bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
1 Chronicles 14
1 Chronicles 14
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 15 →
1
Hirame kgosi ya Ture a roma batho kwa go Dafite ba na le ditlhare tsa masetara le baagi le babetli ba dikgong, ba tla go mo agela ntlo.
2
Dafite a lemoga fa Jehofa a mo tlhomamisitse kgosi ya Iseraele, gonne bogosi jwa gagwe bo no bo goleditswe godimo, ka ntlha ya batho ba gagwe Baiseraele.
3
Dafite a fela a tsaya basadi ba bangwe mo Jerusalema, Dafite a fela a tshola bana ba basimane le ba basetsana.
4
A ke maina a bana ba o ba bonyeng mo Jerusaleme: Shamue, Shobabe, Nathane le Solomone;
5
le Ibehare le Elišua le Elepelete;
6
le Noga le Nefege le Jafie,
7
le Elišame le Beeliate le Elifelete.
8
E rile Bafilisitia ba utlwa fa Dafite a tloditswe, gore a nne kgosi ya Baiseraele botlhe fela, Bafilisitia botlhe ba ya go senka Dafite; mme Dafite a go utlwela, mme a ba bololela.
9
Jaana Bafilisitia ba ne ba tsile bonokwane mo molapong wa Refaime.
10
Dafite a botsa mo Modimong, a re: “A ke ke bololele Bafilisitia? Mme a o tlaa ba ntsenya mo seatleng?” Jehofa a mo raya a re: “Bolola; gonne ke tlaa ba go tsenya mo seatleng.”
11
Jalo ba tlhatlogela kwa Baale-perasime, Dafite a ba kgemetha gone; mme Dafite a re: “Modimo o thubakile baba ba me ka letsogo la me, jaaka go thobega ga metsi.” Ke gone ka moo ba reileng felo foo leina ba re, Baale-perasime.
12
Mme ba tlogela medimo ya bone gone, mme Dafite a laola gore e fisiwe ka molelo.
13
Bafilisitia ba tla ka bonokwane gape mo molapong.
14
Dafite a botsa mo Modimong gape; mme Modimo wa mo raya wa re: “O se ka wa ba sala morago; ba fapoge, o itse go ba wela bolebagana le ditlhare tsa malubere.
15
Go tlaa dirala go re fa o utlwa ekete modumo wa ba ba tsamaelang gongwe mo dikaleng tsa ditlhare tsa malubere, foo o tswele go tlhabana; gonne Modimo o ile kwa pele ga gago go ya go kgemetha ntwa ya Bafilisitia.”
16
Mme Dafite a dira jaaka Modimo o mo laotse, mme ba kgemetha ntwa ya Bafilisitia go tswa Gibeone go ya fela kwa Gesere.
17
Tumedi ya ga Dafite ya tswela kwa mafatsheng otlhe; mme Jehofa a tsenya poifo ya gagwe mo merafeng yotlhe fela.
← Chapter 13
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 15 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29