bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 28
1 Chronicles 28
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 29 →
1
Dafite a phutha dikgosana tsotlhe tsa Iseraele, dikgosana tsa ditso le balaodi ba mašomo a a direlang kgosi ka phapaano, le balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, le balaodi ba thoto le dithuo tsa kgosi le tsa bomorwaa yone, ba na le maotlana, le diganka e bong diganka tsotlhe tse di pelokgale, a ba phuthela kwa Jerusalema.
2
Foo kgosi Dafite a ema ka dinao, mme a re: “Ntheetsang, bana ba ga rra, le batho ba me; ka ga me, go ne go le mo pelong ya me go agela letlole la kgolagano ya ga Jehofa, le sebeeo sa dinao sa Modimo wa rona, ntlo ya boikhutso; mme ke ne ke ipaakanyeditse go aga.
3
Modimo wa nthaya wa re: ‘Ga o agele leina la me ntlo ka gobo o monna wa ntwa, o tsholotse madi.’
4
Le fa go ntse jalo Jehofa, Modimo wa Iseraele o na a intshenkela mo ntlong yotlhe ya ga rre, gore ke nne kgosi ya Iseraele ka bosakhutleng; gonne o itshenketse Juta go nna kgosana; le mo ntlong ya ga Juta a tsaya ntlo ya ga rre: le mo baneng ba ga rre a kgatlhega mo go nna go ntira kgosi ya Baiseraele botlhe.
5
Mo baneng botlhe ba me ba basimane (gonne Jehofa o nneile bana ba basimane ba le bantsi) o itshenketse Solomone morwaake gore a dule mo setulong sa bogosi jwa ga Jehofa go laola Baiseraele.
6
“A nthaya a re: ‘Solomone morwao ene o tlaa aga ntlo ya me le malwapa a me; gonne ke mo itshenketse, gore a nne morwaake, mme ke tlaa nna rraagwe.
7
Ke tlaa tlhomamisa bogosi jwa gagwe ka bosakhutleng, fa a tlhomama mo go direng ditaolo tsa me le dikatlholo tsa me, jaaka gompieno.’
8
“Jaana mo ponong ya Baiseraele botlhe, le ya phuthego ya ga Jehofa, le mo kutlong ya Modimo wa rona lo tlhokomele, lo tote ditaolo tsotlhe tsa ga Jehofa Modimo wa lona; gore lo rue lefatshe le le molemo le, lo bo lo le tlogelele bana ba lona boswa ka bosakhutleng, morago ga lona.
9
“Wena Solomone morwaaka, o itse Modimo wa ga rraago, o o direle ka pelo e e itekanetseng, le ka mogopolo o o tletseng; gonne Jehofa o kheleisa dipelo tsotlhe, o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa megopolo; fa o mmatla, o tlaa bonwa ke wena; fa o mo tlogela o tlaa go latlha ka bosakhutleng.
10
O itise jaana; gonne Jehofa o go itshenketse go tla o agela felo ga botshepo ntlo; o thatafale, o go dire.”
11
Foo Dafite a naya Solomone morwawe sekao sa mokatako wa tempele, le sa matlo a yone, le sa mabolokelo a yone, le sa matlwana a yone a a fa godimo, le matlwana a yone a a ka kwa teng, le sa felo ga senno sa boutlwelo botlhoko;
12
le sekao sa tsotlhe tse di mo pelong ya gagwe, sa malwapa a ntlo ya ga Jehofa, le sa matlwana a a mo tikologong ya yone, sa mabolokelo a ntlo ya Modimo, le sa mabolokelo a dilo tse di tshwaetsweng Modimo;
13
le sa makoko a diphapaano tsa baperesiti le Balefi, le sa tiro yotlhe ya tirelo ya ntlo ya ga Jehofa, le sa dilwana tsotlhe tsa tirelo mo ntlong ya ga Jehofa,
14
sa gouta ka selekanyo sa bokete, sa dilwana tsa gouta, sa dilwana tsotlhe tsa tirelo nngwe le nngwe; sa selefera, sa dilwana tsotlhe tsa selefera, ka selekanyo sa bokete, sa dilwana tsotlhe tsa tirelo nngwe le nngwe;
15
sa ditlhomo tsa dipone tsa gouta, e ntse e le ka selekanyo sa bokete, le sa dilampa tsa sone, tsa gouta, sa setlhomo sengwe le sengwe sa lobone le sa dilampa tsa sone, ka selekanyo sa bokete; le sa ditlhomo tsa dipone tsa selefera, sa setlhomo sengwe le sengwe le dilampa tsa sone, selefera se ne se eme ka selekanyo sa bokete, ka fa tirong ya setlhomo sengwe le sengwe;
16
le gouta ya dimati tsa bojelo tsa tshupo ka selekanyo, ya lomati longwe le longwe; le selefera sa dimati tsa bojelo tsa selefera;
17
le dikgogetsa nama, le megotšana, le dinwelo tsa gouta e e sa pekwang; le ya megopo, ya gouta, ya mogopo mongwe le mongwe ka selekanyo sa bokete; le ga megopo ya selefera, mogopo mongwe le mongwe ka fa selekanyong sa bokete;
18
le ga sebeso sa maswalo, gouta e e itshekisitsweng ka fa selekanyong sa bokete; le gouta ya sekao sa kara, e bong ditšheruba tse di tsharolotseng diphuka, mme tsa khurumetsa letlole la kgolagano ya ga Jehofa.
19
“Gotlhe mo,” go bua Dafite, “ke go tlhaloganyeditswe ka lokwalo lo lo tswang mo seatleng sa ga Jehofa, e bong ditiro tsotlhe tsa sekao se.”
20
Dafite a raya Solomone morwawe a re: “Thatafala, o nametsege, mme o go dire; o se ka wa boifa, o se ka wa rarega; gonne Jehofa Modimo, e bong Modimo wa me, o na nao, ga o ketla o go tlhokafalela, le fa e le go go tlogela, go tsamaya tiro yotlhe ya tirelo ya ntlo ya ga Jehofa e wediwa.
21
Mme bona, go na le makoko a diphapaano tsa baperesiti le Balefi, ke ao, a tirelo yotlhe ya ntlo ya Modimo; mme go tlaa nna nao mo tirong yotlhe motho mongwe le mongwe yo o pelo e ratang, le yo o setswerere mo tirelong nngwe le nngwe, le balaodi le batho botlhe ba tlaa nna fela mo taolong ya gago.”
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29