bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 34
Job 34
Tswana Setswana 1970
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 35 →
1
Elihu a simolola gape go bua a re:
2
“Utlwang mafoko a me, lona batlhalefi! Ntshekegeleng ditsebe ba lo nang le kitso!
3
Gonne tsebe e tlhatlhoba mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo.
4
A re itlhopheleng tse di siameng, re gakololane tse di molemo.
5
Gonne Jobe a re: ‘Ke siame, mme Modimo o nkamogile tse di ntshwanetseng.
6
Le fa ke siame, ke tshwanetse go nna moaki. Ntho ya me ya motsu ke e e sa foleng, le fa ke se na molato.’
7
Monna yo o tshwanang le Jobe o kae yo o nwang dikgalo jaaka metsi,
8
yo o tsalanang le badiradibe, a goga le banna ba boikepo?
9
Gonne o rile: ‘Ga go thuse motho sepe, fa a rata Modimo.’
10
Ka moo, ntheetseng, lona banna ba botlhale! Modimo o kgakala le bokgopo; Mong-wa-thata-yotlhe o kgakala le tshiamololo.
11
Nnyaya, o tla duela motho ka fa tirong ya gagwe; o tla dirafaletsa mongwe le mongwe tse di lebanyeng tsamao ya gagwe.
12
Nnyaya, ruri, Modimo ga o dire tshiamololo. Mong-wa-thata-yotlhe ga a sokamise tshiamo.
13
Ke mang yo o mo neetseng go laola lefatshe; le tikologo yotlhe ya lone, ke mang yo o e theileng?
14
Fa Modimo o ka itlhokomela fela, fa o ka busetsa Mowa wa ona le pudulo ya ona kwa go ona,
15
foo nama yotlhe e tla swa ka nako e le nngwe fela; motho o tla boela leroleng.
16
Fa o na le tlhaloganyo, nkutlwelele, o sekegele lentswe la mafoko a me tsebe.
17
Kana yo o tlhoileng tshiamo o ka busa jang? Gongwe yo o tshiamo le thata, a wena o ka mmona molato?
18
Ene yo o ka rayang kgosi a re: ‘Ga o wa sepe,’ le dikgosana a re: ‘Lo baikepi!’
19
Ene yo o sa gobeleleleng batlotlegi, yo o sa tlhokomeleng mohumi bogolo go yo e leng motho fela; gonne bone botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe.
20
Ba swa ka tshoganyetso gare ga bosigo; morafe o rerege o nyelele; yo o thata a tlosiwe e se ka seatla.
21
Gonne matlho a ona a lebile ditsela tsa motho; o bona dikgato tsotlhe tsa gagwe.
22
Ga go na lefifi le e seng bontsho jo bo kwenneng kwa badiradibe ba ka iphitlhang teng.
23
Gonne Modimo ga o tlhole o sekaseka molato wa motho, fa a ya kwa go ona mo tshekong.
24
O pšhwetlakanya ba ba thata kwa ntle ga tsheko; o emisa ba bangwe mo boemong jwa bone.
25
Ke ka moo ke reng: O itse ditiro tsa bone; o ba ribegetsa bosigo, mme ba silakanngwe.
26
Ka e le baikepi o ba otla mo felong fa go bonang botlhe.
27
Ke ka gonne ba ikepile mo go ona; mme ba se ka ba tlhokomela ditsela dipe tsa ona;
28
e le go fitlhisa selelo sa yo mmotlana kwa go ona gore ona o utlwe go goa ga ba ba bogisegang.
29
Jaanong fa ona o ikhutsisa batho, ke mang yo o ka o bonang molato? Fa o fitlha sefatlhego, ke mang yo o ka o bonang? Gonne o okametse setšhaba le batho botlhe
30
gore go se ka ga busa motho yo o pelompe yo o isang morafe mo tatlhegong.
31
Jaanong fa motho a ka raya Modimo a re: ‘Ke ikgodisitse, ga nkitla ke senya gape;
32
ke bona jalo, nthute; fa ke dirile ka tshiamololo ke tla baka.’
33
A ò a re, ona o busolose ka fa go ratang wena? Kana o nyaditse ditsela tsa ona. Ke wena o tshwanetseng go bolela tse di phalang tsa ona, e seng nna. Bolela tse o di itseng!
34
Banna ba ba nang le tlhaloganyo le batlhalefi ba ba ntheetsang ba tla nthaya ba re:
35
‘Jobe o buile a se na kitso; mafoko a gagwe ga a na botlhale.’
36
Ao! A Jobe a nne a lekwe go ya go ile ka a fetola jaaka batho ba ba bosula.
37
Gonne o oketsa boleo jwa gagwe ka boikepo, o sotla mo gare ga rona; o ntsifatsa mafoko a gagwe a a ganetsang Modimo.”
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 35 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42