bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 27
1 Chronicles 27
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 28 →
1
Jaana bana ba Iseraele ka fa palong ya bone, e bong ditlhogo tsa makgotla a borara le balaodi ba makgolo a masome, le ba makgolo, le maotlana a bone, a a direlang kgosi, mo tirong nngwe le nngwe ya makoko a diphapaano tse di ne di tsena di tswa ka kgwedi le kgwedi, ka dikgwedi tsotlhe tsa ngwaga, ba phapaano nngwe le nngwe ba bo ba le 24 000.
2
Molaodi wa phapaano ya ntlha ya kgwedi ya ntlha e ne e le Jašobeame morwa Sabediele; mo lekokong la phapaano ya gagwe go ne go le batho ba le 24 000.
3
Ene e ne e le wa bana ba ga Perese, mogolo wa balaodi botlhe ba ntwa, ka kgwedi ya ntlha.
4
Tlhogo ya lekoko la phapaano ya kgwedi ya bobedi e ne e le Dotai wa Moahohe, a na le lekoko la phapaano ya gagwe; le Mikelothe e ne e le molaodi; mo lekokong la phapaano ya gagwe go le batho ba le 24 000.
5
Molaodi wa boraro wa lesomosomo wa kgwedi ya boraro, e ne e le Benaia morwa Jehoiate moperesiti, e le yo mogolo; mme mo lekokong la phapaano ya gagwe go no go le batho ba le 24 000.
6
Yo ke ene Benaia yo e ne e le seganka sa ba ba 30, le molaodi wa ba ba 30, mme Amisabate morwawe o ne a le wa lekoko la phapaano ya gagwe.
7
Molaodi wa bone wa kgwedi ya bone e ne e le Asahele monnaa Joabe, le Sebadia morwawe morago ga gagwe; mo lekokong la phapaano ya gagwe go ne go le batho ba le 24 000.
8
Molaodi wa botlhano wa kgwedi ya botlhano e ne e le Shamahuthe wa Moiserahe, mo lekokong la phapaanong ya gagwe go ne go le batho ba le 24 000.
9
Molaodi wa borataro wa kgwedi ya borataro e ne e le Ira morwa Ikeše wa Motekoa; mo lekokong la phapaano ya gagwe go le batho ba le 24 000.
10
Molaodi wa bosupa wa kgwedi ya bosupa e ne e le Helese wa Mopelone, wa bana ba Eferaime; mo lekokong la phapaano ya gagwe go le batho ba le 24 000.
11
Molaodi wa bo 8 wa kgwedi ya bo 8 e ne e le Sibekai wa Mohušatha wa Basera; mo lekokong la phapaano ya gagwe go le batho ba le 24 000.
12
Molaodi wa bo 9 wa kgwedi ya bo 9 e ne e le Abiesere wa Moanathothe wa Babenjamine; mo lekokong la phapaano ya gagwe go le batho ba le 24 000.
13
Molaodi wa lesome wa kgwedi ya lesome e ne e le Maharai wa Monetofathe wa Basere; mme mo lekokong la phapaano ya gagwe go le batho ba le 24 000.
14
Molaodi wa 11 wa kgwedi ya 11 e ne e le Benaia wa Mopirathone wa bana ba Eferaime; mo lekokong la phapaano ya gagwe go no go le batho ba le 24 000.
15
Molaodi wa 12 wa kgwedi ya 12 e ne e le Heletai wa Monetofa oo rra Otheniele; mme mo lekokong la phapaano ya gagwe go ne go le batho ba le 24 000.
16
Gape mo go laoleng ditso tsa Iseraele, mo go Barubene, Eliesere morwa Sikeri e ne e le molaodi; mo go Basimeone e ne e le Shefatia morwa Maaka;
17
mo go Balefi e ne e le Hašabia morwa Kemuele; mo go Baarone, e le Satoke;
18
mo go Bajuta e le Elihu mogoloa Dafite; mo go Baisakare, e le Omeri morwa Mikaele;
19
mo go Basebulone e le Išemaia morwa Obadia; mo go Banafetali e le Jeremothe morwa Aseriele;
20
mo baneng ba Eferaime e le Hošea morwa Asasia; mo ntlheng nngwe ya lotso lwa Manase e le Joele morwa Petaia;
21
mo ntlheng e nngwe ya lotso lwa Manase mo Gileate, e ne e le Ito morwa Sekaria; mo go Babenjamine e le Jaasiele morwa Abenere;
22
mo go Badane e ne e le Asarele morwa Jerohame. Bao e ne e le balaodi ba ditso tsa Iseraele.
23
Dafite ga a a ka a bala ba ba dinyaga di 20 fela, le fa e le bomonnaa bone; gone Jehofa a rile o tlaa ntsifatsa Baiseraele ba nna jaaka dinaledi tsa legodimo.
24
Joabe morwa Seruia a simolola go bala, mme a se ka a fetsa; gonne bogale jwa wela Baiseraele ka ntlha ya gone moo; le gone palo ga e a ka ya tsenngwa mo dikwalong tsa ditirafalo tsa kgosi Dafite.
25
Molaodi wa mabolokelo a dikhumo tsa kgosi e ne e le Asemafethe morwa Adiele, mme molaodi wa mabolokelo a a mo dinageng le mo metseng le mo metsaneng, le mo dikagong tse di thata, e le Jonathane morwa Usia.
26
Molaodi wa bone ba ba dirang tiro ya naga ya go lema lefatshe, e ne e le Eseri morwa Kelube.
27
Molaodi wa masimo a mafine e ne e le Shimei wa Moramathe, molaodi wa totafalo ya masimo a mafine e e tsenang mo mabolokelong a bojalwa jwa mofine e ne e le Sabedi wa Mošifime.
28
Molaodi wa ditlhare tsa matlhware, le ditlhare tsa masekamore, tse di mo lefatsheng la melapo, e ne e le Baale-hanane wa Mogetere; molaodi wa mabolokelo a lookwane a a kwa tlase ga matlo e ne e le Joaše.
29
Molaodi wa matlhape a a hulang mo Sharone e ne e le Shiterai wa Mošarone; molaodi wa matlhape a a mo melapong, e ne e le Shafate morwa Atelai;
30
molaodi wa dikamela e le Obile wa Moišemaile; molaodi wa diesela e le Jeheteia wa Moheronothe.
31
Molaodi wa matsomane e le Jasise wa Mohagare. Bao botlhe e ne e le balaodi ba thoto e e leng ya kgosi Dafite.
32
Gape Jonathane ngwana wa ga mogoloa Dafite e ne e le mogakolodi, motho wa tlhaloganyo le mokwadi; Jehiele morwa Hakemoni o na a nna le bomorwa kgosi.
33
Le Ahitofele e ne e le mogakolodi wa kgosi; Hušai wa Momareka e ne e le kala ya kgosi.
34
Jehoiata morwa Benaia le Abiathare ba rulagana le Ahitofele; molaodi wa ntwa ya kgosi e le Joabe.
← Chapter 26
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 28 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29