bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 18
1 Chronicles 18
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 19 →
1
Morago ga moo ga dirala, go re Dafite a kgemetha Bafilisitia, a ba kokobetsa, a gapa Gathe le metse ya gone mo seatleng sa Bafilisitia.
2
A kgemetha Bamoabe, mme Bamoabe ba nna batlhanka ba ga Dafite, mme ba lere dineo.
3
Dafite a kgemetha Hatatesere kgosi ya Soba a ya Hamathe a ya go tlhoma bogosi jwa gagwe kwa nokeng ya Euferatese.
4
Dafite a mo gapela dikara tsa tlhabano di le 1 000, bapalami ba dipitse ba le 7 000 le batho ba dinao ba le 20 000 mme dipitse tsotlhe tsa dikara Dafite a di kgaola mesifa, a sia tsa dikara di le 100.
5
E rile Basiria ba Damaseko ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Dafite a kgemetha Basiria banna ba le 22 000.
6
Foo Dafite a tlhoma ditlhopha tsa masole mo Siria wa Damaseko; mme Basiria ba nna batlhanka ba ga Dafite, mme ba lere dineo. Jehofa a naya Dafite phenyo kwa le kwa o ne a ya gone.
7
Dafite a gapa dithebe tsa gouta tse di mo batlhankeng ba ga Hatatesere, a di isa Jerusalema.
8
Mo Tibehathe le mo Kune, metse ya ga Hatatesere, Dafite a tsaya kgotlho e le kgolo thata, e Solomone o tlogileng a dira ka yone lewatle la kgotlho le maotwana le dilwana tsa kgotlho.
9
E rile Tou kgosi ya Hamathe a utlwa fa Dafite a kgemethile ntwa yotlhe ya ga Hatatesere kgosi ya Soba,
10
a roma Hatorame morwawe kwa go kgosi Dafite, a ya go mo dumedisa, le go mo segofatsa, ka a tlhabanye le Hatatesere mme a mo kgemethile; gonne Hatatesere o ne a ntse a tlhabana le Tou; o ne a tshotse dilwana dingwe le dingwe tsa gouta le tsa selefera le tsa kgotlho.
11
Tseo le tsone kgosi Dafite a di tshwaela Jehofa, le selefera le gouta tse o di tsereng mo merafeng yotlhe; mo go Baetome, le mo go Bamoabe, le mo baneng ba Amone, le mo go Bafilisitia, le mo go Baamaleke.
12
Gape Abišai morwa Seruia a kgemetha Baetome ba le 18 000 mo Molapong wa Letswai.
13
Mme a baya ditlhopha tsa masole mo Etome; Baetome botlhe ba nna batlhanka ba ga Dafite. Mme Jehofa a naya Dafite phenyo kwa le kwa o ne a ya gone.
14
Dafite a busa Baiseraele botlhe; a direla batho botlhe ba gagwe katlholo le tshiamiso.
15
Le Joabe morwa Seruia e ne e le molaodi wa ntwa; le Jehošafate morwa Ahilute e le mokwadi wa ditirafalo.
16
Le Satoke morwa Ahitube, le Abimeleke morwa Abiathare e le baperesiti; le Shafeše e ne e le mokwaledi;
17
le Benaia morwa Jehoiate e e ne e le molaodi wa Bakerethe le Bapelethe; bomorwa Dafite e le bone bagolo tikologong ya kgosi.
← Chapter 17
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 19 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29