bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 40
Job 40
Tswana Setswana 1970
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 41 →
1
Morena a araba Jobe a re:
2
“A mongongoregi o rata go lwa le Mong-wa-thata-yotlhe? Yo o sekang le Modimo a a fetole!”
3
Ke fa Jobe a araba Morena a re:
4
“Bona, ga ke lekane. Nka go araba ka reng? Ke itshwara molomo.
5
Ke buile gangwe, ga nkitla ke boelela; ee, gabedi, mme ga nkitla ke araba gape.”
6
Morena a ba a fetola Jobe, a le mo ledimong, a re:
7
“A ko o itlame letheka jaaka monna! Ke tla go botsa, o nthute!
8
A tota o a re o roba tshiamo ya me? A o a re o mpona molato gore o nne yo o siameng?
9
A o na le letsogo le le kana ka la Modimo? A o ka dumisa maru ka lentswe jaaka ona?
10
A ko o ikgabise ka borena le bogolo; o ikapese ka phatsimo le kgalalelo!
11
Gorometsa dikgakalo tsa bogale jwa gago, o bone mongwe le mongwe yo o ikgodisang, o mo kokobetse.
12
Leba botlhe ba ba ikgodisang o ba inamise; o gatake baikepi fa ba leng teng!
13
Botlhe o ba fitlhe mo leroleng; difatlhego tsa bone o di ise kwa di sa tlholeng di ka bonwa.
14
Foo le nna ke tla go boka ke re: ‘Letsogo le le jang la gago le go thusitse.’
15
A ko o bone kubu e ke e dirileng jaaka le wena ke go dirile! E fula bojang jaaka kgomo.
16
A ko o bone, thata ya yona e mo lethekeng; nonofo ya yona e mo mesifeng ya mpa.
17
E tlhamalatsa mogatla wa yona jaaka kota ya mosetere; mesifa ya dirope tsa yona e raraanye.
18
Marapo a yona a tshwana le kgotlho e e logapa; dikgopo tsa yona di ntse jaaka tshipi.
19
Yona ke moetapele wa ditsela tsa Modimo; yo o e dirileng o e file tšhaka ya yona.
20
Ee, dithaba di e ntshetsa dijo; diphologolo tsotlhe tsa naga di tshameka teng.
21
E a tle e bothe fa tlase ga ditlhare le mo maiphitlhong a motlhaka le loraga.
22
Ditlhare di e okame ka meriti, megokare ya noka e e dikanyetse.
23
Bona, le fa noka e ka tlala, ga e tshabe; e ntse e iketlile, le fa noka e e kana ka Joretane e ka tshologela mo leganong la yona.
24
Ke mang yo o ka e tshwarang e ntse e mo lebile, a e phunye nko ka lomapo?
← Chapter 39
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 41 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42