
Eleasare a swa a se na bana ba basimane fa e se ba basetsana fela; bomorwa rraabo, e bong bomorwa Kiše ba ba nyala.
23
Bomorwa Muši: Mahali, le Etere, le Jeremothe, ba le bararo.
24
Ba e ne e le bomorwa Lefi ka fa matlong a borraabo, e bong ditlhogo tsa matlo a borraabo, tsa bone ba ba badilweng mo go bone, mo palong ya maina ka ditlhogo tsa bone, ba ba dirang tiro ya tirelo ya ntlo ya Jehofa, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 le bomogoloa bone.
25
Gonne Dafite o ne a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, o neile batho ba gagwe boikhutso; o agile mo Jerusalema ka bosakhutleng.
26
Le bone Balefi ga ba ke ba tlhola ba na le go rwala motlaagana le dilwana tsa one tsa tirelo ya one.”
27
Gonne bomorwa Lefi ba tlogile ba balwa ka mafoko a bofelo a ga Dafite, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 go ya kwa go bomogoloa bone.
28
Gonne tiro ya bone e le go lebelela mo go bomorwa Arone mo tirelong ya ntlo ya ga Jehofa, mo malwapeng, mo matlwaneng le mo go ntlafatseng dilo tsotlhe tse di itshepileng, e bong tiro ya tirelo ya ntlo ya Modimo,
29
le mo go sone senkgwe sa tshupo, le mo setoung sa tshupelo ya boupe, le fa e le sa dinkgwenyana tse di lotsatsana tse di sa bedisiwang, kgotsa sa se se besitsweng mo pitseng e e lokhaetla, kgotsa sa se se kokobileng, le sa seelo sengwe le sengwe, le go lekanya botona;
30
le go ema ka meso yotlhe ba leboga ba baka Jehofa, le gone mo maitseboeng;
31
le go isa ditshupelo tsotlhe tse di fisiwang di isediwa Jehofa, mo bosabateng, le mo metlheng ya go rogwa ga dikgwedi, le mo metlheng ya mediro e e tlhomilweng, di le palo e e emeng ka fa molaong o o tlhomilweng ka ga yone, ka metlha yotlhe fa pele ga Jehofa.
32
Le gore ba tle ba lebele mogope wa bophuthegelo, le go lebela felo ga boitshepo, le go lebelela bomorwa Arone bomogoloa bone, mo tirelong ya ntlo ya ga Jehofa.
← Chapter 22
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 24 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29