bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 24
Job 24
Tswana Setswana 1970
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 25 →
1
“Ke ka ntlha ya eng, fa Mong-wa-thata-yotlhe a itse dipaka tsa go otla, mme ba ba mo itseng ba sa bone malatsi a gagwe a tshekiso?
2
Ba ba bosula ba sutisa melelwane, ba utswa letsomane ba a le fudisa.
3
Esele ya masiela ba a e gapa, kgomo ya motlholagadi ba e tsaya go nna peeletso.
4
Ba leleka bahumanegi mo tseleng; ba ba tshwereng bothata mo lefatsheng ba phela ka go iphitlha.
5
Ke bao, ba tswela kwa tirong ya bone jaaka diesele tsa nageng, ba ya go sela tse di jewang mo nageng, ba batlela bana dijo.
6
Ba kotula mabele a gagwe mo tshimong; ba ronopa tshimo ya moweine ya moikepi.
7
Ba lala ba sa ikatega ba se na diaparo; le gona ga ba na kobo, le fa go le maruru.
8
Ba koloba ka dipula tsa dithaba, mme ka ba se na botshabelo, ba ipatika fa thoko ga mafika.
9
Ba kgomodisa lesiela letsele la mmaalo; ba tsaya lesea la mmogisegi go nna peeletso.
10
Babogisegi bao ba tsamaya ba sa ikatega ba se na diaparo; ba na le go rwala dingata ba ntse ba tshwerwe ke tlala.
11
Ba tlhotlha lookwane mo gare ga dithako tsa bone ba ba bosula bao; ba gata segatelo sa weine ba ntse ba nyorilwe.
12
Go fegelwa ga ba ba swang go utlwala mo motseng; ba ba phololeditsweng ba goela thuso! Mme Modimo ga o tlhokomele tshiamololo.
13
Bone ba ba bosula bao ba tshaba lesedi; ga ba itse ditsela tsa lone; ga ba phele mo ditselaneng tsa lone.
14
Mmolai o tsoga pele ga masa, o bolaya mmogisegi le mohumanegi, mme o tshwana le legodu bosigo.
15
Leitlho la mosenya-nyalo le letela lotlatlana, a re: ‘Ga go na leitlho le le tla mponang;’ a ipipe sefatlhego ka lesela.
16
Legodu le thuba matlo mo fifing le tsene; motshegare ba a itswalela. Lesedi ga ba le tlhaloganye.
17
Gonne botlhe bao lefifi le lentsho ba le kaya moso; gonne ba tlwaetse dipoitshego tsa lefifi le le kwenneng.
18
A moikepi a fele ka pele jaaka selo fa se tsewa ke metsi! A tshimo ya gagwe e rogakwe mo lefatsheng! A a se ka a tlhola a ya kwa masimong a moweine!
19
A komelelo le bolelo di tlose metsi a semathana! A felo ga baswi go metse ba ba leofileng.
20
A mmaagwe moikepi a mo lebale! A a natefele diboko! A a se ka a tlhola a gopolwa ke ope! A tshiamololo e robiwe jaaka logong!
21
Ke raya yo o neng a direla mosadi wa moopa bosula, a sa direle motlholagadi molemo.
22
Mme Modimo o naya beng ba thata bophelo jo boleele ka thata ya ona; le yo o neng a tlhobogile bophelo jwa gagwe o tsoga gape.
23
Modimo o mo neela thagamo, a ba a ikaege ka yona; mme matlho a ona a tlhokomela ditsela tsa beng ba thata.
24
Ba gola ba tumile, ba tlhokafala ka sebakanyana; ba namalala, ba swa jaaka botlhe, jaaka diako di kgaolwa.
25
A ga go a nna jalo? Ke mang yo o ka reng, ke buile maaka? Ke mang yo o ka nyatsang mafoko a me a re, ga se a sepe?”
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42