bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Job 28
Job 28
Tswana Setswana 1970
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 29 →
1
“Kana go na le felo kwa selefera e bonwang teng; gouta e na le felo fa e tlhatswiwang gona.
2
Tshipi e ntshiwa mo mmung; kgotlho e gakolosiwa e tswa mo mafikeng.
3
Batho ba fedisa lefifi, mo ntlheng tsotlhe ba fukutsa mafika a a mo bontshong le mo lefifing le legolo.
4
Ba epa moepo, ba tloga mo go ba ba agileng mo lefatsheng; ba lebalwa ba le kgakala le kwa dinao di gatang teng, ba lepeletse ba le kgakala le batho, ba akgaakgegela kwa le kwa.
5
Lefatshe le dijo di tswang mo go lone ka kwa tlase ga lone go epololwa ka molelo.
6
Matlapa a lone ke lone legae la safire; le dithole tsa gouta di teng gona moo.
7
Lenong ga le itse tselana ya teng; leitlho la segodi ga le a e bona.
8
Dibata tse di kokorogang ga di ise di e gate; le tau ga e ise e tsamae mo go yona.
9
Mme motho o isa seatla kwa mafikeng a legakwa; a epolola dithaba ka kwa meding.
10
O phunya ditsela mo teng ga mafika; leitlho la gagwe le bona tse di tlhwatlhwa e kgolo tsa mefutafuta.
11
O thiba dikelelo tsa metsi kwa tlase gore di se ka tsa rotha; tse di fitlhegileng o di ntshetsa kwa leseding.
12
Mme botlhale jona bo bonwa kae? Felo ga tlhaloganyo ke kwa kae?
13
Motho ga a itse tlhwatlhwa ya jona; ga bo bonwe mo lefatsheng la ba ba phelang.
14
Bodiba bo a re: ‘Ga bo yo mo go nna!’ Lewatle le a re: ‘Ga ke na najo!’
15
Ga bo rekwe ka gouta e e itshekileng; ga bo lekanyediwe selefera go nna tlhwatlhwa ya jona.
16
Gouta ya Ofire le yona ga e bo lekane, le fa e le šohama e e tlhwatlhwa e kgolo gongwe safire.
17
Gouta le galase ga di tshwane najo; ga bo ananngwe ka dijana tsa gouta.
18
Dikorala le legakwa ga di umakiwe; go nna botlhale go gaisa ditalama.
19
Le topase ya Ethiopia ga e tshwane najo; gouta e ntlentle ga e bo lekane.
20
Jaanong ge, bo tswa kae botlhale? Tlhaloganyo e agile kae?
21
Bo fitlhegetse matlho a tsotlhe tse di phelang; le dinonyane tsa loapi bo di subegetse.
22
Felo ga tatlhego le loso tsa re: ‘Re utlwile magatwe a jona fela ka ditsebe tsa rona.’
23
Tsela e e yang kwa go jona Modimo o e lemogile; ona o itse felo ga jona.
24
Gonne o bona go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe; o leba tsotlhe tse di fa tlase ga legodimo.
25
E rile o direla phefo thata, o lekanya metsi ka seelo;
26
ya re o baya molao wa pula, o direla logadima tsela:
27
wa bo bona, wa bo rulaganya, wa bo emisa, wa bo tlhotlhomisa.
28
Mme wa raya motho wa re: ‘Bona, go boifa Morena ke botlhale le go tlogela bosula ke tlhaloganyo.’ ”
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 29 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42