bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 29
1 Chronicles 29
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
1
Kgosi Dafite a raya phuthego yotlhe a re: “Solomone morwaake, yo Modimo o mo itshenketseng a le esi, o sa le lekau le le nana, mme tiro yone e kgolo; gonne ntlo e ya segosi ga se ya motho, fa e se ya ga Jehofa Modimo.
2
Ke baakanyeditse ntlo ya Modimo wa me ka thata yotlhe ya me, gouta ya go dira dilo tsa gouta, selefera sa go dira dilo tsa selefera, kgotlho ya go dira dilo tsa kgotlho, tshipi ya go dira dilo tsa tshipi, dikgong tsa go dira dilo tsa dikgong; majana a šohama, majana a a tlaa tlhongwang, majana a a gomang mo dilong tse dirilweng, le a a mebala mengwe le mengwe, majana mangwe le mangwe a a tlhokegang le maje a marabele ka letlotlo.
3
Gape, e re ka ke tlhomile pelo ya me mo ntlong ya Modimo wa me, mme e re ka ke na le khumo ya gouta le ya selefera, e e leng ya me, ke e ntshetsa ntlo ya Modimo wa me, godimo ga tsotlhe tse ke di baakanyeditseng ntlo e e boitshepo,
4
e bong dikilokerama tsa gouta di le 102 000 e le gouta ya Ofire, le dikilokerama tsa selefera se se itshekisitsweng di le 238 000 go manegwa mo dimoteng tsa mantlo,
5
gouta ya go dira dilo tsa gouta, le selefera sa go dira dilo tsa selefera, le tsa tiro nngwe le nngwe e e tlaa dirwang ka diatla tsa badiri. Ke gone, go na le mang yo o ratang go itomololela Jehofa gompieno ka pelo?”
6
Foo dikgosana tsa makgotla a borraabo, le dikgosana tsa ditso tsa Iseraele, le balaodi ba dikete le ba makgolo, ba na le balaodi ba tiro ya kgosi, ba ntsha dilo ka peleego;
7
ba ntshetsa tirelo ya ntlo ya Modimo gouta e le dikilokerama di le 170 000, le dikilokerama di le 84, selefera se le ditone di ka nna 340, kgotlho e le ditone di ka nna 620, tshipi e le 3 400.
8
Batho ba majana a a tlhokegang a fitlhetsweng mo go bone, ba a tsenya mo khumong ya ntlo ya ga Jehofa e e mo seatleng sa ga Jehiele wa Mogerešone.
9
Foo batho ba itumela ka ba ntsha ka peleego, gonne ba ne ba naya Jehofa ka boitumelo ka pelo e e itekanetseng; kgosi Dafite le ene a itumela ka boitumelo jo bogolo.
10
Ke gone ka moo Dafite a baka Jehofa fa pele ga phuthego yotlhe; Dafite a re: “A go bakwe wena Jehofa Modimo wa Iseraele, rraetsho, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.
11
Bogolo ke jwa gago, Jehofa, le thata, le kgalalelo, le phenyo le borena; gonne tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Jehofa, mme o goleditswe o le tlhogo mo godimo ga tsotlhe.
12
Khumo le yone tlotlo di tswa mo go wena, o busa gotlhe fela; mo seatleng sa gago go na le nonofo le bonatla; le go godisa go mo seatleng sa gago, le go abela botlhe thata.
13
Ke gone jaana, Modimo wa rona, re a go leboga, re baka leina la gago le le galalelang.
14
“Mme nna ke mang, le batho ba me ke bomang, fa e bo ne ne fano re ntsha dilo ka pelo yotlhe ka mokgwa o o ntseng jaana? Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go wena, mme re go neile mo e leng ga gago fela.
15
Gonne re baeng fa pele ga gago, le bajaki, jaaka borraetsho botlhe ba ne ba ntse; metlha ya rona mo lefatsheng e ntse jaaka moriti fela, ga go na go nnela ruri.
16
Jehofa Modimo wa rona, bontsi jotlhe jwa dilo tse re di baakantseng go tla re go agela ntlo ya leina la gago le le itshepileng, di tswa mo seatleng sa gago, ke tsa gago tsotlhe fela.
17
Le gone, Modimo wa me, ke a itse fa o leka pelo, mme o na le kgatlhego mo thokgamong. Ka ga me, ke ntshitse dilo tse tsotlhe ka boitumelo mo thokgamong ya pelo ya me; jaana ke bonye batho ba gago ka boitumelo, ba ba fano ba tsile go go ntshetsa dilo ka peleego.
18
Jehofa Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake, le wa ga Iseraele, borraetsho, tlhomamisa se mo boikutlong jwa megopolo ya pelo ya batho ba gago, mme o ipaakanyetse pelo ya bone.
19
O neye Solomone morwaake pelo e e itekanetseng, go tshegetsa ditaolo tsa gago, le ditshupo tsa gago, le melao ya gago, le go dira dilo tsotlhe tse, le go aga ntlo ya segosi, e ke e baakanyeditseng dilo.”
20
Dafite a raya phuthego yotlhe a re: “Jaana lo bakeng Jehofa Modimo wa lona.” Phuthego yotlhe ya baka Jehofa Modimo wa borraabo, ba ikoba ditlhogo, ba obamela Jehofa, le kgosi.
21
Ba isetsa Jehofa ditlhabelo, ba ba ba isetsa Jehofa tshupelo e e fisiwang, ka moso morago ga tsatsi leo, e bong dikgomo di le 1 000, le diphelefu di le 1 000, dikwanyana di le 1 000, di na le ditshupelo tsa tsone tse di nowang, le ditlhabelo di le letlotlo tsa Baiseraele botlhe.
22
Ba ja ba nwa fa pele ga Jehofa ka tsatsi leo ka boitumelo jo bogolo. Ba dira Solomone morwa Dafite kgosi lwa bobedi, ba ba ba mo tloletsa Jehofa, gore a nne kgosana, le Satoke gore a nne moperesiti.
23
Foo Solomone a dula mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa, e le kgosi mo boemong jwa ga Dafite rraagwe, mme a tlhogonolofala, mme Baiseraele botlhe ba mo utlwa.
24
Dikgosana tsotlhe le diganka, le bone bomorwa kgosi Dafite, ba ikokobeletsa kgosi Solomone.
25
Jehofa a godisa Solomone ka mo go feteletseng, mo ponong ya Baiseraele botlhe, a baya mo go ene borena jwa segosi jo bo iseng bo ko bo bewe mo kgosing epe pele ga gagwe mo Iseraele.
26
Jaana Dafite morwa Jese o ne a busa Baiseraele botlhe.
27
Lobaka lo o ne a busitse Baiseraele ka lone e ne e le dinyaga di le 40; a busa ka dinyaga di supa mo Heberone, a busa ka dinyaga di le 33 mo Jerusalema.
28
Mme a swa a tsofetse thata, a le metlha e e tletseng, a le khumo le tlotlo; Solomone morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
29
Ditiro tsa kgosi Dafite tsa pele le tsa morago, bonang, di kwadilwe mo mafokong a ga Samuele molebi, le mo mafokong a ga Nathane moperofeti, le mo mafokong a ga Gate molebi.
30
Di na le a puso yotlhe ya gagwe, le bonatla jwa gagwe, le a metlha ya gagwe, le ya Baiseraele, le ya magosi otlhe a mafatshe.
← Chapter 28
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29