bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 13
Job 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 14 →
1
“Ruri, tsotlhe tseo matlho a me a di bonye, ditsebe tsa me tsa di utlwa, tsa di tlhaloganya.
2
Le nna ke di itse jaaka lona, mme ga lo mphale.
3
Mme nna ke rata go bua le Mong-wa-thata-yotlhe; ke eletsa go sekisanya le Modimo.
4
Lona lo babipi ba maaka, lotlhe lo dingaka tse e seng tsona.
5
Ao! Fa lo ka bo lo didimala, lo ka bo lo kaiwa batlhalefi.
6
Utlwang tlhe boikarabelo jwa me, lo tlhokomele go itwela ga molomo wa me.
7
A lo a re, lo direla Modimo ka go bua tse di sokameng? A lo o emela ka go bua tsa tsietso?
8
Gongwe a lo goga le ona? Kampo a lo a re, lo lwela Modimo?
9
A lo tla tswa sentle, fa o lo sekisa? A lo a re, lo ka o tsietsa jaaka go tsiediwa motho?
10
Nnyaya! O tla lo otla ruri, fa lo gobelelela mongwe mo sephiring.
11
Bogolo jwa ona a ga bo kitla bo lo wela? Poitshego ya ona a ga e kitla e lo tshosa?
12
Tse lo di nkgakololang ke diane tsa molora; mabaka a lona ke mabaka a letsopa fela.
13
Didimalang, lo nte ke bue, le fa ke dirafalelwa ke eng!
14
Ke leka go ipoloka ka go itsenya mo kotsing.
15
Bonang, o ka mpolaya, ga ke na tsholofelo; fela ditsela tsa me ke tla di ikarabela fa pele ga ona.
16
Le gona moo e tla nna pholoso ya me; gonne molotsana ga a tle fa pele ga ona.
17
Utlwang mafoko a me sentle, a tlhaloso ya me e lo tsene ditsebeng!
18
Bonang tlhe, ke rulagantse mafoko a tsheko; ke a itse, fa ke tla tswa ke se na molato.
19
Ke mang yo o ka mponang molato? Gonne fa a ka nna teng, ke tla didimala, ke swa.
20
Fela dilo di le pedi se di ntirele; foo ga nkitla ke iphitlha fa pele ga gago:
21
Ka re: A seatla sa gago se se ka sa nkimela! A theregiso ya gago e se ka ya ntshosa!
22
Ke gona o ka ntshekisang, ke tla araba; gongwe ke tla bua, mme o mphetole!
23
Ke na le ditshiamololo le dibe di le kae? Nkitsise tlolo ya me le boleo jwa me!
24
O fitlhelang sefatlhego sa gago? O nkaya mmaba wa gago ka lebaka la eng?
25
A o a re, o tshosa letlhare le le fokwang ke phefo? A o latelela dirite tse di omeletseng?
26
Mo o mpolaisang tse di galakang, o nthwesa dibe tsa bokau jwa me;
27
mo dinao tsa me o di bofelelang mo koteng, o tlhola tsela tsotlhe tsa me; mo o nthalelang mothalo mo tikologong ya pato tsa dinao tsa me
28
ke le yo o nyelelang jaaka tse di bodileng le jaaka seaparo se se jewang ke motoutwana.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42