bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 15
1 Chronicles 15
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 16 →
1
Dafite a itirela mantlo mo motseng wa ga Dafite; a baakanyetsa letlole la Modimo felo, mme a le tlhomela mogope.
2
Foo Dafite a re: “Letlole la Modimo ga le a tshwanela go rwalwa ke ope fa e se ke Balefi fela, gonne ke bone ba Jehofa o ba itshenketseng go tla ba rwala letlole la Modimo, le go mo direla ka bosakhutleng.”
3
Mme Dafite a phuthela Baiseraele botlhe kwa Jerusalema, gore go leriwe letlole la ga Jehofa mo felong ga lone, fa o ne a go le baakanyeditse.
4
Dafite a phutha bomorwa Arone, le Balefi.
5
Ba bomorwa Kohathe: Uriele e le yo mogolo, le bana ba ga rraagwe ba le 120;
6
ba bomorwa Merari: Asaia e le yo mogolo, le bana ba ga rraagwe ba le 220;
7
ba bomorwa Gerešome: Joele e le yo mogolo le bana ba ga rraagwe ba le 130;
8
ba bomorwa Elisafane; Shemaia e le yo mogolo, le bana ba ga rraagwe, ba le 200;
9
ba bomorwa Heberone: Eliele e le yo mogolo, le bana ba ga rraagwe, ba le 80;
10
ba bomorwa Usiele: Aminatabe a le yo mogolo, le bana ba ga rraagwe, ba le 112.
11
Dafite a bitsa baperesiti Satoke le Abiathare, le Balefi, e bong Uriele, le Asaia le Joele, Shemaia, Eliele le Aminatabe.
12
Mme a ba raya a re: “Ke lona ditlhogo tsa matlo a borara ba Balefi; iitshepiseng lona le bana ba rraa lona gore lo tle lo ise letlole la ga Jehofa Modimo wa Iseraele, kwa felong fa ke go le baakanyeditseng.
13
Gonne e re ka lo se ka lwa le rwala pele, Jehofa Modimo wa rona o ne a re phomegelela, gonne ga re a ka ra mmatla ka fa molaong.”
14
Jalo baperesiti le Balefi ba iitshepisa go tla ba isa letlole la ga Jehofa Modimo wa Iseraele.
15
Mme bana ba Balefi ba sikara letlole la Modimo mo maruding a bone, disikaro di le mo go lone, jaaka Moše a laotse ka fa lefokong la ga Jehofa.
16
Dafite a bua le bagolo ba Balefi, gore ba tlhome bana ba ga rraabo go nna baopedi, ba na le diletso tsa kopelo, disaletere, le diharepe le disemebala, ba dira modumo o mogolo, gore ba tsholetse mantswe ka boitumelo.
17
Jalo Balefi ba tlhoma Hemane morwa Joele; le ba bana ba ga rraagwe, Asafe morwa Berekia; le ba bomorwa Merari bana ba ga rraabo, ba tlhoma Ethane morwa Kušaia;
18
ba tlhoma nabo bomorwa rraabone ba thulagano ya bobedi, e bong Sekaria, Bene, le Jaasiele, le Shemi-ramothe, le Jehiele, le Uni, le Eliabe, le Benaia, le Maaseia, le Matithia, le Elifelehu, le Mikeneia, le Obete-etome le Jeiele, balebedi ba mejako.
19
Jalo baopedi, Hemane le Asafe le Ethane ba tlhongwa, ba na le disemebala tsa kgotlho tsa go dira modumo o mogolo;
20
le Sekaria, le Asiele, le Shemi-ramothe, le Jehiele, le Uni, le Eliabe, le Maaseia le Benaia, ba na le disaletere tse di laeletsweng Alamothe; (ke gore Basetsana);
21
le Matithia, Elifelehu, le Mikeneia, le Obete-etome, le Jeiele le Asasia, ba na le diharepe tse di laeletsweng Sheminithe, (ekete ke gore, Mantswe a banna) go tla ba tlhabeletsa.
22
Kenania, mogolo wa Balefi, o ne a laola kopelo, a ba ruta ka ga kopelo ka a le setswerere.
23
Berekia le Elekana ya bo e le balebedi ba mojako ba letlole.
24
Shebania le Jošafate, le Nathanele, le Amasai, le Sekaria, le Benaia le Eliesere e le baperesiti, ba letsa dinaka fa pele ga letlole la Modimo. Obete-etome le Jehia e ne e le balebedi ba mojako ba letlole.
25
Jalo Dafite le bagolwane ba Iseraele, le balaodi ba dikete, ba ya go ntsha letlole la kgolagano ya ga Jehofa kwa ntlong ya ga Obete-etome ka boitumelo.
26
Ga dirala, ya re Modimo o thusa Balefi ba ba rweleng letlole la kgolagano ya ga Jehofa, ba isa ditlhabelo, e bong dikgomo di supa le diphelefu di supa.
27
Dafite o ne a apere kobo ya leloba le le boleta, le Balefi botlhe ba ba rweleng letlole, le baopedi, le Kenania mong wa kopelo a bile a na le baopedi; Dafite a apere sekhutlana sa leloba.
28
Jalo Baiseraele botlhe ba tsaya letlole la kgolagano ya ga Jehofa ka go thela lošalaba, le ka modumo wa lofare, le ka dinaka le disemebala, ba tsosa modumo o mogolo ka disaletere le diharepe.
29
Ga dirala ya re letlole la kgolagano ya ga Jehofa le tla mo motseng wa ga Dafite, Mikale morwadia Saule a bo a lebile ka fensetere, a bona kgosi Dafite a bina a letsa, mme a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29