bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 19
1 Chronicles 19
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 20 →
1
Ga dirala morago ga moo, Nahaše kgosi ya bana ba Amone a swa, mme morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
2
Mme Dafite a re: “Ke tlaa itshupa fa ke le pelontle le Hanune morwa Nahaše, ka rraagwe a kile a ntshupetsa bopelonomi.” Dafite a roma batho ba ya go mo tshedisa ka ga rraagwe. Batlhanka ba ga Dafite ba fitlha mo lefatsheng la bana ba Amone kwa go Hanune, ba ya matshedisong.
3
Dikgosana tsa bana ba Amone tsa raya Hanune tsa re: “A o gopola go re Dafite o tlotla rraago, jaaka a romile batshedisi kwa go wena? A batlhanka ba gagwe ga ba tle kwa go wena go kheleisa, le go pitikolola, le go tlhola lefatshe?”
4
Jalo Hanune a tshwara batlhanka ba ga Dafite, a ba beola, a kgaola diaparo tsa bone ka bogare, e bong fa maragong a bone, mme a itse go ba naya tsela.
5
Foo ga ya bangwe ba ya go bolelela Dafite jaaka batho bao ba diretswe. Mme a roma batho ba ya go ba kgatlhantsha; gonne batho bao ba ne ba tlhajwa ke ditlhong thata. Kgosi ya re: “Namang lo sa diegile mo Jeriko go tsamaya, ditedu tsa lona di gole, foo lo tlaa itse go boa.”
6
E rile bana ba Amone ba ipona fa ba itirile ba ba ilwang mo go Dafite, Hanune le bana ba Amone ba isa dikilokerama tsa selefera di le 34 000, ba ya go thapa dikara tsa tlhabano ka tuelo le bapalami ba dipitse kwa Mesopotamia, le kwa Arame-maaka le kwa Soba.
7
Jalo ba thapa dikara di le 32 000 ka tuelo, le kgosi ya Maaka le batho ba gagwe; ba tla ba thibelela fa pele ga Meteba. Bana ba Amone ba phuthega ba tswa metseng ya bone ba tla go tlhabana.
8
E rile Dafite a go utlwela a roma Joabe, le ntwa yotlhe ya diganka.
9
Bana ba Amone ba bolola, ba aba tlhabano fa kgorong ya motse; mme dikgosi tse di tsileng di ne di le tsosi kwa nageng.
10
Jaana e rile Joabe a bona fa ntwa e mo dikile fa pele le fa morago, a itebalebela banna mo go botlhe ba ba tlhaotsweng ba Iseraele, mme a ba aba go tla ba tlhabana le Basiria.
11
Batho ba bangwe a ba tsenya mo seatleng sa ga Abišai monnawe, mme ba ikaba go tla ba tlhabana le bana ba Amone.
12
Mme a re: “Fa Basiria ba mpalela, foo o tlaa nthusa; mme fa bana ba Amone ba go palela, foo ke tlaa go thusa.
13
O nametsege, re direle batho ba rona le metse ya Modimo wa rona jaaka banna; a Jehofa a dire se o se bonang se le molemo.”
14
Joabe le batho ba o nang nabo ba atamela fa pele ga Basiria go tlhabana; mme ba tshaba fa pele ga gagwe.
15
E rile bana ba Amone ba bona fa Basiria ba tshabile, le bone ba tshaba fa pele ga Abišai monnawe, ba tsena mo motseng. Foo Joabe a tla Jerusalema.
16
E rile Basiria ba bona fa ba fenyegile fa pele ga Baiseraele, ba roma batho ba ya go ntsha Basiria ba ba kwa moseja ga Noka, ba na le Shofake molaodi wa ntwa ya ga Hataresere e le tlhogo ya bone.
17
Ga bolelelwa Dafite, mme a phutha Baiseraele botlhe, a kgabaganya Joretane, mme a ba fitlhela, a ba abela tlhabano. Jalo e rile Dafite a sena go abela Basiria tlhabano ba tlhabana nae.
18
Basiria ba tshaba fa pele ga Baiseraele; Dafite a bolaya Basiria, banna ba dikara di le 7 000, batho ba dinao ba le 40 000, mme a bolaya Shofake molaodi wa ntwa.
19
E rile batlhanka ba ga Hatatesere ba bona fa ba fenyegile fa pele ga Baiseraele, ba dira kagiso le Dafite, ba mo direla, le gone Basiria ba gana go tlhola ba thusa bana ba Amone.
← Chapter 18
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 20 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29