bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 17
1 Chronicles 17
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 18 →
1
Ga dirala e rile Dafite a agile mo ntlong ya gagwe, Dafite a raya Nathane moperofeti a re: “Bona, ke ntse mo ntlong ya masetara fa letlole la kgolagano ya ga Jehofa le ntse fa tlase ga dilepelelo tsa matsela fela.”
2
Nathane a raya Dafite a re: “Dira tsotlhe tse di mo pelong ya gago, gonne Modimo o na nao.”
3
Ga dirala ya re bosigo joo, lefoko la Modimo la tla kwa go Nathane, la re:
4
“Ya o reye Dafite motlhanka wa me, o re: Jehofa o bua jaana, a re: ‘Ga o ketla o nkagela ntlo ya go nna mo go yone;
5
gonne ke sa le ka ke ntsha Baiseraele mo Egepeto le gompieno ga ke ise nke ke nne mo ntlong; ke ntse ka tswa mo mogopeng mongwe ka ya mo mogopeng o mongwe, le mo motlaaganeng mongwe ka ya mo go o mongwe.
6
Mo mafelong otlhe a ke ntseng ka tsamaya le Baiseraele botlhe gone, a nkile ka bua lefoko le baatlhodi bangwe ba Iseraele, ba ke ba laotseng gore ba otle batho ba me, a nkile ka re: Ana ke ka ntlha yang fa lo sa nkagela ntlo ya masetara?’
7
“Jaana o tlaa raya motlhanka wa me Dafite, o re: Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Ka go tsaya kwa lesakaneng la dinku, mo go saleng dinku morago, gore o nne kgosana ya batho ba me Baiseraele.
8
Ke ntse ke na nao kwa le kwa o ntseng wa ya gone, ke kgaotse baba botlhe ba gago fa pele ga gago; mme ke tlaa go direla leina le le tshwanang le leina la bagodi ba ba mo lefatsheng.
9
Ke tlaa laolela batho ba me Baiseraele felo, mme ke tlaa ba tlhoma, gore ba age mo felong ga bone, ba sa tlhole ba hudusiwa; le gone bana ba boikepo ga ba ketla ba tlhola ba ba kgakgabatsa jaaka pele;
10
le jaaka go simolola ka tsatsi le ke laoletseng Baiseraele, batho ba me, baatlhodi ka lone; ke tlaa kokobetsa baba botlhe ba gago. Gape ke go bolelela fa Jehofa a tlaa go agela motse.
11
Go tlaa dirala, go re e tlaa re motlha wa gago o fitlhile wa go ya go nna le borraago, ke tlaa emisa losika lwa gago morago ga gago, lo e tlaa nnang lwa bomorwao; mme ke tlaa tlhomamisa bogosi jwa gagwe.
12
Ene o tlaa nkagela ntlo, mme ke tlaa tlhomamisa setulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng.
13
Ke tlaa nna rraagwe, ene o tlaa nna morwaake; ga nketla ke mo tlosetsa boutlwelo botlhoko jwa me, jaaka ke bo tloseditse ene yo o ne a le pele ga gago.
14
Mme ke tlaa mo ritibatsa mo ntlong ya me, le mo bogosing jwa me ka bosakhutleng; mme setilo sa bogosi sa gagwe se tlaa tlhomama ka bosakhutleng.’ ”
15
Nathane a bua le Dafite jalo, ka fa mafokong a otlhe, le ka fa ponatshegelong e yotlhe fela.
16
Foo kgosi Dafite a tsena, a dula fa pele ga Jehofa, a re: “Ke a bo ke le mang, Modimo, le ntlo ya me ke eng, fa e bo ne ne o ntsamaisitse ka tla fa?
17
Seo, e ne e le se sebotlana mo matlhong a gago Modimo; o buile ka ga ntlo ya motlhanka wa gago ka ga lobaka lo loleele lo lo tlang, o nkaile ka boemo jwa motho yo motona, e le wena, Jehofa Modimo.
18
Ana Dafite o ka fela a go raya a reng ka ga tlotlo e e direlwang motlhanka wa gago? Gonne o a mo itse motlhanka wa gago.
19
Jehofa, o dirile bogolo jotlhe jo, ka ntlha ya motlhanka wa gago, e le ka fa pelong ya gago, go tla o itsise batho dilo tse dikgolo tsotlhe tse.
20
Jehofa, ga go na ope yo o tshwanang nao, le gone ga go na Modimo ope kwa ntle ga gago, ka fa go tsotlhe tse re di utlwileng ka ditsebe tsa rona.
21
Go na le morafe ofe mo lefatsheng o o tshwanang le batho ba gago Iseraele, ba Modimo o ne wa ya go ba ithekololela, gore ba nne sešaba, go tla o itirela leina ka dilo tse dikgolo le tse di boitshegang, ka go leleka merafe fa pele ga batho ba gago, ba o ne wa ba rekolola kwa Egepeto?
22
Gonne batho ba gago Baiseraele o ne wa ba dira batho ba gago ka bosakhutleng; wena Jehofa o tsile wa nna Modimo wa bone.
23
“Jaana Jehofa, a lefoko le o le buileng ka ga motlhanka wa gago, le ka ga ntlo ya gagwe, le tlhomamisiwe ka bosakhutleng, mme o dire jaaka o buile.
24
A leina la gago le tlhomamisiwe, le godisiwe ka bosakhutleng, go re: Jehofa wa masomosomo ke Modimo wa Iseraele, Modimo mo go Iseraele ruri, le gore ntlo ya ga Dafite motlhanka wa gago e tlhomame fa pele ga gago.
25
Gonne wena Modimo wa me, o senoletse motlhanka wa gago go re o tlaa mo agela motse; ke gone ka moo motlhanka wa gago o ikutlwile mo pelong ya gagwe go rata go rapela fa pele ga gago.
26
Jaana Jehofa, o Modimo, o solofeditse motlhanka wa gago selo se:
27
Jaana go go kgatlhile go segofatsa ntlo ya motlhanka wa gago, gore e tlhomame ka bosakhutleng fa pele ga gago, gonne wena, Jehofa, o segofaditse, mme e segofetse ka bosakhutleng.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29